Go tsamaya ke go bona

Source : KUTLWANO

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : LILONGWE

Event : Loeto

Matlho dialana ga a je sa ga ope. E le ruri go tsamaya ke go bona. Ka motho a kopa diamaleng ka lonao e kete o baya ditsha, wa ntsaya mmereko wa ya go ntatlhela kwa Malawi kwa SADC e neng e epile pitso ya temo-thuo le phetogo ya loapi.

Ya kotama kwa lebaleng la difofane la Kamuzu International nonyane e tshweu ya loapi. Go tswa mo lebaleng go ya Lilongwe ke sekgala sa dikhilomethara di le masome mabedi. 

Ntswa mosepele o nnile mokhutshwane, ka bo ke setse ke itemogetse dilo di le mmalwa. Batho ba tshela ka temo ka jaana masingwana a e kete a bomaipaafela a bapisitse tsela go tswa fela fa lebaleng la difofane go leba kwa toropong. Le ntswa gotwe kwa Bokalaka ba a e palama baesekele ga ba ka ke ba tsaya sekgele. Mo Lilongwe e dirisiwa jaaka thekisi. Ya re ke santse ke e ja monakaladi wa kobolela, matlho a tletse le khutlo tse nne tsa lefatshe, ka kgaolwa pelo ke mogobagoba o o sa ikategang ka fa matlhakoreng mme o belesitse batho jaaka kgetsi tsa mmidi. Owaii! Ga go tsapa le fisang pelo mo bapagaming ba, go lebega e le selo modiro. 

Ga bo go rena kagiso, batho ba tsweletse ka `tiro tsa bone, le moeng a ka se lemoge gore ke malatsi fela a le lesome le borobabongwe morago ga ditlhopho tsa setshaba tse mo go tsone Peter Mutharika wa Democratic Progessive a neng a phamola setilo sa botautona mo go Joyce Banda wa People`s Party. 

Mosepele wa felela fa hoteleng ya Crossroads. Ka latlhela mesobana mo kamoreng, letsapa ke sa le utlwe ka e ne e le lantlha ke ipona ke tshwere ledi la Amerika. Fa ke fetololela madi a kwa dikwacheng tsa Malawi, ka fetoga mohumi wa dinaledi, fa ke re ke tlhola dipulanyana tsame tse ke sa bolong go di baya ntlo se thubege, ka palelwa le gone go bala dinomoro. 

Ka dikologa le mmolo wa Crossroads mme ka itemogela fa batho ba Malawi ba le lorato. Ka dumela ntleng le pelaelo gore lereo le ba bokang lefatshe la bone la The warm heart of Africa le kaya se ba leng sone. Le ntswa ke ne ke itse go dumedisa ka segabone, (Muribwanje, tiribwino….) loleme lwa gana go itshopha jaaka lwa bone. Ba kgatlhegela gore tota mme mo Aferika ke tlholega kae? Fela fa ke re Botswana, potso e nna gore, “Where is the Makhirikhiri guy?” Ka itemogela gore kwa Lilongwe motho yo Shumba Ratshega o tumile go feta mono gae. 

Dijo ka laelwa gore ke leke nsima le nsomba. Ka e ne e setse e le nako ya malatlhantshwana, ka tshaba go tsamaela kgakala ka bo ke reka setoki sa nama e e kgabakgabisitsweng mo mafureng le ditapole, kante ke ipolaisa tlala, le gotwe se lekwa ka legano, le ntsa e ne e ka di gana.

Mala a makima a lala a metsa a masesane. Ka ya go fitlhola go sele, ga nna ga tshwana fela. Ya re e re ke re motshegare ke tla a ja gompala, owaii, ka sulafalelwa ke go bona kapenta/usipa (tlhapi e kareng koloti) e kokobetse mo morong o e ka reng wa nama ya mmutla. Fa e le dinawa tsone di phurega e kete motho o ka adima meno a tonki. Ka itlhobogela ruri tsatsi le le latelang fa nama ya podi e ne e tletse marapo a masesanyane a motho a neng a ka re e ne e remelelwa ka kobolwane.

Tiro kgolo e ke neng ke e etse ya tswelela sentle. Tsatsi la ntlha ga seka ga nna le nako ya mokaragana ka re feditse ka letlatlana. Letsapa le iteleketse, e le go ya go kgophalala kwa kamoreng jaaka monnamogolo wa mokwepa. Le le latelang ra ralala toropo go leba kwa Mitundu le masimo a a mabapi go ya go tsaya maele mo baleming.

Tse ke di boneng! Ka itemogela gore  e le ruri botshelo bo thata. Fa ke tshwantshanya seemo le sa monogae ka lemoga fa Batswana ba tlhabile kgobe ka mutlwa. Go ralala toropo go mebaraka e mentsi. Go rekisiwa tsa temo, diaparo, mekgabisa le didirisiwa tsa mo ntlung le tse dingwe fela jalo. Fa bomme ba bangwe ba thinkgetse kwa masimo ba epa manoko kana dipotata, borre ka fa letlhakoreng le lengwe ba belesa mo dibaesekeleng go isa kwa mmarakeng. Fa o tswa mopalami wa baesekele kwa morago a pegile dikgetsi kana ngata ya dikgong e e tlhatlaganngwang go feta boleele jwa mmithara ga o kgone go mmona. E le ruri go sita a loso fela, le ditanka tsa tshipi di ka nna pedi kana tharo di a tlhatlaganngwa di bo di pegwa mosepele o tswelele. Dikoko tsone di a bofaganngwa di lepeleditse ditlhogo di bo di bofelelwa mo dinakeng tsa baesekele.

Fa e le ka fa dijo di tshwarwang ka teng gone, fa o le `bete se gaufi, o ka se di tsenye ka legano. Borotho bo tsenngwa fela mo dikgamelong tse di sa khurumelweng bo bo bo rekisediwa fa thoko ga tsela. Nama e e sa butswang o fitlhela e kgwageditswe mo mesaseng kwa mmarakeng. Fa yo mongwe ka fa ene a anega bopi jwa mmidi mo lebaleng, yo o bapileng nae o fatolola dipotata tse a di besitseng.

Mafelo a a dikologileng toropo gone, botshelo ke temo. O fitlhela basadi ba rwele bokete mo tlhogong ka fa motho a belege ngwana. O ka rothisa keledi fa o bona bo mmotlana ba tswa sekolong; lenao la ngwana le sa itse setlhako le ntswa go le mariga, metsi one go lebega a dirisitswe go ntsha dithoko fela. 

Loeto lwame ka le garela ka go ya go itisa kwa Chez Ntemba. Koo ke kwa ga mmapereko kwa go senang sorry teng kgotsa mogolo le ngwana. Ka tota matute a morara e le sereto mo go nna, matlho a di bone tsotlhe mo lefelong le. Se se botlhoko go ne go tsile le basetsanyana ba ba sa gakeng gore ke ba sekolo, mme e re o leba o fitlhele a huparetswe kana a binela monnamogolo yo tlhogo ya gagwe e setseng ka dithiri fela tse di ka balegang.  

Fela sebe sa phiri  ke gore pharologanyo e ntsi thata fa gare ga banni ba bo tshaba-ntsa le ba ba kwa tlase. Le fa go ntse jalo, Lilongwe o tlhabologile, o ikgantsha ka dikago tsa palamente, mebolo e metona le dihotele tsa monobonobo. BOKHUTLO

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%