Ditso tsa Molaladau
Source : Kutlwano
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Molaladau
Event : Interview
Mo kgaolong ya Bobirwa go motse mongwe wa Molaladau. Motse o ke wa morafhe wa Babirwa ba ga Malema. Fa motho a tsena ka one a gopole pina ele ya moopedi mongwe, kgarebe ya setswerere Mphoreng Malema yo a kileng a re, “Selelo sa Malema se botlhoko, se botlhoko pelong tsa rona”
Pina e, a e opela jaana go supa ditiragalo tsa nako eo tse di neng di diragala mo motseng oo. O kana tota ke morafe o o welang ka fa tlase ga Bangwato o pina e e golotsweng morago ga dingwaga tsa bo 1900, dinako tsa fa go na le diphaapang fa gare ga Babirwa le Bangwato.
Go utlwa kwa motse o simologileng teng le gore go tsile jang gore Babirwa ba thibelele mo Molalatau, ke ne ka tsena kwa kgosing go utlwa ditso tsa motse ka malatlhantshwana mme ka thulana le mmabatho, tshakala e katogile monyo ka sebele-bele sa gagwe, Kgosi Letso Malema.
E re le ntswa go lebega kgosi a le monana, a bo a eme sentle go tlhalosa ditso tsa motse wa gagwe ka bokgabane. A tlhalosa jalo gore Molalatau ke motse o o nnang batho ba le dikete tse tharo. “O ke motse wa Babirwa o o tlhodilweng ke Kgosi Malema Makhura ka ngwaga wa 1920, ba ne ba tswa kwa kgaolong ya Tuli Block e e bidiwang Mmamakwa, ke gone kwa Babirwa ba tlholegileng teng koo,”kgosi a tlhalosa jalo.
Ya re a tlhalosa gore go tsile jang gore lefelo le le bidiwe Molaladau, a bua jalo gore ka tsone dinako tsa ga Makhura felo le e ne e le tshutlha e e neng e ratwa ke ditau, e le lefelo le le neng le boifisa le tshabiwa fela thata. Go le noka foo e e bidiwang Molaladau
Kgosi Letso Malema a tswelela jalo a tlhalosa gore khuduga e ya Babirwa go tswa kwa Mmamakwa e ne e bakilwe ke Kgosi Modisaotsile wa Bangwato, “Malema o ne a gotlhagotlhane le Bangwato, a tswa kwa Serowe, mme ya re morago ga a sena go thaya motse le go busa ka lobaka, Kgosi Malema a tlhokafala ka dingwaga tsa 1960.”
Morago ga ga Makhura Malema sa kotangwa ke ngwana wa kgosi ebong Silamolela Malema, yo mo nakong eno phupu ya gagwe e leng kwa Semolale kwa a neng a tlhokafalela teng a ile go bona boreaitse go latlha bola, go mo tsharabololela botshelo jwa gagwe; mme ka go tlhoka lesego a tlhokafalela teng.
Morago ga ga Silamolela ga tsaya Kgosi Mmirwa Malema ka 1972, yo Babirwa ba neng ba mo isa kwa Bobonong gore a tle a buse Babirwa ka kakaretso. Kwa Molaladau o ne a tlogela setlogolo sa gagwe ebong Kgosi Solomon Parity Malema go tshwarelela ka bana ba kgosi ba ne ba sale bannye go ka busa, yo le jaana a sa ntseng a tshegeditse motse a na le ene Letso Malema
Pele ga ga Kgosi Letso Malema gone go kile ga tsena bomogolowe Lapologang Malema le Makhura Malema yo a neng a reeletswe mme go tlhalosega fa botlhe ba ragile thokolo mme Letso Malema e le ene a ba tlhatlhamang.
Kana tota mosimane yo Letso Malema ke ngwana wa ga Kgosi Mmirwa Malema, yo mo bogompienong a busang kwa Bobonong.
Kgosi o tlhalositse gore motse wa gagwe ke motse o motona o o kgaogantsweng ka dikgotlana mme a tlhalosa jalo gore motse o ipela ka balemi-barui ba popota bangwe ba lema maungo le merogo ka temo ya nosetso fa bangwe ba ikanya seemo sa bosa.
O boletse fa bolwetsi jwa Malaria bo tshwenya mo motseng bogolo jang ka dinako tse tsa dipula, “Jaanong monang o montsi, mme re lebogela tsibogo ya ba Lephata la Botsogo ka ba kile ba tla ba gasa molemo o oboyang montsana, go re thusa bothata jo. Mme fela ga ba gasa kwa merakeng, kwa bo Thune, le bo Motloutse ka jalo bolwetsi bo a tswelela ka go anama.”
A re batho mo motseng wa gagwe ba tsweletse ka go akola mananeo a puso bogolo jang banana, go itlhabololola le gone go tlhabolola motse wa bone. Bokhutlo













