Botswana o fepa Zambia, DRC ka tlhapi

Source : Kutlwano

Author : Mothusi Soloko

Location : SHAKAWE

Event : Potsolotso

 

Fela fa otswa ka Maun o leba kwa Shakawe, fa thoko ga tsela, go megobagoba ya dikoloi le matshwititshwiti a batho. Fa o se keletlhoko o ka tsaya gore go kgetlwa bojang. Nnyaa, golo fa ke mmaraka wa tlhapi. 

Ke lantlha mo ditsong mmaraka wa tlhaphi ya mo gae o oka matshwititshwiti a batho go tswa mafatshng a sele ka bokete jo bo kana.

 Matshwititshwiti a a kokomaletse go reka tlhapi e e tswang mo Lake Ngami. Mme e re fela jaaka Batshwara ditlhapi ba mono ba tswa mo nokeng, ka ponyo ya leitlho e bo tlhapi ya bone e setse e rekilwe. 

Fa re ntse re botsolotsa jalo, ra fitlhela tshaba e e le batho ba Zambia. Ammaruri ba omogile fela botlhe! Gare ga bone go rre Luckson Makoti. A re ba bone fa mo Botswana tlhapi e le ntsi fela thata jalo ba rekela go e rekisa kwa lefatsheng la bone fa e nngwe e fetela lefatsheng la Democratic Republic of Congo (DRC).

“Bontlha bongwe jwa yone bo sala mo Zambia mme bontsi boya Kwa DRC,” a bua jalo. Batho ba mafatshe a mabedi ao, ba itiretse thulaganyo e e tsepanyeng gore kgwebo e tsamaye ka thelelo. Batswana ke bone fela ba letlelelwang go ya go tshwara tlhapi kwa nokeng, mme ba dumalane gore tlhwatlhwa di seka tsa wela kwa tlase ga P4 tlhapi, le gone ba e rekisetse ba Zambia. 

Tlhapi e fa e tswa ko nokeng jalo e a phunngwa go ntshiwa mateng, e bo e thelwa letswai e bo e gwapisiwa. Fa e ntse jaana  e ka nna sebaka sa kgwedi tse thataro e sa senyege. Fa e sena go gwapa jalo ba e tlhatlaganya go dira serala sa ditlhapi. Serala se se dirwa ke ditlhapi di le dikete di le lesome e le seelo se se rekwang ka dikete di le masome a mane a dipula. 

“Dipoelo kwa Zambia di botoka fela thata, mme kwa DRC dikompone ke tsone di rekang thata,” ga buwa rre Makoti.

Fela a re o ngongoregela gore ka jaanong Batswana ba bona gore tlhapi ke mmammang, ba ngunanguna go goletsa ditlhwatlhwa. 

“Re ka bo re sena sepe le seo fela bothata ke gore go isa tlhapi kwa mafatsheng a ke buang ka one le letswai le re le dirisang go a tura, jaanong re ne re kopa batshwara ditlhapi gore ba seka ba paralatsa menwena,”

Motshwaraditlhapi yo mogolo wa mono gae, Rre Kennedy Selawe, le ene o rurifatsa fa ba tshwarela mmaraka wa Zambia le DRC ditlhapi. 

“Rele batshwara ditlhapi ba mono re dumalane gore ope a seka a rekisa tlhapi kwa tlase ga P4,” A re botlhe ba ba tshwarang ditlhapi ke ba ba nang le teseletso ya go dira jalo. Ditlhapi tse a re ba di tshwara ka matlowa a a tsamaisiwang ke mokoro mme a re ka letsatsi o kgona go tshwara sekete sa ditlhapi. 

“Gone madi a teng, bothata ke gore re akgaogana re le ba bantsi ka tlhapi e le mmereko fela thata. Fa ke sena go e tshwara ke tshwanelwa ke go thapa ba ba obolang ke bo ke reka letswai go re e seka ya bola,” a bua. 

Fa e sena go oma jaanong ke gone ba tlaa bong ba e phuthela ka diswaki ba e latlhele mo koloing tsa mogobagoba e isiwa kwa mafetsheng ao.   A re gantsi kgwebo e ya kwa tlase fa go na le diphefo ka di dira makhubu a a nwetsang mokoro. 

Rre Selawe a re ka letsatsi o kgona go tswa ka dikete di le masome a mane a dipula e le one madi a tlhapi fela. “Mmaraka o wa Zambia le DRC o montsi fela thata le bone ke batho ba ba nang le tirisanyo mmogo,” a bua jalo. BOKHUTLO

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%