Ditso tsa Molaladau

Source : Kutlwano

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Molaladau

Event : Interview

Mo kgaolong ya Bobirwa go motse mongwe wa Molaladau. Motse o ke wa morafhe wa Babirwa ba ga Malema. Fa motho a tsena ka one a gopole pina ele ya moopedi mongwe, kgarebe ya setswerere Mphoreng Malema  yo a kileng a re, “Selelo sa Malema se botlhoko, se botlhoko pelong tsa rona” 

Pina e, a e opela jaana go supa ditiragalo tsa nako eo tse di neng di diragala mo motseng oo. O kana tota ke morafe o o welang ka fa tlase ga Bangwato o pina e e golotsweng morago ga dingwaga tsa bo 1900, dinako tsa fa go na le diphaapang fa gare ga Babirwa le Bangwato.

Go utlwa kwa motse o simologileng teng le gore go tsile jang gore Babirwa ba thibelele mo Molalatau, ke ne ka tsena kwa kgosing go utlwa ditso tsa motse ka malatlhantshwana mme ka thulana le mmabatho, tshakala e katogile monyo ka sebele-bele sa gagwe, Kgosi Letso Malema.

E re le ntswa go lebega kgosi a le monana, a bo a eme sentle go tlhalosa ditso tsa motse wa gagwe ka bokgabane. A tlhalosa jalo gore Molalatau ke motse o o nnang batho ba le dikete tse tharo.  “O ke motse wa Babirwa o o tlhodilweng ke Kgosi Malema Makhura ka ngwaga wa 1920, ba ne ba tswa kwa kgaolong ya Tuli Block e e bidiwang Mmamakwa, ke gone kwa Babirwa ba tlholegileng teng koo,”kgosi a tlhalosa jalo.

Ya re a tlhalosa gore go tsile jang gore lefelo le le bidiwe Molaladau, a bua jalo gore ka tsone dinako tsa ga Makhura felo le e ne e le tshutlha e e neng e ratwa ke ditau, e le lefelo le le neng le boifisa le tshabiwa fela thata. Go le noka foo e e bidiwang Molaladau 

Kgosi Letso Malema a tswelela jalo a tlhalosa gore khuduga e ya Babirwa go tswa kwa Mmamakwa e ne e bakilwe ke Kgosi Modisaotsile wa Bangwato, “Malema o ne a gotlhagotlhane le Bangwato, a tswa kwa Serowe, mme ya re morago ga a sena go thaya motse le go busa ka lobaka, Kgosi Malema a tlhokafala ka dingwaga tsa 1960.”

 Morago ga ga Makhura Malema sa kotangwa ke ngwana wa kgosi ebong Silamolela Malema, yo mo nakong eno phupu ya gagwe e leng kwa Semolale kwa a neng a tlhokafalela teng a ile go bona boreaitse go latlha bola, go mo tsharabololela botshelo jwa gagwe; mme ka go tlhoka lesego a tlhokafalela teng.

Morago ga ga Silamolela ga tsaya Kgosi Mmirwa Malema ka 1972, yo Babirwa ba neng ba mo isa kwa Bobonong gore a tle a buse Babirwa ka kakaretso. Kwa Molaladau o ne a tlogela setlogolo sa gagwe ebong Kgosi Solomon Parity  Malema go tshwarelela ka bana ba kgosi ba ne ba sale bannye go ka busa,  yo le jaana a sa ntseng a tshegeditse motse a na le ene Letso Malema

Pele ga ga Kgosi Letso  Malema gone go kile ga tsena bomogolowe Lapologang Malema le Makhura Malema yo a neng a reeletswe mme go tlhalosega fa botlhe ba ragile thokolo mme Letso Malema e le ene a ba tlhatlhamang.

Kana tota mosimane yo Letso Malema ke ngwana wa ga Kgosi Mmirwa Malema, yo mo bogompienong a busang kwa Bobonong.

Kgosi o tlhalositse gore motse wa gagwe ke motse o motona o o kgaogantsweng ka dikgotlana mme a tlhalosa jalo gore motse o ipela ka balemi-barui ba popota bangwe ba lema maungo le merogo ka temo ya nosetso fa bangwe ba ikanya seemo sa bosa. 

O boletse fa bolwetsi jwa Malaria bo tshwenya mo motseng bogolo jang ka dinako tse tsa dipula, “Jaanong monang o montsi, mme re lebogela tsibogo ya ba Lephata la Botsogo ka ba kile ba tla ba gasa molemo o oboyang montsana, go re thusa bothata jo. Mme fela ga ba gasa kwa merakeng, kwa bo Thune, le bo Motloutse ka jalo bolwetsi bo a tswelela ka go anama.”

A re batho mo motseng wa gagwe ba tsweletse ka go akola mananeo a puso bogolo jang banana, go itlhabololola le gone go tlhabolola motse wa bone. Bokhutlo

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%