Makgadikgadi Epic-ba jele o tletse
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : MAKGADIKGADI
Event : Bojanala
Ke semphete ke go fete, lerole le beta mokoduwe go tswa khutlong tse nne tsa Nata. Tsa bo di wela dikoloi ka mebala le mefuta ekete motlhape o ya sedibeng.
Bangwe ba mo tsena ba mo tswa kwa morago ka tsela ya lekgarapa e e ralalang makgadikgadi go tswa Mmatshumu, bangwe ka Francistown, Maun le Kasane. Tsela tsa kgatlhanela fa Nata Bird Santuary le mesepele ya khutla fa.
Fela fa matlho a re leba, a kgatlhantshiwa ke tante e tshweu, tshweu twaa! Fa motho a sa utlwa moswadile ka pitso e, o ka tseela gore ke kemo ya mongwe yo o tumileng. Emang a itseng, gongwe digatlhamela masisi di kile tsa boa fa mojakong ka tota kemo yone le baitaletsi ba a letlelelwa. Nnyaya!
Nnete ke gore ya bo e le gone jaaka letsatsi la go simolodisa Makgadikgadi Epic le gorogile. Makgadikgadi Epic, modiro o o gogileng go simolola ka Labotlhano go fitlhelela ka Sontaga o ne o rulagantswe ke ba makalana a Botswana Tourism Organisaton, Nata Conservation Trust le ba Sky Dive Botswana.
Tona wa Tikologo, Diphologolo le Bojanala, Tshekedi Khama, o tlhalosa gore Makgadikgadi Epic ke nngwe ya ditsela tsa go kabakanya mohama wa bojanala go na le go ikaega fela ka diphologolo. A re Botswana o tshwanetse go tla ka metlhale e e farologanyeng ya go godisa mohama wa bojanala ka jaana a iteisana borathana le lefatshe ka bophara go ngoka bajanala.
E re ntswa se e ne e le maiteko a ntlha, morogo wa ngwana ga o tlhotswe ditlhokwa. Batho ba ne ba tsile ka bontsi ebile se se neng se itumedisa ke katlo ya Batswana, ba tsile le ba malwapa go iphokisa phefo.
Go ne go tswa mo mojanaleng gore a o itlhophela go jesa matlho monate ka bao ba ba seng boi ba ba neng ba itatlha mo lefaufaung, go pagama dikuta tsa maotwana a mane, go bona bontle jwa lefelo le le phuthologileng la Nata Bird Sanctuary kgotsa go pagama mokoro mo lekgadikgading la Sua le le tletseng ka nonyane tsa Flamingo.
Tsotlhe tsa tsamaya ka thelelo le fa phefo e ne e etla e kgoreletsa ba ba neng ba itatlha mo sefofafaneng ka dipharachute. Go tila se, Khama a re ngwaga o o tlang modiro o o tla a tshwarwa mo kgweding e seemo sa loapi se tla a bong se ritibetse.
Ya re meriti e simolola go taologa ka la Tshipi ba fulara felo le, se se salang ya nna metlhala e le yone e tla a nyelediwang ke phefo le pula mme itemogelo ya kwa Makgadikgadi Epic yone, ga se e tla nyelelang mo megopolong ya ba le bantsi. Bokhutlo












