Metsi a nole ke kgaupe
Source : Kutlwano
Author : Mothusi Soloko
Location : GABORONE
Event : Polelo ka seemo sa metsi mo Gaborone
Fa o ka tsamaela ntlha ya Letamo la Gaborone, Ke selelo fela le khurano ya meno. Metsi ga a yo a nolwe ke kgaupe…..Seemo se se kwa tamong e sale tamo e agiwa ke lantlha se diragala. Mo ditsong tamo e ga e ise e ko e wela tlase mo go kana.
E bile se ka gopotsa motho metlha ya maloba. E ne ere fa go setlhafetse jaaka go ntse jaana, gangwe le gape o utlwe bananyana ba opela mo ngweding e le tsela ya go koba leuba bare:
“Naletsana ya moriberibe, ribela ka pela, re ye go nwa metsi, Metsi ga a yo a nole ke kgaupe Kgaupe ga ke mo rate ke rata masilonyane. Thamaga di megala di gangwa ke kotiko, kotiko tlhaolela o ntshe dibejana tsa bannabagolo ba ntse meloreng ba epa kgelegetlwa…..”
Tota ga re itse gore fa dipula tse di ka seke di phaile mo go nametsang, re tla bo re ba ga mang. Kafa tamong go rile setlhee!. Metsinyana a a leng mo teng a ka nosa batho dikgwedinyana fela dika nna tlhano. Ba kompone ya metsi mo Gaborone ba re matsorotsoro a maabane jaana a fetile tamo fela ka fa thoko.
“Tamo ga e na metsi, ke thothinyana fela. Le gale re sa ntse re lebeletse gore a magodimo ga nke a bulege mo bogaotshwaneng jaaka ba tepo loapi ba ne ba solofetsa,” Ga buwa moanamisa mafoko wa kompone eo mme Matida Mmipi.
E re le fa Mme mmipi a tlhalosa gore go na le matamo a le masome a matlhano le bobedi a lwelang metsi le tamo a tlhalosa gore seemo sa gompieno ga se bakwe ke gobo matamo a o a lwela metsi le tamo fela e le gore pula ga e yo.
“Re setse re emesitse go goga metsi mot among ka jaanong go setse seretse fela. Jaaka ke buwa le wena jaana re nwa metsi a a tswang kwa Aferika Borwa le a a tswang le kwa letsibogo,” Mme Mmipi a tlhalosa. Fa a ntse a tlhalosa a re jaanong ba ngwaa ditlhogo go bona gore metsi a a ka fat lase ga lefatshe kwa ga Ramotswa a gogiwe, a tlhatswiwe a bo a dirisiwa.
“ Tiro e e tshwanetse ya wela pele kgwedi e e ya fifing,” a tlhalosa. Tota go bonala fa kompone e e babaletse ke letlhoko la metsi mo toropo kgolo e bile basa batle go tlogela le fa ele thothi epe e ka thologela fa fatshe.
Mme mmipi a re gape go na le thulaganyo ya go tlhatswa metsi a a leswe kwa Glen valley. “Batho bangwe ba bifela metsi a. Mme ke metsi fela jaaka metsi mangwe le magwe. Metsi a a tswang mo matlung a rona a a tlhatswiwa a bo a nna phepa. Ka na le one metsi a kwa tamong a tla le leswe le lotlhe mme a tlhatsiwa. Jannong batho ga ba tshwanela go tshaba metsi a,”
A re e re ba emisetse tiriso ya metse mo ditirong dingwe, go na le ko ba o ba amegang ba ka bonang metsi teng. Re na le sediba gone mo Gaborone se e leng gore re re rekisa metsi ka tlhwatlhwa e e kwa tlase fela thata gore batho ba direse metsi a o mo ditirong tse di ntseng di emisitwe. Mme are keletso e ya metsi mo ditirong dingwe e dule maduo fela thata. “E sale re tsenya kiletso e ya metsi mo ditirong dingwe, tiriso ya one e wetse ko tlase ka lesome le bobedi mo lekgoleng,” a tlhalositse. BOKHUTLO











