Ba go yang go gaufi...
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : Gaborone
Event : Thuto-Puisanyo
Tema ya twantsho lehuma mo metseng e e kgakajana le ditlamelo e segilwe, e gogile go tloga ka ngwaga wa 2011 mme e solofetswe go wela ka 2021. E ne ya re morwadia Seitiko, Botlogile Tshireletso, a sa ntse a tlhabile kgobe ka mmitlwa a itse fa ya gagwe tiro e le go thusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo magae a iphitlhela a lebagantswe le namane e tona ya tiro ya go jwala tema e.
Emang a ka ganang thomo ya ga tautona? Tshireletso, molomaganya ditiro tsa tlhabololo magae a a kgakala le ditlamelo mo metseng e le masome a marataro le bosupa e e mo dikgaolong di supa, fela jalo a jwala peo ka mefuta ya yone mo mafelong a otlhe.
Jaanong tema e ya nyeletso lehuma mo metseng e e kgakala le ditlamelo e saletse mong wa tshimo, gore a e tla a re ngwaga wa 2021 o wela a bo a sa ntse a fatela morago jaaka koko kana o tla ikisa moriting.
Tshireletso o kgothatsa botlhe ba ba akareditsweng mo lenaneong le gore mo ngwageng tse some tse goromente a tla a bong a ba tsamaisa tonto tshipidi, a ba thusa ka mo go faphegileng go gaisa ba bangwe, ba tlhwaafalele go tsaya mananeo tsia.
“Ba seka ba itiya ka ba bangwe, go ntse go a atamela gore ba tsewe fela jaaka mongwe le mongwe ka gore ebile ka nako eo ditlamelo di tlaabo di ba atametse, e le indoda y`o zibonela.”
E re ntswa ngwaga tse di setseng di lebega di le mmalwanyana, Tshireletso o tlhalosa fa ba kgaolo ya Bokone Bophirima ba le maoto a tshupa. Fela gore puso e fitlhelele toro ya yone, Tshireletso a re selo se se tona ke go leka go ruta motho gore a fetole ka fa a lebang dilo ka teng.
Fa a ka fitlhelela se mo ngwageng o jaaka e le nngwe ya tse a di beileng kwa godimo mo lenaneong la gagwe, ke gone mananeo ka go farologana a tla a ungwang mme matshelo a Batswana a tokafale.
“Kwa Ngami le Okavango ke mathata, fa ke e fa sekai; fa motho a filwe dipodi di le masome mararo o a ja. Mathata a mangwe a magolo ke go ikaega thata mo go goromente, motho a itse gore le fa a dirile jaana o tla bona mophako,” mothusa tona a tlaleletsa.
Mo dikgaolong tse tsotlhe tse supa, Bokone Bophirima ke yone e di gogang kwa pele ka palo ya metse mme e latelwe ke Kgalagadi le Ghanzi. E re le fa go ntse jalo, ba Kgalagadi le Ghanzi ba gatetse pele, ga ba thugele khumo ya bone mo ganong.
Ka kgaolo tse pedi tse di tumile ka thuo, o tlhalosa fa ba ba setseng ba amule sengwe ba supa e le batho ba nyoretswe khumo ka bangwe kgomo tsa bone di setse di tshwara masome a supa.
Go ya ka mothusa tona, matlo a feta masome a matlhano go tswa mo baithaoping ba ba farologanyeng a setse a abetswe batho. Ba le masome a mabedi ba iponetse ditiro tsa sennela ruri mo go tsa bojanala. Ka lebele la ga mme goromente le le thoba dintsi, ba feta sekete ba iponetse diphatlha tsa mebereko e ba ka itshetsang ka yone jaaka go phutha matlakala, go dira le ba sepodise le tse dingwe fela jalo.
Bao ba ba pelo dikhutshwane go ka emela dikatso tsa kgwedi ba gatetse pele mo mananeong a tshwana le thuo ya dikgomo, dihutshane, dikoko, temo ya merogo, kapei le go roka. Tshireletso a re lenaneo le ga le tlhaole, makolwane le makgarebe bone ba tsweletse le dithuto ka go farologana kwa dikolong tse di kgolo kana diyunibesithi le dikolo tsa ithutelo tiro tsa diatla, fa bangwe ba simolotse go ja mofufutso wa phatla. Se se kgothatsa bommotlana gore le bone ba tsoge ba iteilwe diatla.
E re le ntswa maduo a bonala, Tshireletso o lela ka matlhale, batho ba go bonwa ke seopedi se se tumileng ka lereo la Vee. A re bangwe ba tletse mowa wa tsietso ka e a re bao ba kobodikhutshwane ba sena go fiwa, gongwe dikgomo, matlhale a ba tsietse, a reke dikgomo tseo mme e re morago a ba fetole badisa.
Tlhaelo ya lefatshe ke nngwe ya dikgwetlho mme se se gakadiwa ke ba ba rekang lefatshe mo banning ba metse, ba bo ba a kopanya ba fetola le tiriso go nna dipolase. Se e ntse e le selo modiro mo mafelong a tshwana East Hanahai. Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso a re se se eme, ka tirisanyo mmogo magareng ga ba lephata la gagwe le ba kabo ditsha.
Tse tsotlhe, Tshireletso o ka di dira mme fela go mo maruding a banni ba metse e tshwana Chukumuchu, Gudigwa, Xaixai le Qangwa gore ba le aramele le sa ntse le ba tlhabetse. Bokhutlo
Teaser:
Ba seka ba itiya ka ba bangwe, go ntse go a atamela gore ba tsewe fela jaaka mongwe le mongwe ka gore ebile ka nako eo ditlamelo di tlaabo di ba atametse, e le indoda y`o zibonela.














