MOSESE o dubile MOTSHELO

Source : Kutlwano

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : GABORONE

Event : Wedding Vee & Kagiso

Owaii! Ka go utlwa fa mosese o ne o o ja kgomo le namane, bontsi jwa eletsa go ya go tsaya malebela.

Khupamarama ya pala, mmutla wa rotha madi, mokgosi wa utlwiwa ke motho a se fano.

O ka utlwa Motswana! Ya re mongwe a botsa fale gore le jelwa kae lenyalo, karabo ya nna gore fa o sena karata ya taletso se itshwenye ka gore go laleditswe batho ba le makgolo a matlhano fela. Ke bafe bao?

Ya bo e le gone jaaka Vee a dubile motshelo. Motswana o ka mo tima disele e seng lenyalo. Ga tsoga kgaruru. Motho a mona monwana a sa tswa go o thwantsha, a ba a ikana ka ba ba suleng gore fa e le gore Vee ga a itse gore, “montsamaisa bosigo ke mo leboga bo sele,” ba tlaa mo tsenya mo tseleng. Batho ba ipokela ngwana wa batho, dikgang tsa nna mafaratlhatlha tsa ba tsa feta thapo tsa loselo.

Nna ka re fela jaaka a sa dire di show privacy, bone batho ba a sa ba laletsang ke bone ba o fitlhelang ba bina ba tshologa dithitho, e bile ba reka di album, jaanong o bona gore ga a ba laletse ko lenyalong lwa gagwe, o seka wa tsaya batho ba ba go tsholetsang ka letsogo la molema...!” ga bua mongwe – leina le sentse motse!

“Why a tlhaola batho ba ba rich ba ba sa rekeng mmino wa gagwe rona diparo tsa gagwe re di reka. He is not fair to us, Vee o tsholediwa ke rona ka madi a rona, the next thing wa tlhaola o tsaa batho ba eleng gore ba reetsa bo Beyonce le bo Rihanna,” mongwe le ene fela jalo a itela - leina la motho kgomo!

Ka go se ke go tlhoka yo o reng ‘tsere!` mongwe a seka a bona kgang jaaka ba bangwe ba e bona “you mentioned in one of your comments that Vee is a ‘top local celebrity` right! now i am starting to wonder why we all wanto to be invited to a celebrity`s wedding, has it ever happened all fans are invited? can we be realistic and @ look at things ka tsela tse di tshwanetseng. re kgakgautha ngwana yo mongwe for nothing. Who can manage to invite the whole country to their wedding tota hela ne batho... (O ne o bua gore Vee ke sekgantshwane sa mmino, ke ipotsa gore a go ka kgonega gore rotlhe re lalediwe lenyalo la sekgantshwane. Selo se se direga lefatshe ka bophara.)

Le fa gontse jalo, tsatsi le bomme basadi ba neng ba le beile kgakala e bile e le matsalo a ga Vee la goroga. Ka o mo itse Motswana a rata tseo bobe, mongwe le mongwe a nna podi-matseba gore motlhang phala e reng ‘tswe!” a seka a tswa phokoje wa morago a tloga a bonwa ke dintsa.

 Mongwe fale a setse a itora a reletsa leswao, fa yo mongwe a ne a ipona a papanka ka mosese o o mabaibai motlha ope le ene o ka tswa kwa a akeditswe ke mongwe. Tota go ne go le maleba gore Batswana ba ka akanya jalo. Kana go ne go sa nyale esemang, go ne go tsaya sekgantshwane sa mmino, Odirile Sento yo o tumileng ka leina la Vee, a rurifatsa fa ene le tshetlhana ya ga Maila kwa goora De Clerk, Kagiso, ba tlaa kgaoganngwa ke loso fela.

Owaii! Ka letsatsi la kemo bontsi jwa fitlhela bo tshwere lephoro, dikeletso tsa fetoga dijo tsa ditoro ka jaana go ne ga tlhalosiwa gore go tlaa  tsena fela ba ba laleditsweng, fa e le bomajapolaelo, nnyaa, le monyadi ba tlaa mo utlwalela fela ka batsei ba molelo.

Vee ene o tlhalosa gore barati le balatedi ba gagwe ba ne ba na le tshwanelo ya go ngongorega. “Ke motho wa batho, ke a tlhaloganya, mme go ne go se motlhofo, fela jaaka fa motho a sule mongwe a ka lela mme a ka seke a tsose moswi. Ke ne ke ka seke ke kgotsofatse batho botlhe,”

Fa a ne a batlile lefelo le legolwane, go ne go raya gore le dituelo di a oketsega mme Vee a re le fa a ka bo a ne a diretse lonyalo lwa gagwe mo lobaleng mo Gaborone o ne a tlaa bo a sa direle balatedi ba gagwe sentle ba ba anameng le mafelo a tshwana le Gantsi, Maun, Francistown le a mangwe fela jalo.

Le lona ba ba sa bonang taletso, Vee a re, “ba seka ba wara I will do something for them.” go araba seopedi se se neng se le kwa se gatisang Supernatural Volume 2 teng. Ka Botswana e le lefatshe la kgololesego, dipuo di builwe mme sebe sa phiri ke gore ga di a fetola sepe. Ya bo e le semphete ke go fete kwa kerekeng ya Bread of Life kwa Gaborone West. Le bommotlana ba ipatlela phatlha mo tanteng gore le bone ba tsoge ba supa gore tota Vee ba mmone a tsaya kgarejwana Kagiso.

Fa o ne o batla go lemoga bothakga jwa mmopi ke fa o ne o lebile kgarejwana e go tweng Kagiso. Mosese o go buiwang ka one o, o simolola go manama le mmele wa gagwe fela go tswa mo sehubeng mme e re o tsena mo thekeng o mo dikologe fela jaaka a ntse, botswerere jwa mmopi o bo ntshetsa mo pontsheng mme monna wa gagwe e le mfana wa kasi yo o neng a ikopelela Pompa Tswidi. Motho a ka ipotsa gore ba kopana jang, kae?

“Dilo tse go tswa fela, lerato lame le Kagiso e ne e le love at first sight, go ne go sa tlhokege gore ke ithamake ka dipuo,” go tlhalosa Vee.

Bobedi jo bo sale bo kopane ka 2003 kwa Jwaneng ka malatsi a boikhutso a ga Tautona kwa Vee a neng a diragatsa teng fa wa mmenyana a ne a tsene kgaisano ya mmabontle. Tumalano ya nna gore ba tsee dilo ka iketlo ba tlaa bona kwa mmu wa sekara o welang teng. Fa ba sale foo ba segofadiwa ka ngwana wa mosimane.

Vee a re go tsena mo nyalong ga gagwe le Kagiso ga gona go fetola se a leng sone e bile ga ana go tlhanogela ditsala tsa gagwe kgotsa barati ba moopelo wa gagwe.

A re bangwe ba tseela gore o rata dilo mme ene a re ke motho yo o ratang dikoloi le thapelo. BOKHUTLO

Teaser:

Tota fela motshelo o dubilwe ke mosese wa monyadi o go utlwalang o ne o segwa ke setswerere sengwe kwa Afrika Borwa. Vee ene o ne a eleditse gore lenyalo la gagwe le Kagiso De Clerk e nne phitlhela kgomo ya serotswana go fitlhelela letsatsi la kemo...

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%