‘Ga re ikgatlhe ka ope!’

Source : KUTLWANO

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : GABORONE

Event : Polelo

‘Ga re ikgatlhe ka ope!`

 

…Nnete ke gore ba le bantsi ba biditswe, mme a le mongwe ke ene a tlaa tlhophiwang

 

Polelo: Ndingililo Gaoswediwe

Ditshwantsho: Gothusang Lesego

Diaparo: Stuttafords (Airport Junction) le Markham (Game City)

Mmaletsoku: Lebogang

Mokgabisi: Seneo

Tsatsi ke la tshipi. Fela fa lonakana lwa tshupanako ya lobotlana lo ganelela fa go borataro mme mmati wa lone a itlhaganeletse go fitlha kwa go lesome le bobedi, bontsi bo a bo bo itse gore e gorogile nako.

“This is my time,” ya bo e le one molotsana wa pina yo ereng bontsi jo bo tshuba Btv bo kgatlhantshiwa ke one pele ga go tlhagelela borre ba babedi ba tsentse kgarejwana e e mmala wa sebilo fa gare.

Matlho a bo rre ba le mme yo a bo a tlhomame serala. Tlhoafalo e le yone fela e e iponatsang mo difatlhegong tsa bone. Gongwe ramatheka o inaakantse le bone! Ijoo! Motho se ikgolege gongwe ba tshameka motshameko wa bo mmotlana wa statue.

Nnete ke gore megopolo ya baeka e a bo e kgarakgatshega e ya kwa le kwa o ka re tloloko e rwesitswe kgomo ya mongala. Tiro ya boraro jo ya go nna baatlhodi ba kgaisano ya moopelo wa MyStar ga e boreledi jaaka bolele.

Mme go le gantsi, babogedi ba kgaisano e e e setseng e le mo ngwageng wa borobabobedi ba dumela fa dikakgelo tsa baatlhodi e se tse di agang. Ka jalo potso e nne gore a mme gone nnete e a baba?

“Se ke se buang se a bo se tswa botennye jwa pelo ya me, ga ke itumedise kana go ikgatlha ka ope, Fa ke efa sekai, motho fa gongwe fa a roromisa lentswe o ka re o tshwere machine o o tampelang,” go bua Kgomotso Tshwenyego yo fa gongwe o fitlhelang e kete go a mo ketefalela go tsaya tshwetso fa e le nako ya go khutlisa mosepele wa bangwe.

O tlatsa ka go re fa seemo se ne se letla e ya go pega batho selepe sa magagane tiro o ka bo a sa amane le yone. A re batho ba tshwanetse go itse gore moopelo ke tiro, ka jalo nako ya go neneketsa le yone ga e kitla e nna teng.

Ausi Kgomotso o na le dingwaga tse supa a ntse a dira tiro e. Fa a le kwa MyStar o gakolola ba ba phadisanang fela jaaka bana ba gagwe kwa lwapeng. O tlhalosa gore fa ngwana a sa tlhatswa dikotlele, go molemo go mmolelela nnete jaaka e ntse, mme fa a dirile sentle mo akgole.

Keabetswe Sesinyi yo o bokwang fela go twe Master Dee Master Dee e bile e le  mosimolodi wa kgaisano e, a re tota ene o tshwaela a sa sekamela ka fa lotlhakoreng lope ka gore fela fa di tloga o ithuta ka bokgoni le kgolo ya bagaisani. Katlholo ya gagwe e laolwa ke mabaka a tshwana le a, ka jalo fa motho a supa kgolo o a mo rotloetsa, mme fa a sa supe tokafalo le ene fela jalo o mo gakolola go dira se se tshwanetseng.

Shanti Lo ene a re dikakgelo tsa gagwe ga di a kwalwa gope, ke ka moo gantsi ba farologanang, mme se se botlhokwa ke go bua nnete o lebile ka fa motho a dirileng ka teng o lebile dintlha tse di amanang le tsa kopelo.

