Kacgae go busa dibatana
Source : Kutlwano
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KACGAE
Event : Polelo
Gare ga mpa ya bosigo nkwe a ya le lesaka, a itlhabela dihutshane tsa monna mongwe mo motseng wa Kacgae. A ja podi e le nngwe mme morago ga foo, ka go phatloga pelo ka mpa e ne e le bothitho, a tsenelela lesaka a garimola dipodi tsotlhe ka lesaka di robabobedi, banna!
Beng gae go utlwala ba ne ba tshwerwe ke kgofa phetelela, ba ile ka boroko mme sebatana se sa inaakanya le dihutshane tse, sa kgaola sa petleka. Fela fa ba thanya, ya ne e kete ba a lora, ba fitlhela maloba e le maabane.
Ka go betwa ke pelo, letsatsi le le latelang segopa sa basimane mo motseng sa ipopa ka malatlhantshwana, ba itoma sanngathe go latedisa motlhala wa nkwe yo. Basimane ba bofile bompaatshane sentle ba ipapanne ka digai le dintsa sebe sa phiri e le go lobela setlhodi se dintshi.
Basimane ba ya jaana ba le seopo sengwe ba tlhaloganya sentle gore ‘ditau di senang seboka di siiwa ke none e tlhotsa`, ka jalo ba bopagana ba le moono mongwe ba itse sentle gore ba latedisa sera se se matsobane se e reng se thuba lobelo se sie le yone phefo tota. E re lentswa ba na le maikaelelo ba ya ba itse gore se sera ga go itirelelwe, se kgona go ba ragisa thokolo botlhe ka ponyo ya leitlho.
Maikutlo a le ko godimo ba le moko o thata, ya re fela fa ba tsena fa gare ga tshutlhankga ya sekgwa ba ba latedisitse motlhala, ya itshupa sentle tilodi ya magaga losagaripa la dikgwa e e mmala o o maronthoto a mantsho le bosweu, matlho a le borobe jwa lee le bontsho, ya ba atumela ka go ratela. Dintsa tsa bo di setse di dupeletse gore go tlaa nkga go sa bola, tsa bogola mme ya re go lemoga se magatlapa ba le botsa phokojwe, ba inaya naga.
Mme ga sala mosimane yo Kganyame Gakeobotse a kopana le nko diaboga ka sebele a somoga mo mosimeng. “Le nna ke ne ke re ke a sia mme ka go tlhoka lesego ka kgojwa ka wela fa fatshe, he! fa ke re matlho leba! ka iphitlhela ke le fa gare ga maroo a nkwe a nkampile, mme ka swatola letsogo lame ka bofefo nkwe yole a palelwa ke go nkapara mmele otlhe, a ntshwara ka meno mo leotong la moja,”
Selo se maano ga a site go sita a loso. Fa a tlhalosetsa Kutlwano morago ga tiragalo e e masisi e, mosimane Kgangyame a re botlhoko jwa meno a nkwe e ne e le jo a iseng a ko a bo utlwe, bo ne bo tsenelela mo pelong mme e bile go ne go boifisa e le ruri go thulanya matlho le sera se, “fela ke ne ka seka a ineela, ka lwa ka tsotlhe tse ke nang le tsone, ka phamola segai ka tlhaba nkwe yole mo molaleng go fitlhelela a bo a swa,” a tlhalosa ka maatlametlo a a kwa godimo a supa lebadi la meno a sebatana se.
Tse ke dikgang tse di tlwaelesegileng thata mo motseng o wa Kacgae. Fa gone go busa dibatana; segolo bogolo, tshetlha ya dikgwa e e marota le bone bo nkwe. Motse o mo mmepeng wa lefatshe leno o bonwa ntlheng ya borwa-botlhaba jwa lefatshe leno. O ke motse wa mofuta o mongwe wa Basarwa ba ba buang puo ya Seqo`ng. O sekgala fela sa dikhilomethara di le lekgolo le sephatlo go tswa mo toropong ya Ghanzi.
Fela fa o fologa tsela e e monemeneme e ya Trans Kalahari Highway o tswa Ghanzi o bo o tsaya tsela e e makgarapana ya sekgala sa dikhilomethara di le masome a mararo o lebile motse, o tlaa lemoga gore ke motse wa batho ba ka tsena mo seatleng.
Botshelo fa ke jo bo sesane mme ebile bo pharologanyo fela thata. Selo se se pharologanyo segolo bogolo ke gore batho ba disetsa dihutshane tsa bone mo malwapeng. Mme ebile gape kgapetsa kgapetsa o tlaa lemoga gore dihutshane di disiwa ke dintsa go sena modisa yo o di bapisitseng. Gape lesaka le lolwapa ke selo se sengwefela. Motho o ka re motho o robala a bapisitse dihutshane tsa gagwe, bokgwamashi bone ba tlhola ba itshamekela fela le dipudi mo sakeng ka di tlhola di bothile mo lwapeng sebe sa phiri e le go di tshabisa go jewa ke dibatana tse di tlhorontshang mo motseng oo.
Monnamogolo wa Mosarwa yo o tlholegileng mo motseng o o wa 1926, Nxauba Xhusere yo a sa itseng Setswana mo ebileng re neng ra kopa kgarejwana Thapelo gore a re tolokololele, a tlhalosa jalo gore e re le ntswa dibatana tse di tshaba sika loo motho, di tswa kgakala di tlhorontsha leruo lwa bone.
Ka sesarwa a tlhalosa jalo gore go tswa goo lowe bo-tau le bo-nkwe ba tshwenya leruo mo motseng wa bone ka jalo ke ka moo masaka a tlhakaneng le malwapa. A tlhalosa jalo gore bogologolo ba ne ba bolaya diphologolo tse ka go di thaisa ka selaga ka ba ne ba itse mekgwa ya tsone, ba itse gore tau fa e jele golo e a lemala jaanong ba thaa selaga gone foo ba itse gore e tlaa tla.
Monnamogolo Nxauba a tlhalosa jalo gore gompieno ba Lephata la Diphologolo le Bojanala ga ba letlelele se ka jalo ke bone ba laolang seemo mme ebile ba ntsha phimola dikeledi go fa fa morui.
A re lelwapa le le bolaetsweng losaka lotlhe bosweng jaana go ka tswa go dirilwe ke gore lolwapa la teng le kgakajana le batho jaanong dibatana di tsaya tshono gone fa.
Mogolwane wa tsa diphologolo o o okametseng kgaolo ya Ghanzi le Kgalagadi rre Goitseone Lebonetse a re motse o wa Kacgae le metse e e mabapi le one ke metse e e ikadileng fa gare ga metseletsele ya dibatana segolo bogolo ditau, bonkwe le matlhalerwa.
A re se se dirwa ke gore metse e e ikadile fa tlase ga Central Kalahari Game Reserve (CKGR) jaanong fa palo ya diphologolo e gola mo teng ga lefelo le, di tswela ko ntle mme di tshwenye batho le diruiwa tsa bone.
A supa jalo gore lephata la gagwe le leka ka bojotlhe go lepalepana le seemo se go bona gore diphologolo le batho di nna sentle. A tlhalosa jalo gore ba tswa ka metlhale e e farologanyeng go hema seemo se diphologolo di tlaa tsenyang matshelo a batho mo diphatseng.
“Re rutuntsha dintsa tsa bone gore di kgone go disa dihutshane tsa bone, ka di kgona go dupelela dibatana”. BOKHUTLO










                    
                    
