Nata…ja nala
Source : KUTLWANO
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : NATA
Event : Polelo ka motse
Polelo: Ndingililo Gaoswediwe
Ditshwantsho: Phenyo Moalosi
Fa ke thuthuga maloba jale ka ngwaga wa tsie, Nata o ne a tumile ka bojang jwa rantafole. Motse o o mo marakanelong a ditsela o itsege gape ka letswai.
Ya re ngwaga di ntse di totoba, makwaladikgang a tlhaba mokgosi gore motse o wetswe ke seru sa segajaja. Bopeloditelele ba dipatlisiso ba supa fa sibi se kukwediwa ke borre ba ba kgweetsang megobagoba ba ba thubang kobo segole fa pele ba anama le Aferika.
E re ntswa tsa babega dikgang di eme jalo, ba Nata bone, morago ga se ba go gadimang, pele ke ba go yang.
“Nata o a gola…ke motse wa ntlha mo kgorong ya bojanala. Bojanala bo re tswela mosola le ntswa re tlhoka barotloeti,” Kgosi ya motse Rebagamang Rancholo o tlhalosetsa Kutlwano.
Dikgwetlho ka e le karolo ya botshelo kgosi o simolola ka go nankola ditsa tlholego tse motse o wa batho ba ka nnang dikete tse tlhano ba ipelang ka tsone. Tse di akaretsa letswai, mokolwane, noka ya Nata e e tshelang mo lekgadikgading le le dirang letswai, maungo a naga, bojang jo bo rulelang le lekgadikgadi la Sua le e reng morago ga sephai le fetoge legae la nonyane ya Flamingo.
Go runya ga mafelo a borobalo le marekisetso ka go farologana, ke sesupo sa pharakano ya Nata. Kgosi Rancholo ebile o setse a na le tumelo gore lengwe la malatsi, motse wa gagwe o tla a fetolwa go nna kgaolo potlana.
Selelo segolo sa ga kgosi ke go tlhoka babeeletsi ka jaana maiteko a ntlha a iteile sefololetse. A re se se rontsha Nata Bird Sanctuary go ka gatela pele ka mo nakong eno, “we rely on dates tsa bajanala and we are trying for partnerships re setse re na le CT 5- a photography tourism project along Nata-Kasane road.” Fela jaaka ngwana a tsholwa, motse o o simologile e le meraka ya Bangwato. Meraka e ya nna sego, ka ngwaga wa 1960, kompone e e neng e thapa badiri ba meepo go ya Rustenburg kwa Aferika Borwa ya Wenela ya thibelela fa. Ya re go hulareng ga kompone e, diofisi tsa fetoga sekolo se sebotlana se se neng sa nna lesedi la bana ba kgaolo e.
Motho ka ene a tshwana le sethunya se e reng moso se bo se kgabile mme ere fa le phirima se bo se swabile, nnyaya, eseng ka motse wa Nata, e gana nnang wa banyana namane ya kgosi e e katogileng monyo.
Ka bangwe ba a tle ba kgobege marapo fa dilo di tsamaya jaaka khudu, eseng Kgosi Rancholo. Tsa gagwe tlhako o tla a di funolola dikgole go tlhaba kgobe ka mutlwa mo ‘tilong sa dikgole fela tsatsi le a tla bonang toro tsa Nata Bird Sanctuary di arabilwe.
“Re batla go aga mafelo a borobalo, re nne le lefelo le re rutuntshang batho ba ba tsamaisang bajanala, modiro wa Makgadikgadi Epic le one o tshegediwe ngwaga le ngwaga gore re boelwe le go bapatsa lefelo le.” BOKHUTLO













                    
                    
