Go dubegile kwa MyStar
Source : Kutlwano
Author : Kutlwano
Location : GABORONE
Event : Column-Mosasankegi
O molebile o kare o sinaletse. A sesafatsa matlho go se nene. A bula molomu ka potso. “O lelela eng ngwanaka?” A seka a bona karabo. “Huh, go rileng?” Mosetsanyana a araba ka monyenyo. “Nnya ngwanaka o ko o ipaakanye re go utlwe sentle,” Ga buwa mme o mongwe, o montshonyana jaana ka makoponyana o moriri mokhutshwana o mabetonyana..
O tshwanelwa ke go tswa ntlheng tsele tsa Tswapong mme yo. Tota thulaganyo e ya My Star ke ntse ke e utlwalela fela ke sa e tseye tsia jaanong ke gone ke e iponetseng. Bana ba gompieno dibodu e le ruri. A o raya gore go opela fela ke gone go ka ba sokodisang? “Simolola ngwanaka re go utlwe,” ga buwa mme yoo. Fa ke re thaa! Ka re bamo tlhabile ka thipa mo molaleng. Fa ke leba sentle ka fitlhela a tshwere molala ka fa mojeng. “Nxu stru bamo tlhabile, bana ba ba sa utlweng ba ke gore mongwe wa bone o ne a tsile ka thipa,” ka buwa ke le nosi.Batho ba ne ba lebega ba jele kgakge.
A kua ngwana wa batho..bananyana bangwe ba ba neng ba tsile go bogela ba ithiba ditsebe, ba lebana . Ya re fa sa ntse a kua jalo, nkuku mmabalotlhanye a goroga. “A ya bo e senyegile gape, Television e tlhe e tla dika e re tshontshitse e. Mosimanyana o wa ga Mmaodireleng o re jela madi mahala fela ga se gore wa baakanya. “Nkuku ga re ga ya senyega,” ke nna ka tlhaloso. “Jaanong o o ka reng podi e tlhabiwa o o rileng,?”
Ngwana a kua. A ne a soka noka kgantele a itshwara tlhogo. A itseneka ngwana wa batho o kare o tshwerwe ke mala. Re tswa go bona gore ntekwane ngwana ga a tlhabiwa wa opela fa a rre yo mongwe wa batsamaise ba thulaganyo a bona go tshwanela gore a emise mosetsanyana. Nkuku a hakgamala mo a neng a sala a ithibile molomo. “Ngwana yo o boleo jang,” a digela kgakgamalo,” “Mmaetsho..fano fa re batla baopedi e seng balatedi ba kgwele ya dinao..Go kua mo o go kuang mo go tlhokiwa ke batshameki ba bolo e seng baopedi,” Ba ya le ene jalo ba mo gagautlha a ba tswa foo a sotse mogopolo.
Ga tsena o mongwe, borokgwe e le bo bo imonokang. Ngwana o ka re ka mo leba gore ke mong, ka palelwa. Nkuku e ne a tsaya tshwetso ya gore ke mosetsanyna. “Hei mosetsanyana o ne o maswe jang a tota o tla opela,” Ka seka ka mo kgwa kgaba. Fa re sa ntse re re ngwana o tla opela, a betsega ka lobelo a ya go bowa fale a bowa a tshikhintsha dinoka jaaka makgarebe a diopedi tsa Amerika, a ema ga re tu.
A tloga a etsa tshwene ya rotwe, a ronoka fa pela ga batho. Fa re sa ntse re re re mo lebile keyo! Ka lobelo. Wa go bowa fale. A Itshwara dinoka monwana wa supa godimo o kare lekagrebe le omana le le lengwe. Ngwana a tloga a itseneka. Nnete ke gore kopedi e ne e seyo. O ne a tsosa modumo fela. Fa bane ba gaisanya ka go etsa motho a lomiwa ke motshitshi wa semana o ka bo a ne a tsere sekgele. Fa a tlang go ema teng tshaba e e neng e le foo ya bo e bobowane ka ditshego. Fa e le batsadi ba ngwana o ba bo ba tlhontse. Tota o bona gore ke batsadi ba ne ba sa solofela semanka se ngwana yo a neng a se ba bontsha. “Mma wee, Pina e o e opelang e kega mang? Fa karabo e ise e tswe, a gakolola Rre yo wa moatlhodi gore ga se mma ke rra, “ Ijoo intshwarelo, ne ke re o mosetsanyana..ee! re bolelele gore pina ke efe,” Ngwana a araba ka gore ke ya ga Beyonce. “Nnyaa ngwanaka, ga se yone. Eo ke ya gago fela o le nosi, Gape tota o ne o sa opele o ne o gowa fela. O tla iteka gape mo nakong e e tlang,” ga buwa moatlhodi. Ngwana a wela tsela ka pelo e botlhoko.
Ga goroga mosimanyana a rwele kepesi e lebetse ko modimo. A bana ba ba utlwile kae gotwe fa motho a opela sentle ke fa a senya sefatshego! Ga go ope yo o itseng. Mosimanyana o go ka bo go ne gotwe wa opela, fela o ne a itsa pina go tswa ka legano. Yo nkuku a bo a ingatile ka ditshego.
“Iyoo. Yo e kare o jele moretologa o botlhoko, bona fela jaaka a sentse sefatlhego,” Tota go ya ka nna o ne a sa opele. O ne a supa difatlhego tse di farologanyeng fa motho a utlwile botlhoko. A itse go se senya sefatlhego le ene mosimanyana wa teng. Babogedi ba ingatile ka disthego e ne are ke gone jaaka ba rata pina. Ka lesego ba mo fetisetsa kwa legatong le lengwe. Fa e ya go wela ka lemoga sentle gore ke eng thulaganyo e e le mmamorata. E ka se tlhole e mpheta. Le go ka. BOKHUTLO











