Basotho ba mpeile ka marago gompieno

Source : KUTLWANO

Author : Kutlwano

Location : GABORONE

Event : Column-Mosasankegi

Mosotho a re ho chechela moraho ha se go baleya..ke go nka maatla. Batho ba ga Moshoeshoe ruri ba segofaditswe ka puo. E re o tla ba ja monate e be e le fa ba tshwere pina. O tla fitlhela banna ba teng ba goloketsa, molamu o le mo magetleng o ka ba wa belaela gore fa o ka kgabola fa pele ga motho wa teng o ka go kobonya ka one mo tlhogong. 

Kobo yone ga se e e ka salang le fa mogote wa letsatsi e le o o ntshang kolobe mo hokong. Basotho! Fa e le mo matlhapeng o kare e ka bo e le bontsalaa Bakgatla–ba-Kgafela.  Mo go la gompieno letsatsi ke beilwe ka marago ke mechine ya bone e e ntshang madi e bangwe ba e bitsang ATM. Re gorogile mo ga bo Thabo go dubegile. Go lowa e e matlho mahibidu.

 Go utlwala fa yo monnye e rile a tsoga a ya nakana bodibeng ka madi a ga mogolowe. Fa a bowa kwa a neng a tswa teng, ba rurifatsa fa e le ene a a tsereng ka go utlwa loleme la gagwe le itshopha. “Hee! batho ga ke a nwa jwalwa ke nole tsontsobina. Hee batho jwalwa jo bo ntapisa haholo. Hee! mama phega hoo ke lapile,” a tla jalo a opela mosimane wa kwa dithabeng.

 Fa a tsena ka mojako, Thabo a mo leba gangwe fela, a tloga a mo tshwara ka tse di jang bogobe. Mosimane a pirigana fa fatshe ka marago. “E otle satane e mmayo go swa e,” ga bua mmaagwe Thabo a retha gofejane ya gagwe ka thobane a ba a mo tlogela a kgophaletse. A metsi a dule kae, go ka itse ene Thabo fela. 

Ra mo tlogela foo a bokolela. Ka e bile se ne se tlhakane le phafana ya nna tlhakantshuke fela. Ra tswa ka jarata, Thabo a re eteletse pele. A betilwe ke e e sa ileng mmotlana. 

Ra feta re pagamelela re sa tswa go fologelela. Banna! tse ditsela ga di batle mpaa diatla. Ra ba ra fitlha fa polokelong. 

Ke ne ke a rwele sentle madi. Ke sone se ke neng ke ile go iphokisa phefo kwa Lesotho. Ba ntse jang bo mmannyeu! 

Fa ke fitlha fa mochineng ka ema lobakanyana ke sa ntse ke ntsha karata yame. Fa ke leba mo motshining ka fitlhela o benya mafoko a a reng, “Sheba tikologo ya hao kaofela, fa o fomane motho o sa mo tsebe chechela moraho o sa tseya chelete. Motho yoo ke tsotsi o tlo go nka chelete ya hao kaofela,” Ya ne e kete ke ka tshega. Ka tobetsa fa go tweng ga go na motho. Jalo motshini wa ntsha mafoko a a reng, “kenya karata ya hao mo mochining”. Ka dira fela jalo. Ya re fa ke e tsenya mo mochining wa mpotsa, “Uhu! o hlaha Botswana,o sebetsa eng ka chelete mo Lesotho, lona Batswana le bapala ka chelete,” ka swa ka ditshego. Fa ke leba ka fitlhela mochini o letetse gore ke tlhophe mo mekwalong ya one. Ka tlelwa ke botoutu tota ke batla go bona maikaelelo a mochini. Ka tobetsa fa go tweng, “Chelete e ke ya ho bapala,”Mochini wa ntsha karata fa ke leba ka fitlhela o benya mafoko a a reng, “Ha e yo o e jele yotlhe, ena ke ya bana,”motshini wa kgwa karata, ka wa ka ditshego. Ka tsaya karata yame ka e busetsa mochining. “Ke wena hape ha o ise o baleye ,” mochini wa mpotsa. 

O nyaka eng jaanong?” Ka tobetsa fa go kwadilweng gotwe, “Chelete ya bana.” Mochini ga o ise o re kamoso wa kgwa karata fa ke leba ka fitlhela o kwadile o re, “E bile o leshano, ke a tseba o ntse o le kamo o nyaka chelate ya ho bapala, O nahana hore ke setlaela chelete e ke ya bana.” 

Karata yame ya wela fa fatshe. Ka inama ka e sela ka e busetsa sepatsheng. 

Fa kere Thabo tla o thuse, a isa mabogo kwa tlhogong a re bolelela fa mochini o ka se tlhole o ntsha tshelete. “Metshine e ga e batle motho a bua leshano,” ga bua Thabo.

 

Teaser:

"Hee! Batho ga ke a nwa jwalwa ke nole tsontsobina.  Hee batho jwalwa bona jo bo ntapisa haholo.  Hee! mama phega hoo ke lapile,"

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%