Re santse re itshetletse, mme gela

Source : KUTLWANO

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : GABORONE

Event : Polelo

Polelo: Calviniah Kgautlhe

Ditshwantsho: Tshoganetso MokoweMafelo a beke ya bo e le a a iketlileng fa re tsena ka motse wa Gabane o o mabapi le toropo-kgolo Gaborone. Ra tsena ka malatlhantshwana mo ga mosadimogolo Mmatshima loapi lo apogile, pheswana e e monatsana e ntse e fokafoka. O ne o ka seka wa e phoroma ka letsogo mme fela o ne o kgona go ikutlwela gore fa go rena kagiso le thithibalo.

E re le ntswa mosadimogolo Mmatshimo a ne a sa re solofela ka re ole poo! tota e le go dira ka bomo, molete a re amogela ka monyenyo o o kwa godimo mo lelwapeng la gagwe mo le rona re neng ra ikutlwela  re amogelesegile. Kana tota pele re le baya mo ga gagwe re ne re kile ra tsena malwapa a le mmalwanyana gone mo motseng oo mme bontsi bo re re le lebise ko ga Mmatshimo, “Tlholang mosadimogolo Mmatshimo Mokgosi ka fale ka ke ene a phuthetseng go le gogolo,” ga bua mme mongwe wa moagasanyi wa gagwe.

Kana tota ke ne ke itomile molomo wa tlase ke le mo letsholong la go utlwa mafatlha a Batswana- boesemang ba ba latlhelang talama ka seemo sa polotiki ya rona monogae, le go utlwa ene yo o senang maikaelelo a go e latlhela gore gone mme matsapa di a tsaya kae? Go reng ba neela tshwene marapo kana ba goga dinao mo go se go lebegang e le konokono ya matshelo a bone. Ka lentswe le le thololo, sefatlhego se supa dingwaga tse di menaganeng, mosadimogolo Mmatshimo a bolela fa a tsetswe ka 1938, mme ebile e ne ya re fa a fatlhoga a nna le seabe mo go ageng lefatshe leno fela ka tlhopho ya gagwe.

E sale Botswana a tsaya boipuso ka 1966, motho yo Mmatshimo a re ene fa a e latlhela mo lebokosong, tshireletsego ke yone mmang-mang, o a bo a e eteleditse pele ka a re ene ga a batle dintwa o batla tshisibalo mo lefatsheng la gagabo,” a tlhaolosa a menne phatla.

Motho a itsetsepetse, a re ga go paka epe ya ditlhopho e e fetang a sa latlhela ya gagwe talama ka o tlhaloganya sentle botlhokwa jwa go tlhopha, “Mma nna ntlaa fetwa fela ke tlhopho ke sule.” 

Ka mo tlhoma potso; seemo sa polotiki o se bona se ntse jang fa go tshwantshanngwa le bogololo? Ka lentswe le le koteng, mosadimogolo Mmatshimo a re, “Puso ya rona ga e na mathata…. Kana tota fa o re lebelela o bo o re tshwantshanya le mafatshe a mangwe batho ba tshwere bothata go a lowa, rona re lwa ntwa ya molomo. Bona tlhe, maArabia ba a lwa, ko boSyria kwa… bothata jwa mapolotiki a rona gompieno ke gore ba dirisa ditlhapa, ditlhapa ija!” a bua jalo a goletsa lentswe ka tshakgalo a bo a leba go sele. A re selo se se dira gore bangwe ba seka ba kgatlhegela polotiki kana go ikwadisetsa ditlhopho. Ka ntlha e nngwe mosadimogolo Mmemme Leburu a iteela kobo moroko mafoko a mmata wa gagwe a tlhalosa jalo gore ene fela jaaka mmatshimo o  tlhopha nako le nako mme ene ga a tlhophe motho. “Nna ke tlhopha tsamaiso ya phathi e seng motho.”

A re bontsi jwa batho ga ba latlhele konopo mme ba eteleditse pele go kgala se se dirwang a tlhalosa jalo gore puo e kgolo e kwa talameng. Mmemme a gatelela botlhokwa jwa gore mapolotiki a itlhome kwa pele ka go anamisa mananeo a bone ka bokgabane ba emise go gagautlhana ka ke gone go nyemisang batlhophi moko. 

A supa jalo gore go botlhokwa gore mapolotiki ba nne le boammaruri kana tota mogologolo o rile “motho naka lwa tholo, matswakabele a matswapetswape ga a itsewe e se naga.`”

Monana Philip Ndo wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe mme ebile e le moithuti wa boranyane jwa dikhomputara kwa dikolong tse dikgolwane e, a re ene ga a ikwadisetsa ditlhopho ka gore o bona merero ya ditlhopho e le dilo tsa batho ba golwane. “Ke fela gore polotiki ke dilo tsa batho ba ba tona, ga ke na kgatlhego,” a bua a sa oshaoshe. Thuto Segatlhe ene a le dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi, ke moithuti wa mmadikolo a supa jalo gore ene o ikwadisitse mme ebile e tlaabo e le lantlha a tlhopha. “Ke simolotse go kgatlhegela polotiki during house-to-house campaigns ka phathi nngwe fa ke fetsa ko sekolong se se golwane.” Gogontle Sephikwe, 19, a re ene ga a ikwadisetsa ditlhopho ka mabaka a gore ga a tshephe mapolotiki. “Difatlhego tsa bone o di bona fela fa ba batla tlhopho, go seng jalo ga o kake wa tlhola o ba bona.”

Mmata wa gagwe mme ebile a le mmotlana mo go ene ka ngwaga, Refilwe Kotlhao, a re ene o ikwadisiseditse ditlhopho ka a rotloeditswe ke batsadi ba gagwe, “Bothata jwa me fela ke gore mapolotiki ga ba lwantshe dikgang tsa konokono, kana mathata ba dia nako ka go tlhasela mapolotiki a mangwe mme ba dirisa batlhophi go dira se,” a supa jalo gore se ga se a siamela polotiki mme e bile se se tlhoka go baakanngwa.

Ba bua jalo Batswana ba ntsha mafatlha a bone ba tlhalosa gore go reng ba sa innaakanye le tsa polotiki le gone gore goreng ba tsaya karolo ka maatlametlo fa Botswana a ya ditlhophong tsa lesome le bongwe monongwaga….BOKHUTLO

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%