A re go sha kae?...Shumba Ratshega
Source : Kutlwano
Author : Baleseng Batlotleng
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Go sale go tlhalositswe, ba sale ba boletse matlhogoputswa ba re pina ya Setswana ga ena bosekelo. Ba tlhalositse borremogolo bo Ratsie Setlhako le bo Speech Madimabe. E ne e etle ere fa gongwe fa a ipoka monnamogolo Madimabe a bue gore “ke tshwere tswina wena o tshwere dinotshi, monate oo koo ke oo kwano”, a tlogela moreetsi a le mo kakabalong le gone go sala a ipotsa dipotso.
Tota se monna yo a ipokang ka sone se monate wa sone o ka tshwantshiwang le tswine ya dinotshi ke eng? Moreetsi a gakgamala ka go sala a eme! Fela jalo mosimane wa tsie, jaaka Ratsie a ne a tlwaelesegile, o ne a le setswerere thata mo puong le diletso. Le ene e ne e le motho wa go dira puo ya Setswana bofitlha ka maatlametlo.
Jaanong mosimane wa Mmirwa ke yo o tsentse tsebetsebe. Moses Malapela, ba ba gaufi le ene thata ba mmitsa Shumba Ratshega. Mmirwa yo montshonyana yo o tseneng fa gare ga legapu le le neng le sa jewe, a tsaya sebirwa a se isa mankalengkaleng, selo se mariri, namane e tshetlha tau tota! Fa a setse a ipobola a ija poko a se palame sebirwa a re “haoda o serede o to khujeja dingwe, khuja ya khujejwa bolaghala boa laghanwa……”
Mosimane wa Mmirwa ka sebelebele wa goora Mosweu kwa Bobonong kana Bob-city jaaka go tlhalosiwa. Talente ya ga Shumba e rurufatsa seane sa Setswana se se reng “ntsanyana ya maitaya sebata e bonwa mabotobotong”. Go mo tswela kgakala tota. Le pele a itlhalosa gore o tlholega kae, Shumba ga kgale mathe ka go bua ka rangoloagwe, Malapela Malapela, yo a tlhalosang fa e ne e le setswerere sa pina ya Setswana.
Shumba o amule botswerere jo mo go ene. “Monna yo ga twe e rile ka nako ya fa Botswana e tsaya boipuso go kgobokanetswe kwa kgotleng mo Bobonong abo go lebeletswe ene fela ka nako ya dikhwaere,” a tlhalosa Shumba. Jaanong pina ke e e utlwalelwa khutlong tse nne tsa lefatshe, ‘Loso la monnamogolo`.
Ga go sepe se se ntshang bana ba phefo fa motho a reeditse bokgeleke le botswerere jwa lobebe la puo e ntle ya Setswana e Shumba a e dirisitseng jaaka a tlwaelesegile. Mme tota ga se lantlha dipuo di buega ka ditlhamo tsa ga Shumba. Ke mang yo o ka lebalang Makhirikhiri?
Pina e e tsereng Shumba ya mo tsholeletsa kwa mankalengkaleng, morago ga gore a ikuele mo batsading ba gagwe gore ba mmatlele mosadi ka gore yo a nang le ene o tletse makhirikhiri. Mme fela se se tsenyang tsebetsebe mo tlhamong e ntsha ya ga Shumba ke gore, a tota motho o ka galaletsa loso la ga rraagwe mogolo. “loso la monnamogolo le mpolokile, loso la monna yole le mpereketse..”
Batho ba tshwanelwa ke go tlhaloganya kafa loso le bolokileng rre yo ka teng mme ene o tlhalosa jaana, “molaetsa wame o mongwe fela… Ke bile ke o lebagantse le mo go ba ba golwane ba ba tla o tlhaloganyang ka bofefo. Batho bangwe ga ba dumele fa ke le Mmirwa ka fa ke kgonang go ala puo ya Setswana ka teng.
