Lentswelemoriti go rena Sione

Source : Kutlwano

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Lentswelemoriti

Event : Interview

Mogote e ne e le o motho a ka reng letsatsi le lone le ne le ka nna la ipatlela moriti. Fa e le ditapole ka fa tlase ga mmu go ne go lebega di budule, se motho a ka se dirang e le go goga fela a bo a latlhela botoronyana, letswainyana le pherefere ka e bile nako ya dijo tsa motshegare e ne e tlolagantse. 

Le ditlhora tota tsa bo di ipoka mme fela se se makatsang ke dipodi tsa Lentswelemoriti tse di iseng di bolole. Batho ba motsana o o dikaganyeditsweng ke legora le lentle fela thata la matlapa, ba bo ba tshabetse ka fa tlase ga meriti. 

Ntswa go le mogote, ga go ope yo o ka mmonang a latlhetse kamponwane, makgarebe a motse le bomme ba apere dikete tse di thibetsang mangole e bile ba rwele ditukwi. 

Ao! A mogote o o kana kana o ga ba o  utlwe! Ka golola molala, matlho a ya kwa le kwa gore gongwe ke tla a bona lotshwao lore “Attention women: Head gear compulsory by law. (Tlhagiso: Go a patelesega gore bomme ba nne ba rwele sengwe mo tlhogong)” Nnyaya! Matlho a tswela dikgapheng lefela. 

Ka motse o, o dirilwe ka malwapa a ka tlala seatla, ka potologa go tlhola ntlo ya kobamelo ya ba letso la seMuslim, ka ke bone ba ba nang le melao e e gagametseng ya kapari mme ka itswela fela. 

Ka maiteko otlhe a foloditse go ka ikaraba, motlhala wa go tsoma kgosi wa ya go wela kwa ga Modise Molefyane, yo kwa ga gagwe mosadi a ka se le beyeng a sa apara sekete a bo a rwala tukwi.

“Ga go na kgosi, motse o o tlholegile ka kereke…mosadi ga a tswale senna, monna ga a apare sesadi, ga go jewe kolobe, sebatana kgotsa kgomo e e itshwetseng le bojalwa ga bo nowe,” mongwe wa bagolwane ba kereke, Molefyane o amogela setlhopha sa Kutlwano ka go ba tlhalosetsa ka meila ya motse o o mo lefelong la diphologolo la Northern Tuli.

Motse o, ke wa Bakgatla ba ba tlholegang kwa Mochudi mme lefatshe le ba nnang mo go lone le rekilwe ke kereke. Molefyane yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1929 a re, ke mongwe wa batho ba ntlha mo Ntswelemoriti ba ba thibeletseng ka kgwedi ya Seetebosigo 1952 fa bangwe ba ne ba goroga ngwaga o o latelang ka kgwedi  ya mariga. 

Lebaka la gore Bakgatla ba,ba bothologe kwa ga Motshodi, Molefyane o tlhalosa gore masione a ne a sa ratiwe ke mmusi wa nako eo ebong Kgosi Molefhi. Kgosi o ne a sa rate sione ka go bo e fodisa ka thapelo. Go tswa kwa Mochudi masione a lephoi a ya go kopa boroko kwa Mmamashia mme ba seka ba amogelesega.

E re ntswa batho ba ne ba ba bifela jaaka Jobe yo o neng a na le bolwetse jwa lepero, ba leba Lobatse ntse ba le mo letsomong la lefelo le ba ka le bitsang legae. 

“Dikgosi tsa gana nnyaya wa banyana, ra felela re le kwa dipolaseng tsa makgoa kwa Hildaveil,  keletso e le go ikopela felo la bonno.” 

Ka lefatshe le Ntswelemoriti a ikadileng teng e ne e le la kereke, Bakgatla ba, ya bo e le gone jaaka ba bone boikhutso, gotlhe mo ba neng ba na le gone ba sale kwa Mochudi ba ne ba go rekisitse.

Motsana o, o eteletswe pele ke lekgotla la baruti ba kereke mme moeng o amogelwa ka go gasiwa ka metsi (go shoma),a bo a a nwa gore mewa ya kwa a tswang teng e mo tlogele.

Bakgatla ba ba setseng ba atisitswe ke morafe wa Sebirwa, o le one o tsenang sione, ba utlwalela ditiro tsa botlhokatsebe ntle ga legora la bone.  

Bojalwa ga bo letlelelwe ka jalo Molefyane o tlhalosa gore, fa go ka diragala gore mongwe a tle a bo pakile ka mpa, ga a supe ka sepe fela ka gore fa a ka bo a dira phoso o tla a bolaisiwa diatla ke batho. Godimo ga moo, kereke e nngwe fela mme ope yo o batlang go obama go sele o tlogela Ntswelemoriti ka kagiso.

Ina le la Ntswelemoriti ba le tsaya kae? Le teilwe ke kereke go emisetsa maina a seburu mme o reeletswe ka thaba e noka ya Limpopo e ikgotlhang ka yone le Molefyane a kayang fa moriti wa yone o le mogolo mo o ka lekanang tlou di feta sekete.

Ee, ba ka tswa ba ntse moriti o tsididi mme go thata go ka itshetsa mo lefelong le. Tidimalo e e amogelang moeng, e supa fa banana ba iketse ditoropong go ya go iphataphatela. Batswana ka bontsi ba itshetsa ka temo thuo, fela kwa Ntswelemoriti go thata ya lentswe. 

“Ha ke fa a bo phologolo, jwang le diruiwa tsa rona di fetswa ke diphologolo ka jalo ga re na loruo ke ka moo o bonang dipodi di tlhatlhetswe. Re kile ra bo re na le masimo le one a upudiwa ke diphologolo,” a tlatsa.

Fa ngwaga tsa go ya makgoeng di setse di tlolagantse jaaka tsa ga Molefyane e bile o tlodile mololwane wa ngwaga tse di masome a marataro le botlhano, o ka ikanya madi a bagodi. Bokhutlo

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%