Mankge wa mosalaesi

Source : Kutlwano

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Tota fa nne e rile mmaagwe le rraagwe ba mo amogela ba mo  taya leina Otshidile kana Mosalagae, motho o ne a ka re le ile mareelelong. Mankge Mankge, yo o dingwaga di lekgolo le bobedi ke ene a setseng mo gae a le esi a tuketsa molelo ka jaana barwa rraagwe botlhe ba le barataro ba sale ba iponetse boago jwa sennela ruri kwa legodimong.

Ee! Tshelo jo, o bo akotse, ka ke ba ba ka tlalang seatla ba ba potang molelwane wa lekgolo ka kwa, le dipalopalo tsa batho monogae di supa fa selekanyo sa dingwaga tse motho a ka di tshelang di abelelwa fa go masome a m

atlhano le botlhano. “Phefo, leitlho le, le botlhoko le batla lona dingaka go thothetsa melemo,” go bua Mankge yo motlogolo wa gagwe John Kunene a mo tshegetsang gore a tswele fa ntle go buisana le Kutlwano. E re ntswa letlhogoputswa  le lela ka leitlho, pono ga e ise e le latlhegele ka mogoma a lemoga mebala ya diaparo motlhofo. Nyaya! fa o ka re o a mo seba o tsile go lala o opilwe ke motho ka thobane ka a utlwa go feta le one morubisi tota.

E re ntswa bangwe ba dumela gore motho o ka tshela ka lobaka fa a ja dijo tse di nang le dikotla, go itshidila mmele le tse dingwe fela jalo, nyaya! eseng Mankge. Tse ke dipolelo fela! Jwa gagwe botshelo bo ne bo se boreledi, ka nako nngwe o ne a iphitlhela a fetogile selalelo sa dinta.Mo nakong eno, mosimane yo wa kwa Gabane o nna kwa Mochudi le setlogolo sa gagwe e bile e le ene motlhokomedi wa gagwe, Kunene yo o dirang e le kgosana kwa Gabane.

Ka botsofe le jone ka iketlo ka iketlo bo itseela maatla, Mankge o ne a iketlile mo setilong se se matobetobe a bapisitse thobane ya gagwe. Ka tsatsi leo, motho o ne a ka re Mankge o fetogile ngwana ka jaana ditlogolo tsa gagwe tse di neng di tsile go baakanyetsa kemo di ne di tsile. Ditlhako a rweswa, fa yo mongwe a mmotsa gore a a mo sugasugele kuane ya gagwe, yo mongwe ene a bo a mo diretse dijo tsa moso.

“Lwa re lo batla eng? Lo seka lwa bo lwa ntshega,” ya bo e le gone jaaka monnamogolo yo o tletseng dinyao a simolodisang puisano ya loeto lwa botshelo jwa gagwe. Gore Mankge a totobe a bo a fitlhelele fa a leng teng o dumela fa a totobisitswe ke ramasedi ka jaana e ne e le ngwana wa mongwe le mongwe ebile a le tsebe. Fa a thuthuga o gakologelwa gore o ne a disa go fitlhelela a itse go kokoroga a nna legwane a palama dikgomo. Mankge ke Letshwarakgosi la mophato o o neng o ile bogwera ka ngwaga wa fa Sebele a kobelwa kwa Gantsi.

Fela jaaka makolwane a nako eo, ka 1933, Mankge a phutha mesobana ya gagwe a leba kwa makgoeng kwa Aferika Borwa. Ntswa botsofe bo ntse bo itelekela, puisanyo le Mankge e ne e ela fela  jaaka a ne a tlhalosa fa a ne a thibelela kwa Groot Madikwe kwa a neng a thapiwa ke maburu mo polaseng a gama dikgomo mme e re morago a nne a bereke mo dikomponeng tse di neng di dira ditsela.

Botshelo jwa nna jwa tokafala,  moeka a iponela kgarebe ya kwa Mokwena, ba segofadiwa ka mosetsanyana Mmamadi ka ngwaga wa 1941. Ka go tlhoka lesego, kgarebe ya gagwe ya gatelelwa ke bolwetsi, mme ya re e bona gore malatsi mo lefatsheng le le ka kwano a setse a badilwe, ya laela gore morwadie a neelwe fatere ka Mankge o ka sala a nyala mosadi gongwe a bo a mo tshwenyetsa ngwana, le fa e le nkukuagwe Mmamadi a seka a  mo tsaya.

