Go sita a loso fela...
Source : KUTLWANO
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : LILONGWE
Event : Pitso ya babegadikgang ba SADC
Polelo le Ditshwantsho: Ndingililo Gaoswediwe
E le ruri maano a botshelo ga a site go sita a loso. Phetogo ya loapi e leka ka bojotlhe go nyeletsa sika loo motho ka merwalela, mogote o o feteletseng o o bolayang dijwalo gore leuba le tlhasele batho le diruiwa. E re ntswa seemo se se bifela pele, makgotla mangwe a itepatepantse le seemo se.
Ke ka moo lekgotla la mafatshe a borwa jwa Aferika (SADC) le boneng go le maleba go tla ka metlhale e mesha ya temo go itepatepanya le seemo se. Mo bosheng lekgotla la SADC le ne la epa pitso ya babegadikgang go tswa mafatsheng a a farologanyeng kwa toropo kgolo ya Malawi Lilongwe. Maikaelelo a bokopano jo e ne e le go ithutuntsha ka ditsela tse balemi ba ka lwantshang phetogo ya loapi ka teng.
Mogakolodi wa SADC, Nnyaladzi Batisane o tlhalositse mabaka a a amanngwang le go fetoga ga seemo sa loapi a a akaretsang le yone temo thuo. Ka fa e sule e a bo e sule, seemo sa kgotlelesego ya loapi ga se kake sa busediwa morago, mme gore botshelo bo tswelele ke gore go logiwe metlhale e mesha ya temo e e tla a sekeng e latse ma Aferika le ramatheka.
Metlhale e, e setse e le mo tirisong kwa mafatsheng a tshwana le la Malawi ebile balemi ba gatetse pele. E akaretsa go ala letlhaka mo tshimong morago ga thobo gore se se kgone go somarela bokgola. E re ntswa tiro e e tlhoka gore go tsenngwe marapo mo dinameng, balemi bangwe kwa Malawi ba gatetse pele ka ba tlhalosa fa moalo o wa letlhaka o le mosola ka jaana o ba thusitse mo go lwantsheng motlhwa. Fa motlhwa o santse o o ja letlhaka, dijalo tsone di a gola le thobo e bo e isiwe diraleng e sa kgongwa ke diji.
Kabakanyo ya dijalo ke nngwe ya metlhale e e botlhokwa. Sekai, go lema mmidi le mefuta mengwe ya dinawa e e tsenyang menontshane mo mmung. Mme Batisane o tlhalositse gape gore fa loapi lo ntse lo thuthafala jaana, go na le dijalo dingwe tse di kgonang go emela diemo tse go na le gore balemi ba ganelele mo go tse ba tlholegileng ba di lema mme mo nakong eno di sena dipoelo.
E re ntswa phetogo e e se e e monate, o tlhalosa gore bao ba ba nang le itlho le le ntshotsho la kgwebo ba dirisa seemo se go tla ka tsa boitseanape jo bo ka dirisiwang le gone go tlhama dikompone tse balemi ba ka baying madi mo go tsone gore e re fa mpudi a farelwa ba bo ba na le se ba se ikantseng.
Kgakololo ya bofelo, Batisane o ne a e lebisa bobegadikgang gore bo leke go dirisa mokwalo o o tlhaloganngwang ke bontsi le go tila go kwala fela ka ditla morago tsa thuthafalo le phetogo ya seemo sa loapi mme ba supe le tse dintle.
Bokwaledi jwa SADC bo simolodisitse lenaneo la ngwaga tse tlhano le le itebagantseng le go itlwaetsa le go bepisa seemo sa phetogo ya loapi mo kgaolong ya mmakete wa botlhaba le borwa jwa Aferica (Common Market for Eastern and Southern Africa) le kgaolo ya botlhaba (East Afrcan Community).
Dingwe tse di akareditsweng mo lenaneong le ke dithuso tsa madi, go ruthuntsha babegadikgang go isa dikgang tse kwa bathong le metlhale e balemi ba ka e dirisang go bona thobo e e botoka ntle le go amiwa ke phetogo e.
E re ntswa SADC e tshwere phage ka mangana, ebile nako le yone e fetogile mmaba, tsotlhe di saletse ba mafatshe a tshwana le a Botswana, Tanzania, Zimbabwe, Lesotho le Angola. BOKHUTLO











