BK otswa ka tse di tsididi
Source : KUTLWANO
Author : KUTLWANO
Location : GABORONE
Event : Dikgaisano tsa My Star
Mosepele e le wa tsela ya Kgalagadi. Ya taologa My Star go simologa ka kgwedi ya Sedimonthole ngogola go fitlhelela Labotlhano wa ntlha wa kgwedi ya Phukwi monongwaga. Ya re e lebile kwa motsubong, ga seka ga nna boreledi, Labotlhano mongwe le mongwe bangwe ba bo ba tsholola dikeledi, bangwe ba nyenya, fela ka bokhutshwane mefuta ya maikutlo e bonelwa gone fa. Bagaisanyi ba itomile sanngathe, motseto o fapogile marago.
Fa e ka re moo ga go a lekana, fa mogaisanyi a ka se opele ka lentswe le e kareng la ga dimo a meditse tshilwana, o tla a tswa a itsitile ka mogatla jaaka ntsa, yo Master Dee, Ausi Kgomotso le Shanti-Lo ba khutshwafaditse toro ya gagwe.
Mosimane Boikanyo Sejallolwane yo barati le barotloetsi ba gagwe ba neng ba mmolaisa poko ka la BK, lwa gagwe loeto lwa seka lwa tshwana le makhubu a lewatle a a yang godimo le tlase ka a ne a itlhokotsa ka botswapelo. Motswana fa a re tloga-tloga e tloga gale, o ne a bua a lebile botswere jwa ga BK yo a saleng a itshupile di tloga. Ka jalo Batswana ba nna ba tobetsa megala ya letheka kgapetsa-kgapetsa go mo tshabisa selepe sa magagane.
A goroga Labotlhano wa gore tota fa e le Peter Lekuni yo mo kgaisanyong ya My Star a neng a tumile ka la Ben 10, kgarejwana Tshegofatso Serite le BK ke mang a tlaa ikgapelang dikete di le lekgolo tsa dipula, go ithutela tsa mmino le go ya go gatisa kwa moseja.
Go tshisibalo mo holong ya Boipuso kwa bontsi bo ne bo tshologetse teng go nna basupi le tautona tota a seka a ipona tsapa. Tshupanako e supa metsotso e lesome le boraro morago ga nako ya lesome mme Ben 10, Tshego le BK ba amogela mamphemphe a kompone ya Mascom. Morago ga motsotso Tshego a wela mo go a boraro ka ditlhopho di le 8021. Batsamaisa tiro ba tsaya metsotsonyana e ka nna mene ba gogomosa maikutlo a babogedi le bagaisanyi pele ba supa fa BK e le mofenyi ka tlhopho tse 32 238 mme a longwa serota ke Ben 10 ka tse 20 269. Ya bo e le gone jaaka nkgwana ya My Star ya monongwaga e ribegiwa. Phenyo ya ga BK ga e makatse ka a ne a ipoa kgaa-tshoo!
E re le ntswa motho a solofetse gore jwa ga BK boitumelo bo bo bo phophoma go feta `jwala jwa Setswana, nnyaa, ya bo e kgwabofetse namane ya Molete, go lebega mogoma a ne a sa solofela ka go ne go le thata ya lentswe.
Mmega dikgang wa Kutlwano Ndingililo Gaoswediwe (NG) o buisanya le BK ka loeto lwa gore a felele a iponetse nyebenyebe le gore ponelopele ya botshelo jwa gagwe ke eng ka jaana nako ya go tlhola a lwela meriti le bommantseane e khutlile.
NG: Dumela BK.
BK: Dumelang.
NG: Ke a go lebogisa. Ka bokhutshwane, motho yo BK ke mang?
BK: Ke morwa Lydia le Thabano kwa Ramotswa. Ke tswa mo lwapeng la bana ba le batlhano, basetsana ba bararo le basimane ba babedi mme nna ke belegwe ka ngwaga wa 1990.
NG: Pele o tsenelela kgaisanyo e, o ne o dira eng?
BK: Ke ne ke sa dire sepe e sale ke feditse mophato wa botlhano ka 2008 kwa sekolong sa Kagiso.
NG: Wa kopana kae le My Star?
BK: Ke tseneletse kgaisanyo e kwa Lobatse. Tota ke lekgetho la bobedi morago ga gore ke ragelwe ntle mo Top 6 ngwagatlola.
NG: Pina e o e opetseng tsatsi la ntlha le la bofelo la kgaisanyo ke efe?
BK: If I could turn back the hands of time ya ga R. Kelly.
NG: Ao BK, o raya gore fa nako e ne e busetswa morago o ka bo o shafatsa botsalano jwa gago le wa mmenyana?
BK: Nnyaa, pina e e a nkgothatsa ebile e tsamaelana le mofuta wa lentswe lame.
NG: Nyelenyele o ya go dirang ka yone?
BK: Ke ya go tlhabolola ntlo ya ga mama, tota ebile ke ene a neng a nthotloetsa go tsenelela My Star. Ke itumeletse gore ke bone sekolo jaanong ke ya go tswelela le tsa mmino ka ke tla a bo ke na le maitemogelo fa ke wetsa dithuto.
NG: Sure BK, tla ke seka ka go jela nako, selo se bosigo…
BK: Sure! BOKHUTLO
Teaser:
E tlaa re re re ke dipitse re bo re di bone ka mmala, ebile ntsanyana ya maitayasebatana e bonwa mabotobotong