“O seka wa tsenya mo Khumbulekhaya, ngwanake o tloga a a swa,” Mankge o tsena Kunene ganong yo o batlang go tsaya loeto go ya go tsoma Mmamadi. Fela fa Botswana a sena go phamola boipuso, tautona wa pele Sir Seretse Khama a kua mokgosi wa gore Batswana ba ba ruilweng kwa dipolaseng tsa maburu kwa Aferika Borwa ba boele gae.

“Tse ya seka ya nna kgang tse di monate mo tsebeng tsa maburu, ba tenega, swart deng, swart kaffir,” o tlhalosa gore maburu ba ne ba bitsa mapodise gore ba tlhatlhele morafe otlhe wa ga Seretse. Ka ditlhopha, Mankge o bolela fa ba ne ba fudusediwa kwa kgolegelong kwa Zeerust, “mme teng mapodise e ne e re fa go nna lefitshwana ba tle go kukuna kwa go rona ba re loma tsebe gore fa re botswa re arabe re reng gore re seka ra tsena mo mathateng.”

Kwa kgolegelong, ba ne ba rekisediwa maburu go ya go bereka kwa dipolaseng kwa beng ba masimo a ba ne ba ya go tsaya basimanyana kwa lekeishaneng go tlhola ba ba disitse ba ba betsa mme ba tlhole ba kumola matonkomane ntse ba tshologa madi. “Golo kwa setokiseng kwa! Nta di ne di nna mo go wena mme fa o ka e bolaya wa bonwa ke lepodisi le tla go bolaisa diatla le re ke wena o di latetseng. Bana ba lona ba seka ba tsena toronko tog.”

Ka Modimo a sa je nkabo, kgwedi tse tharo Mankge a gololwa mme jaanong a lebanwe ke kgwetlho ka jaana dipasa tsa ga Malang maburu ba sale ba di jele ka molelo. A direlwa pampitshana ya mosepele, a seka a tlhola a gadima kwa  morago, a goga mosepele o moleele wa tsatsi lotlhe go boela kwa Groot Madikwe kwa pelo e neng e gopotse mokapelo, Mmadiphokane.

Ba mo amogela ka tsoo pedi, mohumagadi a mo sugasugela makgasa, a mmeela metsi a bo a mo direla diyamaleng. “…bokete jwa botshelo, nnake yo o ntshalang morago a tsamaya, yo mongwe a tsamaya,” diemo tse a di raletseng le mo nakong eno di santse di mo gopotsa barwa rraagwe.

Ka dipampiri tsa mosepele tse a neng a di diretswe di ne di letla gore o ka nna kwa Aferika Borwa malatsi a mararo, a phutha mesobana go boela gae, kwa le gone mosepele o ne wa nna moleele. Terena e ne ya mo latlha fa molelwaneng mme a goga ka la ga Moshe go tswa mo molelwaneng go fitlha kwa Lobatse kwa a palameng go  ya Gaphatshwa, kwa ga monnawe.

Ba mo amogela ka tsoo pedi mme le ene a seka a nna fela ka mabogo, a ya go disa didirisiwa tsa kago tsa ga Douglas Mooketsi. Mankge a re morago o ne a ya go disa dihutshane kwa Belabela mme morago a fudugela kwa ga kgaitsadie kwa Kgwarape. Ka go tlhoka lesego, kgaitsadie a mo tlogela mme a sala foo, botshelo jwa nna bokete ka a ne a itshetsa ka go lema le go rekisa ditlhare.

Mankge a gatelelwa ke bolwetsi ke ka moo Kunene a neng  ya go mo tsaya a tla go mo oka mme a bo a sa tlhole a boela morago. Mosadimogolo wa lwapa le a neng a okelwa teng le ene a hulara. Mankge a sala a lebagane le Kunene mme sebe sa phiri ke gore le ene o santse a koropa. Ka maano go sita a loso, o logile leano la go tlhokomela malomeagwe fa a sa ile tirong. Fa a tlhoka thuso, o letsa tloloko e e fa ditlhogong tsa bolao. “Lo fitlhe lo beye dipampiri tseo lo ye go lema. Ngwanaka o seka wa tsamaya le motho, tsamaya le Modimo,” a khutlisa puisano le Kutlwano. Bokhutlo

Teaser:

Golo kwa setokiseng kwa! Nta di ne di nna mo go wena mme fa o ka e bolaya wa bonwa ke lepodisi le tla go bolaisa diatla le re ke wena o di latetseng. Bana ba lona ba seka ba tsena toronko tog.
 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%