Tsena mo Dijong!
Source : Kurlwano
Author : Kutlwano
Location : GABORONE
Event : Polelo
A le bona sika le la ga Efa ga go akiwe gotwe le tau ba e baya botsetsi. Batho ba ba metlholo! Maloba jaana ke tshegile ke fitlhela motho kwa ga malome, tlhogo ya gagwe e kare polwana a ntse montsho-ntsho o kare bête se utlwa letsatsi, melomo e le mehibidu. Ke lemogile gore se teng e re ke mo dumedisa a bo a nthotolela matlho. Ke kile kare, “Ao motho!”, nnya kefa a rotola matlho fela.
“Ntsaana he o ngwana wa ga mang monna,” ka mmotsa. Nnya le fa e le go tswa molomo. Ka fa pelong kare, “A jaanong bontsalake ba tswa go tsaya semumu,” Fela fa ke re ke a tswa ke kgatlhana le ene ntsakalake wa mosetsana yo motona.
“Heela tlhe ntsana he mokaloba yo mo ntlung o diragalelwa ke eng a ntidimalela jaana, a ga a itse gore ke nna malomalona,” ke a mmotsa. Tota e bile ke ne ke etla ke akanya gore gongwe bana ba ba ga malome ba nkaketse mo rreng yo.
Dilo ga di itsewe, e ka re motho wa bone a utlwa lerato le le monate a golege baga bone. Tlhogo yame e lela ditshipi, ke a ne ke ipotsa gore a ngaka ya bone e mo reile ya re a seka a mpuisa.
Waitse fa rre yo a nteba ka utlwa ke sosobagana moriri, matlho a gagwe a hibitse. Marudi a gagwe a nkgopotsa disana tse di mo tshimong ya rona. Ammaruri fa a ka tsenngwa mo tshimong phakela a epa disana e kare dijo tsa motshegare di ise di jewe a bo a setse feditse le yone.
Yo ntsakalake fa ke buwa le ene ke bona a ntsaya motlhofo. Ditshegwana tsa gagwe tsa ntemotsha sengwe. “Waitse wena o dipotso e le gore o dirang ka ene,” ga bua ntsalake.
“A nka nna le motho fela ke sa moitse!” “Motho yoo ke rragwe Thabiso.” “O raya Thabiso ofe ne Mmoni?” ka mmotsa. “Ke raya ngwanake,” a nkaraba. “Mme jaanong mma o bidiwa mang?” Ka botsa gape.
“Ke Emeka.” “Ke ngwana wa ga mang?” “Hee rra a ko o tsamaye wa ntiya nna ke batla go tlhatswa, ke irang ka batsadi ba gagwe, motho yo o tswa Nigeria,” ka molebelela ka lobokanyana.
Bommoni batla swa e le ruri. “Fa o riana ga o itse le gone gore motho yo wa gago o binang, le tla re dubisa thankga,” ka mmotsa. Fela fa a re oa nkaraba ke bo ke wela tsela ke itsamaela.
A re tlogele tseo di ka re tsenya mo mathateng. Fa ke bona ba ba ga malome ba phikisanya le ba ga rakgadi. Akere bone ba nyaletswe ke lekgoa. Ke ise ke lebale, maloba lekgoanyana le la bone la re jesa maswe ka modimo. Ba ne ba diretse ngwananyna moletlo.
Lekgoa le le tsile le a mangwe le ene yo wa ga rakgadi ba fete ba choma hoo ba ntse ba anwa. Yo rakgadi maswe o a jele! Nna ka tswa foo ke nole tee fela. Jaanong maitsebowa ba ja tlhako.
Hee go thibile lerole mo ga rakgadi puo e le sekgowa fela. Ba dira sekele yo mongwe a ne a tsena fa gare a ja tlhako, fa a lapa yo mongwe a mo ntshe a tseeletse pina. Fela ga go tsena lekgoanyana, mosetsana ke yoo a kua a le fale are, “Tsena mo dijong!”
Hee ga oa bona lekgoa. Fa a leba a fitlhela pitsa ya suphu, a bona gore suphu e ka mo tlobola. Fa a tsholetsa matlho a fithela bogobe jwa lerotse bo kgakgatha, le bone a bo tshabela kgakala. Fa thoko fale ga bonala pitsa ya seswaa,leupa le lemotsha gore e sale e tlhatlotswe.
Lekgoanyana la tla ka matsobane la itatlhela mo pitseng ya seswaa. Fa a le mo teng jalo a ema ka dinao mo pitseng, a tlhaba mokgosi a ntse a bina, “Tsena mo dijong! Tsena mo Dijong!,”
Tsala ya gagwe ya seka ya utlwa sepe. Fa a leba a fitlhela sekotlele sa disalate a thuma mo go sone. Yo rakgadi tota o ne a sena sepe le dijo a lelela gore lekgoanyana le tla mo thubela pitsa.
Makgoanyana a mangwe ba omile ka ditshego. “You Africans are creative, I love this dance, what`s it called, Tse-ye-na-mo-di-jo-ng,” Ba tswa moo ba tlhapile ka dijo, ba di tlhotlhora mo go bone ba di busetsa mo pitseng. Ka itsamela! tse tsa sesha ga se tse ke ka di kgonang. BOKHUTLO










                    
                    