Nnete ke gore ba le bantsi ba biditswe, mme a le mongwe ke ene a tlaa tlhophiwang go dirisiwa palo ya batlhophi e le yone baatlhodi ba se nang taolo ya yone, ga tlhalosa jalo yo wa Tomeletso Loeto yo leina la gagwe tota tota le komeditsweng ke le a tumileng ka lone mo mererong ya mmino la Shanti Lo. Shanti Lo o simolotse mosepele wa gagwe le MyStar monongwaga.

Baatlhodi ba ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore botswerere bo bontsi mono gae, mme Shanti Lo o tlatsa ka gore se se ka iponatsa fela fa motho a bereka bosigo le motshegare.  Fa a ne a ka fiwa sebaka sa go direla bagaisani sengwe, o ne a ka dira dithuto-puisano a laleditse diopedi le go tokafatsa seemo sa matswakabele a tsa kopelo. Kgomotso ene o ka simolola ka go ba baya golo go le gongwe le ene fela jalo a tshware dithuto-puisano a remeletse mo go kwaleng dipina, go diragatsa fa pele ga matshwititshwiti le go opela. Master Dee ene o ipona a ba kgaogantse ka ditlhopha gore ba tle ba kgone go tokafatsa bodiragatsi jwa bone mo matlhakoreng a a farologaneng gore phelelong e bo e le bo Destiny Child le Western Life ba mono gae.

Fela fa o le mo MyStar o bo o tla o sa ipaakanya boraro jo bo tlaa ne bo sale bo go bone, gantsi yo wa Master Dee o leba go sele, Kgomotso ene a itshware mahuma fa Shanti Lo ene a tlaa  tsidifala fela a go tima  monyenyo.

Mme fa tiro ya kwa lwapeng e dirilwe fa gare ga beke, o tlaa bona rre yo o thata gore o ka mo tsikitla ka pina a ntsha monyenyo. Ausi Kgomotso ene o tlaa ne a sale a tlhomile matlho yo o mo seraleng ka lorato, fa gongwe a dire o ka re o opa diatla. Fela fa o ka utlwa Shanti Lo a bua gore o ka nna mongwe wa baopedi kwa kemong ya gagwe kana a ntsha monyenyo ka e bile a le montle mo motho a ka reng mmopi o mo dirile a sa itlhaganelela gope, o bo o itse gore tiro e dirilwe.

Ba ipaakanyetsa jang tiro ya bone?

“Beke yotlhe ke a bo ke akanya, ke ipotsa gore a bana ba ikatisitse gape ke ipotsa gore tota ke ya go apara eng,” Shanti Lo. Ee, ga go makatse gore seopedi se sa mmino wa Jazz e bile e le moroki a bo a tshwenyega ka tebego ka tota go se ope yo o sa mo itseng fa go tla kwa mokgabong.

Mme kwa mmadikole kwa Kgomotso a dirang teng jaaka mokwaledi, fa go le Labotlhano o a bo a eta a tsaya thapelo e khutshwane, a kopa Ramasedi gore bagaisani ba ntshe  ga tshwene le gore ba tlhaloganye gore ba tsenetse eng mo kgaisanong.

Fa Shanti Lo le Kgomotso ba etelwa ke dikakanyo le dipotso, owaii! Eseng yo wa Master Dee. Ene o a bo a itse gore bangwe ba ya go gata kosini.

“Ke a rata fa ke romela batho gae jaana ka gore nako ya go supa mofenyi e a bo e atamela ka tota nna ke a bo ke batla go itse mofenyi,” go tlatsa Master Dee yo ene gantsi a sa tseweng ke maikutlo jaaka yo wa Kgomotso fa go tla nako ya go khutlisa mosepele wa bagaisani mo MyStar.

Teaser:

...Nnete ke gore ba le bantsi ba biditswe mme a le mongwe ke ene fela a tlaa tlhophiwang

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%