Le fa dira di ka re tlhowa....
Source : Kutlwano
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : GABORONE
Event : Interview
Ga e ke e gangwa ka mogogorwane namane ya yone e le teng e bile phokokgolo ga e tswe ka ngwana wa motho. Batho ba malatsi ano ga ba tshabe go seka. Maloba go tlhagile mokgosi o bolela fa dikgantshwane tsa mmino wa setswana tsa Culture Spears di ntse mosima wa phika ka marago.
Tota go ala kgang sentle, dihawa o ne o ka re di tla utlwalelwa mo go Kabelo le mohumagadi wa gagwe Magdeline. Podi ya tsela e ne e re Kabelo o bone setlhako sa ga kulenyane. Morago tsa tloga tsa anama le setlhopha. Mongwe a bue se, yo mongwe fale le ene a tshele letswai. Motho! o mo tshabele mo setlhareng sa motlwa.
Kante magatwe ao e ne e le ditsia badimo fela, bangwe bane ba bopela bana ba kgomo ya mmopa. Kabelo o a latola, “Ga gona sepe seo, Culture Spears ga e thubege mme e bile re dira kgatiso e e tla tswang kgwedi eno. Gape gone mo kgweding e re ya go diragatsa kwa South Africa re le setlhopha.” Tota mme gone ka go twe maru gase pula mosi ke one melelo, matsapa di a tsaya kae?
Magdeline a re dikgang di tla ka disela mmapa. A re e rile kgang e simologa ba e latedisa gore tota modi wa yone o tswa kae. Ba lemoga fa badiragatsi ka bone e le bone ba fufegelang gore e sale ba bopa setlhopha ga go na le fa e le mokgwasa wa tse di maswe.Ka jalo maikaelelo ke go ba senya leina.
“Mo lwapeng re siame ga gona le fa e le bothata, le setlhopha se itsetsepetse se dira moopelo,” a buwa jalo a tlhalosa fa ba tshwaragane jaaka dithapo tsa leselo go se sepe se se ka ba tsenang fa gare.
“Tse dikgang ke tsa beng ba tsone,” Kabelo o tlhalosa jalo a supa fa go na le bangwe ba ba isang dikgang tse di senang nnete kwa babegadikgang go leka go diga serodumo sa setlhopha sa bone sa Culture Spears. A tlhalosa jalo gore dikgang tsa gore yole o rile, ke diphirimisi fela ga di na lepele le morago.
A re jaaka ditlhopha tse dingwe tse di farafarweng ke dikgang tse, ga ba kake ba letla gore di kgaoganye setlhopha sa bone kana di mo thubele lelwapa.
Mohumagadi wa gagwe Magdeline a bo a le teng, a otlelela kobo moroko mafoko a ga Kabelo a supa jalo gore tse di buiwang ke dithamakgorwana mme ebile ga di na nnete epe fela fa e se go leka go kgoreletsa kgwebo ya bone.
Mme gone motho o ka botsa gore tota se se dirang gore setlhopha se se bopagane jaaka ngata ya dikgong ke eng? Kana ditlhopha tse dintsi ga di ke di tsaya lobaka di le mmogo.Ditlhopha tse dintsi di phutlhame ntswa di ne di dira go tlala ka diatla. Thembeni a re mo setlhopheng sa bone sedibeng go iwa ka tsela.
“Re na le tsamaiso e re e obamelang, mongwe le mongwe mo setlhopheng o na le tiro ya gagwe. Ga go na ope yo o herelelang mo ditirong tsa ba bangwe,” a tlhalosa. A re ga se gore setlhopha sa bone ga se ke se nna le mathata, fela a tlhalosa gore ba na le tsela e ba rarabololang mathata a bone ka yone. “Dikgang di nna teng mme fa go na le bothata re nna fa fatshe re buisane, se se botlhokwa ke bopelotelele, boineelo le tshwaragano.”
“Tota rona re lesego ka gore re godisitswe Setswana. Mathata a matona a ditlhopha ke go lwela madi, rona ga re lwele madi ka gore re godile re sa a itse,” ga buwa Magdeline.
A re se se ba bopagantseng gape ke gore fa batsadi ba ka utlwa gotwe go rile, ba a ba bitsa ba kgaleme kgotsa ba gakolole. “Nna le Kabelo re a tle re nne le tlhokakutlwisisanyo mme ga re e lese e fetela kwa setlhopheng,” ga konotelela jalo Magdaline. Bokhutlo
Teaser:
Re na le tsamaiso e re obamelang, mongwe le mongwe mo setlhopheng o na le tiro ya gagwe. Ga gona ope yo o herelelang mo ditirong tsa ba bangwe.












