Basotho ba mpeile ka marago gompieno
Source : KUTLWANO
Author : Kutlwano
Location : GABORONE
Event : Column-Mosasankegi
Mosotho a re ho chechela moraho ha se go baleya..ke go nka maatla. Batho ba ga Moshoeshoe ruri ba segofaditswe ka puo. E re o tla ba ja monate e be e le fa ba tshwere pina. O tla fitlhela banna ba teng ba goloketsa, molamu o le mo magetleng o ka ba wa belaela gore fa o ka kgabola fa pele ga motho wa teng o ka go kobonya ka one mo tlhogong.
Kobo yone ga se e e ka salang le fa mogote wa letsatsi e le o o ntshang kolobe mo hokong. Basotho! Fa e le mo matlhapeng o kare e ka bo e le bontsalaa Bakgatla–ba-Kgafela. Mo go la gompieno letsatsi ke beilwe ka marago ke mechine ya bone e e ntshang madi e bangwe ba e bitsang ATM. Re gorogile mo ga bo Thabo go dubegile. Go lowa e e matlho mahibidu.
Go utlwala fa yo monnye e rile a tsoga a ya nakana bodibeng ka madi a ga mogolowe. Fa a bowa kwa a neng a tswa teng, ba rurifatsa fa e le ene a a tsereng ka go utlwa loleme la gagwe le itshopha. “Hee! batho ga ke a nwa jwalwa ke nole tsontsobina. Hee batho jwalwa jo bo ntapisa haholo. Hee! mama phega hoo ke lapile,” a tla jalo a opela mosimane wa kwa dithabeng.
Fa a tsena ka mojako, Thabo a mo leba gangwe fela, a tloga a mo tshwara ka tse di jang bogobe. Mosimane a pirigana fa fatshe ka marago. “E otle satane e mmayo go swa e,” ga bua mmaagwe Thabo a retha gofejane ya gagwe ka thobane a ba a mo tlogela a kgophaletse. A metsi a dule kae, go ka itse ene Thabo fela.
Ra mo tlogela foo a bokolela. Ka e bile se ne se tlhakane le phafana ya nna tlhakantshuke fela. Ra tswa ka jarata, Thabo a re eteletse pele. A betilwe ke e e sa ileng mmotlana.
Ra feta re pagamelela re sa tswa go fologelela. Banna! tse ditsela ga di batle mpaa diatla. Ra ba ra fitlha fa polokelong.
Ke ne ke a rwele sentle madi. Ke sone se ke neng ke ile go iphokisa phefo kwa Lesotho. Ba ntse jang bo mmannyeu!
Fa ke fitlha fa mochineng ka ema lobakanyana ke sa ntse ke ntsha karata yame. Fa ke leba mo motshining ka fitlhela o benya mafoko a a reng, “Sheba tikologo ya hao kaofela, fa o fomane motho o sa mo tsebe chechela moraho o sa tseya chelete. Motho yoo ke tsotsi o tlo go nka chelete ya hao kaofela,” Ya ne e kete ke ka tshega. Ka tobetsa fa go tweng ga go na motho. Jalo motshini wa ntsha mafoko a a reng, “kenya karata ya hao mo mochining”. Ka dira fela jalo. Ya re fa ke e tsenya mo mochining wa mpotsa, “Uhu! o hlaha Botswana,o sebetsa eng ka chelete mo Lesotho, lona Batswana le bapala ka chelete,” ka swa ka ditshego. Fa ke leba ka fitlhela mochini o letetse gore ke tlhophe mo mekwalong ya one. Ka tlelwa ke botoutu tota ke batla go bona maikaelelo a mochini. Ka tobetsa fa go tweng, “Chelete e ke ya ho bapala,”Mochini wa ntsha karata fa ke leba ka fitlhela o benya mafoko a a reng, “Ha e yo o e jele yotlhe, ena ke ya bana,”motshini wa kgwa karata, ka wa ka ditshego. Ka tsaya karata yame ka e busetsa mochining. “Ke wena hape ha o ise o baleye ,” mochini wa mpotsa.
“O nyaka eng jaanong?” Ka tobetsa fa go kwadilweng gotwe, “Chelete ya bana.” Mochini ga o ise o re kamoso wa kgwa karata fa ke leba ka fitlhela o kwadile o re, “E bile o leshano, ke a tseba o ntse o le kamo o nyaka chelate ya ho bapala, O nahana hore ke setlaela chelete e ke ya bana.”
Karata yame ya wela fa fatshe. Ka inama ka e sela ka e busetsa sepatsheng.
Fa kere Thabo tla o thuse, a isa mabogo kwa tlhogong a re bolelela fa mochini o ka se tlhole o ntsha tshelete. “Metshine e ga e batle motho a bua leshano,” ga bua Thabo.
Teaser:
"Hee! Batho ga ke a nwa jwalwa ke nole tsontsobina. Hee batho jwalwa bona jo bo ntapisa haholo. Hee! mama phega hoo ke lapile,"












