Modimo o phala baloi

Source : Kutlwano

Author : Mothusi Soloko

Location : FRANCISTOWN

Event : Interview

A tlhwaa tsebe, bobedi joo jwa reetsa tlhamo eo. Fela Dramaboi ya bo e kare o ferekanngwa maikutlo ke tlhamo e. Mafoko a pina ya Mocking Bird a mo tlhaba jaaka lerumo, o kare pina e e dirilwe go lebilwe ene.

Nako eo, botshelo kwa lwapeng bo ne bo se monate. Batsadi ba gagwe ba sa tseisanye molelo, ba itaana ka noga e utlwa. Pina e ya Mocking Bird, Eminem o e kwaletse ngwana wa gagwe wa mosetsana. O mo tlhalosetsa gore ke eng a sa tshele le mmaagwe le gore ke eng o kare ga a mo fe nako.

 “Ke ne ka tsaya pene le pampiri ka fetola botshelo jwame dipina tse di monate,” a bua jalo.   Go sitang tota ka gore le lone leina la gagwe e le bokao jwa botshelo jwa gagwe. “Leina le la Dramaboi le raya madubedube a botshelo jwame le madubedube a mmino, ke gore drama in my life and drama in the music industry,” a bua jalo.

Kgaitsadie, Mimi, yo le ene e leng modiragatsi o iteela kgang ya ga Dramaboi moroko. “Dilo tse dingwe re tswa go di lemoga morago ga lobaka ka re ne re sa ntse re le ba botlana,” a bua jalo.

Ba ne ba tshela ka go tlhotlhoma le malwapa a masika a bone go fitlhelela kwa phelelong batsadi ba bone ba kgaogana.  Tota sa bone ga se go opela fela, ke tsela nngwe ya go kokobetsa maikutlo a a tobekaneng. “Fa re ne re sa tshela botshelo jo re bo tshedileng re ka bo re sa opele, mme pina e re thusa go ikimolola maikutlo,” ga bua Mimi.

Se se bonala mo pineng ya ga Dramaboi ya True Story e e leng yone seipone sa botshelo jwa gagwe. Mo go yone a re:  “Bana ba tshwerwe ke tlala ba khala dah, so I have to run on a nigga ke zala dah, mapodise a ntshwara dah. Go ne go le thata botlhe ba nkganetsa, must ke reke phaleche ka madi a show, dikeledi tsa mogoma di rotha ntate, I`m smiling at people while hiding in the pain.”

Le ka motlha wa gompieno Dramaboi a re o santse a hupile tedu. A re le fa a sa bona bontsi jwa tse di neng di dirafalela batsadi ba gagwe fela maikutlo a gagwe a gana go wela. “Go santse go le thata mo go nna, ke nna fela ke tenegile o kare sengwe le sengwe se nkgobera maikutlo,” a bua jalo.

Kgaitsadie, Mimi, ene a re go kile ga bo go ntse jalo ka ene. Go pala gore a nne le mokapelo ka lobaka. “Ke ne ke tenega ka pela, mme fa e sale re sidilwa maikutlo re bo re tsena kereke seemo se fetogile fela thata, ke a itshwara mo dilong tse dintsi,” ga bua Mimi le fa ntswa go ne go sa ntse go bonala gore matlhasedi a kgang ya gagwe a sa ntse a le teng. 

Mosetsana yo o gopola tsatsi lengwe a na le mme mmaagwe, jalo a bona dipilisi ka mefutafuta di tletse ka seatla sa motsadi wa gagwe. “A bo a ya fa pompong ya metsi a re o a di nwa. Ke ne ke na le dingwaga di ka nna tlhano kgotsa thataro. Fa ke botsa mama gore o dira eng, ke fa a di latlha,” ga tlhalosa Mimi. Batsadi ba bana ba botlhe ba paka gore go ne go se na kutlwano mo lwapeng.

Sebe sa phiri ke gore bobedi jo, Joyce le Solomon, mo puisanong le Kutlwano, bo santse bo supana ka menwana mo kgannyeng e. Fela Setswana sa re, “se sa feleng se a tlhola, ngwaga o sa nthateng kgabaganya,”  

Fa re bua jaana bana boo babedi ba ipela ka botshelo jwa bone jwa dikatara. Dramaboi fa a e tshwere pina o tsenya maikutlo mo go yone, mafoko a tlhabe moreetsi a bo a iphitlhele a na le ene Dramaboi mo moweng.

Balatedi ba gagwe ba feta le tsone tlhapo tsa leselo. Mimi le ene fa a tshwere ditshipi o a di dubaduba, a di kgarakgatshe balatedi ba gagwe ba sale ba jele kgakge. Jaaka Dramaboi a bua, ga go sepe se se ka ba emang pele, “Le fa e le robot ya palelwa ke go stop ntate. Fa album e sena go dropa ntate, dikeledi tsa emisa go dropa ntate”.Bokhutlo

Teaser:

Bana ba tshwerwe ke tlala ba khala dah, so I have to run on a nigga ke zala dah, mapodise a ntshwara dah, Go ne go le thata botlhe ba nkganetsa, must ke reke phaleche ka madi a show, dikeledi tsa mogoma di rotha ntate, I`m smiling at people while hiding in the pain.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%