Botswana bo tsalwa ka diphefo le serame
Source : Kutlwano
Author : Kutlwano
Location : GABORONE
Event : Ditso- polelo ka letsatsi lantlha la boipuso
Karolo e ntsi ya sechaba le baemedi ba mebuso ya mafatshe a sele ba bogetse tiragalo e kgolo ya tshimologo ya Botswana, ya go folosa folaga ya MaEsimane le go pega ya Boipuso jwa Botswana ya mebala ya Bontsho, Bosweu le Bokwebu.
Ka nako e e laotsweng ga goroga Tona-Kgolo Sir Seretse le mohumagadi Khama. Kara ya bone, e patilwe ke tsa sepodisi ya dikologa ka fag are ga lebala; sechaba sa tshela leshalaba la “Pula.” Morago ga goroga morongwa wag a Queen Elizaberth II, Princess Marina a patilwe ke moemedi wa ga Mmamosadinyana , Sir Hugh Norman Walker. Fela jaaka go amogela Tona-Kgolo, sechaba sa ema sa tshelela Princess leshalaba la “Pula” fa kara ya gagwe e iketlile e dikologa lebala.
TIRAGALO E E MASISI
Tiragalo e e masisi e bonwe ka nako ya 12 bosigo-gare, fa folaga ya Enyelane e e phaphasetseng mo lefatsheng leno lobaka lwa dingwaga tse di 81 e foloswa go pegwa ya Botswana. Ka metsotso eo Sir Seretse o ne a eme fa paleng ya folaga ya sechaba, Moemedi wa ga Mmamosadinyana, Sir Hugh fa go ya ga gabo. Ka 12 folaga ya Enyelane yafologela tlase fa masole a a tswang Swaziland a opela Koma “Modimo boloka Mohumagadi o Montle.”
Ga pagama folaga ya mebala ya Botswana, Bosweu le Bokwebu fa Masole a opela koma ya Botswana “Fatshe leno la rona ke mpho ya Modimo; Ke boswa jwa bo rraetsho, a le nne ka kagiso.”
Bakeng sa folaga ya MaEsimane Mapodisi a Tshireletso a dirile tumediso ya segosi; mme ba tloga ba dira tumediso ya President. Ba sena go dumedisanya, Sir Seretse Khama o boetse go tsaya bonno bag a Sir Hugh go bapa le Princess a le President wa Ripabiliki ya Botswana, fa Sir Hugh Norman-Walker a boa a apotse Boemedi ba Queen.
Kgaogano ya Botswanale Britain ya begwa ka go thunya ga dithunyi tsa modumo o o kabang ditsebe. Ka nako eo ga bo go goditswe melelo mo dithabeng le dithabana tsa metse yotlhe ya Botswana. Go tloga nako yeo folaga e ncha ya Botswana ya phaphasela gotlhe. Ke yona tsalo ya Botswana.
Lesomo la ba dikuranta (mafatshe otlhe a ne a rometse batshwantshi le batsaya mafoko go gatisa ka ga go tsaya Boipuso ga Batswana mo dipampiring tse di farologanyeng) ba tlhanasela go tsaya ditshwantshotsa tsa go tlhatlhatloga ga folaga e ncha; President, Princess Marina le mephato-phato e e neng e dira metshameko mo lebaleng.
SIR HUGH A BOLOLA
Ene e le labofelo go bonwa paka ya Puso ya Dikolone e tshweu le hutshe ya diphofa mo Botswana fa Sir Hugh a folosa folaga ya ga gabo. Mo mosong wa letsatsi la ntlha la Ipuso ya Botswana- Lwetse 30, Sir Hugh a emelela mo Gaberones go boela gaabo, London. O bolotse mo motse-mogolo, Gaberones ka motokara o buledisitswe ke lepodisi le le neng le ntse le mo kgoeletsa, Mr. Thekiso Ramonaka go fitlha kwa Mafikeng. O boleletse KUTLWANO gore sir Hugh o ne a mo rekela diaparofa ba kgaogana.
Tiragalo e nngwe e e masisi e e dirileng kgato ya bobedi e kgolo mo ditsong tsa Botswana ka Lwetse 30 ke fa President Sir Seretse Khama a tshotse Molao wa Modimo (Bebele) a ikanisiwa ke Ratshiamo yo Mogolo Laurence Weston, a patilwe ke Mokwaledi wa Kgotla-Kgolo ya Ditsheko mo Lobatsi, Mr M. Miles.
President Khama, yo amogetswengke Motlatsiwa gagwe, Mr. Quett Masire a goroga fa pitsong ya ditso tse dikgolo o ne a direlwa tumediso ya Bo-President, ke mapodisi a Botswana a patilwe ke Mogokgo wa mapodisi a Botswana Lit-Col. Bailey le Modisa wa President. Mophato wa Masole a Ennyelane o ne o rakaletse ka diletsa melodi e kgatlhang ka fa Morago ga Mapodisi.
DIKWALO TSA BOIPUSO
Morago mo Palamenteng, ga goroga morongwa wa ga Queen, Princess Marina (60) a patilwe ke President le Lady Khama; mosadi yo o mo disitseng le Mokwaledi wa Princess, mogwatlha wa monna yo o goletseng kwa godimo. Princess Marina a simolola ka go bala molaetsa wa mafoko a makhutshwane wag a Mmamosadinyana go President Khama le sechaba sa Batswana. Tiro e kgolo ya neelano ya Boipuso e bogetswe ke baemedi ba mwbuso ya mafatshe a 50; Moemedi wa Puso ya U.K. mo S.A., Sir Hugh le Lady Stephenson; mogale wa tshimologo ya Motheo o o lerileng Boipuso, Sir Peter le Lady Fawcusba tswa Scotland; baromiwa ba Puso ya Enyelane-Mr John Stonehouse le ba bangwe.
Mo metseng yotlhe ya Botswana go ne go dirilwe meletlo ya go ipelela Boipuso. Go dirilwe metshameko ya dikole; Dikoma tsa Setswana mme go tlhabilwe dikgomo. Molaodi wa Lobatsi o boleletse KUTLWANO fa go ne go tlhabilwe dikgomo di le 20-tse 10 di ntshitswe ke bapolasi ba Lobatsi.
TLHABILWE DIKGOMO
Kwa Maun mokwaledi wa rona o boletse fa go ne go tlhabilwe dikgomo di le 37;Ofisi ya Molaodi kwa Molepolole ya bolela fa go ne go tlhabilwe dikgomo di le 20; tsa okediwa ka tsa dikgama di le 17 le kgokong e le nngwe di bolailwe kwa letsomong. Kwa Serowe go ne go tlhabilwe dikgomo di ka nna 25; Kanye di le 20 mme kwa Mochudi di le 25. Pego e diretswe KUTLWANO ke diofisi tsa Puso ya Dikgaolo.
Kgosi Edward Lebone Motlotlegi wa Bafokeng kwa Tlhabane o na a thologetse modiro wa bogwe ba gagwe a na le palo e ntsi ya dikgosana, banna le basadi ba metse ya Phokeng ka terena a e hirile kwa Rustenburg go ba lere Gaberones le go ba busa. Dikgosi dingwe tsa merafe ya Batswana mo Transfala Bophirima go ne go le teng tse: Kgosi Lerothodi Mmamogale wa Bakwena ba Mogopa kwa Bethani le rangwane-a-gwe, “Marumofatshe”, Kgosi Ntuane Mabe wa Batlhako bag a Leema kwa Tlhatlaganyana (Pilansberg), le Kgosi Logaga Kelly Molete wa Bakolobeng bag a Maloka kwa Lichtenburg. BOKHUTLO