Bontsi jwa batho ba emetse fela go bona setshwantsho sa motshikinyego se se tla tswang mo bosheng go bona tota gore ke kgweetsa nkuku jang,” a tlhalosa. “…re emeletse maitseboa ka nako ya boferabongwe tota re ne re ya Mahalapye, ka kgweetsa nkuku, ka tsena mo koloing, ka bula lebati, ka kgweetsa nkuku, ke sa tlwaela koloi ya gagwe gore koloi e tshentshiwa jang, ka heta ka Dibete a re ngwanaka tota wa kgweetsa,” Shumba a rialo mo temaneng ya ntlha mo pineng ya gagwe.
“Ke itumelela ka fa Batswana le batho fela ba ditshaba tse dingwe ba amogetseng pina e ka teng. Ke tlhaloganya Batswana thata bogolo jang fa go tsena ka fa pineng ya Setswana, ke batho ba rata go ipotsa dipotso thata, seo ya bo e le sone se se natefisang pina le go feta,” a latlhela Shumba. Shumba o ikgantsha ka gone go tsweledisa motlhala wa pina ya setso.
Mme ebile se se ka gopotsa mmadi pina ya ga Ratsie, Ka mponwane, e le yone e nang le bokao jo Shumba abo dirisitseng, “…nna go ka twe ikgethele basadi nna ke ka ikgethela mekodue, basadi ba ba tona ba a boloka, ba naya motsena ba neye bogobe, dijo tsa lelwapa ba di neye tsotlhe.”
Tota mme gone go simologile kae ka botswerere jo bo kanakana jo? “Batho ba bantsi ba nka reng ke ne ka leba mo go bone fa ke ntse ke gola mo mminong. Mme ke gopola thata Rre Kopolo yo eneng e le morutabana wame kwa sekolong se segolwane sa Mosetlha, kwa Bobonong. Ke ene yo ntshugileng abo a ntetlelela go kgabaganyetsa kwa Zimbabwe go ya go gatisa kgatiso ya ntlha e keneng ka e bitsa Masiela”, a tlhalosa ka phitlhelelo ya gagwe mo go tsa kgatiso.
Mme le fa e sa dira sentle mo mmarakeng, Masiela, ke yone e ka yone Shumba a simolotseng go tsena mo barating ba mmino ka tshega, e e neng e sa tlwaelesega gotlhelele ebile bangwe ba batla go mmona ka pelo tse dikhibidu ba sa dumele. Ditlhopha tsa mmino wa setso jaaka Culture Spears le Dikakapa di ne di setse di tseneletse mo bathong ba itiretse leina mme ga go aka ga mo tsaya lebaka Shumba, abo a setse a gatisa Makhirikhiri.
Shumba ke ngwana wa boraro mo lapeng la ga Makwate Malapela.
O tsene mo nyalong e e boitshepo le kgwarejwana ya kwa ga Mmabesi, ebong Ditebogo Malapela ka ngwaga wa 2009. Mme fa Ditebogo a ntse a tlhalosa talente ya monna yo e mmolokile ka go ipala mabala a kgaka mo go ene.
“Ditsala tsame fa ke etetse kwa Bobonong kwa ke kopaneng teng le Shumba di ne tsa nthaya tsa re ke ene Shumba Ratshega wa Makhirikhiri. Ka jaanong ke itse boitshwaro jwa dikgantshwane tsa mmino mo go tsa marato, ke ne ka seka ka mo tsaya tsia go fitlhelela nkgonne a mpolelela gore nnyaa yoo ke motho fela wa Modimo,” ga tlhalosa Ditebogo.
A seka a dia nako namane ya Mmirwa; ngwaga fela morago ga bokopano joo a rwesa kgarejwana ya Mongwato palamonwana mme ba segofaditswe ka bana ba le bararo, ebong Tlotso, Jandi le Maungo. Bokhutlo
Teaser:
Ke tshwere tswina wena o tshwere dinotshi, monate oo koo ke oo kwano













