Tlhako le molomo e jesetsa Babirwa mo kgobedung
Source : Kutlwano
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Bobirwa
Event : Interview
E le ruri go tsamaela ntlheng ya dikgaolo tsa Bobirwa go a thamisa e bile go jesa leitlho monate. E re le ntswa go sena pharakano e e kalo ya tshologelo ya bajanala fa e tshwantshanngwa le dinaletsana di tshwana le makgobokgobo a Okavango le a mangwe, e kgatlhisa e le ruri ka e bile e kganya ka diphologolo makgabisa naga.
Kgaolo e, e tlhomilwe mo letlepung la metsi ka tota ngwaga le ngwaga go na dipula tse di namagadi. E fa gare ga melapo le melatswana mme e bile e ikgantsha ka matamo a matona- a tshwana le Dikgatlhong le Thune,le dinoka jaaka Motloutse le tse dingwe. Se ga se jese kgakge kana tota Bobirwa e ikadile fa tlase ga noka e tona-tona ya Limpopo, e e mo molelwaneng wa Aferika Borwa le Botswana.
E ke kgaolo e e nonneng thata mme e bile dipatlisiso tsa ba Lephata la Temo-Thuo di supa fa mo lefatsheng lotlhe la Botswana ka bophara, e le yone e ntshang maungo a a rothisang lethe a le mantsi le merogo go fetisa dikgalo tsotlhe. E re le ntswa go ntse jalo, e ke kgaolo e e tswang kgakala e tshwenngwa ke bolwetsi jo jwa tlhako le molomo.
Fela fa o ralala kgaolo e e lapolosang tlhaloganyo e, go dikgomo tse di ntle thata tse di nonneng ka matlalo a a phatsimang go ka kgatlha leitlho fa gare ga tshutlhankga e tala ya mophane. Tse ke dikgomo tse di mo kgaolong ya Zone 7 ya bolwetsi jo bo kwadilweng ka pene e khibidu ka bo tsentse lesuka-suka mo kgaolong, jaaka ba Lephata la Temo-Thuo ba kaile. Go utlwa manokonoko a bolwetsi jo, ke ne ka tsena ka kgotla ya motse wa Molalatau, motshegare tadi e amusa mme ka fitlhela Kgosi Letso Malema a bothile le bangwe fa kgotleng.
Ya re fela a re bona,a itlola Mmirwa yo motona, motho a katogile monyo, go re amogela ka monyenyo mo motseng wa gagwe.
“Thobela batho betsho, le amohelesehile mo Molaladau,”a bua jalo ka teme e e nonneng ya Sebirwa mme ra dumedisa. A tloga a re tsaya ra tsamaela kwa phaposing ya gagwe kwa a fetileng a re tlhalosetsa ka ditso tsa motse a bo a re lekodisa ka motse wa gagwe. Mme tota gareng ga kgang tse a di amileng, ya moruthutha ya bo e le ya tlhako le molomo, e go lebegang e ba tshwarisitse phage ka mangana mme e bile e lebega e goma-gometsa go dira ‘morui wa kgomo e telele` go nna modidi wa nta e e motopo.
Kgosi Malema yo dipatlisiso tsa palo ya batho di supang fa motse wa gagwe o na le batho ba ba ka fa tlase ga didika-dike tse tharo (3000), a re ke balemi-barui. O tsweletse a re, “Batho ba Molaladau ke balemi ba nosetso ya komelelo , ba lema merogo le maungo, banana ba tsere mananeo a ga goromente go itshetsa ka one. Tota mma, re batho ba kgomo, re itshetsa ka kgomo, le fa tlhako le molomo e tsentse tsebe-tsebe,” a bua ka sefatlhego se se tshwenyegileng.
Ya re go bona se, ka thaakana, ka tlhwaya tsebe le go feta go reetsa mmabatho, “Tlhako le molomo e na le dingwaga tse supa(7) e ntse e tlhasetse kwano, jaanong ha re rekise sentle kwa BMC. Boshweng jaana quote ya ho rekisa ko BMC e ne dule mme ha hona le fa e le ope mo Molaladau yo o rekisitseng,” kgosi a bolela.
O tlhalosa jalo gore bolwetsi jo, bo ba apesitse kobo ka letshoba ka barui ba sa boelwe ke sepe fa ba sena go rekisa dikgomo tsa bone, “Dikgomo ha di tswa fa di ya ho nna 21 days kwa kwarantineng ko Sefhophe di tlhokometswe ke beng ba tsone, ha di tswa foo di a palama di isiwa kwa matlhabelong, …holo mo ho a di babalela di bo di latlhegelwa ke nama, ho tsaya 45 days hore re bone dituelo, morui a bo a sa boelwe ke sepe.”
Matlho a tsepame mo phefong, Malema a tlholosa fa mathata a barui a tlhatlagane ka gore fa dikgomo di isitswe kwa kwaranteneng tse dingwe di a swa, “Ba koporase ba supile hore boshweng jaana ho sule dikgomo tse 15, hape ho pega dikgomo ho di isa kwa kwaranteneng ho turela batho, le dituelo go tswa BMC di bo di tsaya lobaka,se se bo se dira hore ho nne thata hore Babirwa ba pege dikgomo tsa bone.”
E re le ntswa go ntse jalo Malema o akanyetsa gore bolwetsi jo ga bo sa tlhole bo itshupa mo bontsing jwa dikgomo mo motseng wa gagwe le e e mabapi, “Zone 7 e tona, e tsenya metse e tshwana Matopi le Robelela, hongwe ha report e ka dirwa ho supa kwa bolwetsi bo teng, ho ka nna botoka ka kwa bolwetsi bo seyong teng dikgomo di ka tlhamalelela kwa BMC, barui ba lesa go sokola,” a wetsa kgang jalo morwa Mmirwa Malema . Bokhutlo
Teaser:
Tlhako le molomo e na le dingwaga tse supa(7) e ntse e tlhasetse kwano, jaanong ha re rekise sentle kwa BMC. Boshweng jaana quote ya ho rekisa ko BMC e ne dule mme ha hona le fa e le ope mo Molaladau yo o rekisitseng













