Ke rre Dithatho mo Ghanzi...
Source : Kutlwano
Author : Baleseng Batlotleng
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Fa e le gore o mo tlwaeletse mo seromamoweng, kana o mo itse go mo utlwa lentswe fela, o ka tswa o sa mo itse sentle gore fa go twe Rre Dithatho go tewa mang. Bontsi ja sebaka fa e le gore o etle o nne le nako ya go reetsa seromamowa o tla nna o kgabodisa leina la gagwe a leditse a akgela mo sengweng le sengwe se se mo tafoleng.
Mme fa o batla go itse sentle gore rre yo o leleditseng kwa seromamoweng yo gore ruri ke mang, tsamaela ntlheng ya kgotla ya Goo-Khurakhura mo Ghanzi.
Morago ga go dikologa mo kgotleng e ya Goo-Khurakhura ka tota metse e tshwana le ya Ghanzi ke ya selegae ga go nke go nna motlhofo go latela lolwapa o le kaetswe sentle ka bofefo jo bo rileng. Mme ka ponyo ya leitlho ga go aka ga tsaya sebaka se se kalo go bona lolwapa lwa ga rre Dithatho. Mongwe le mongwe yo o kopanang le ene ke go mmotsa fela gore fa ga rre Dithatho ke fa kae. O tlaa bo o tlhamaletse.
Selo fela sa ntlha se gongwe batho ba sa se itseng ka ene ke gore monna yo ga a robale. Ntlo e e a nnang mo go yone o nna a le nosi fela jaaka monwana. Ga gona ngwana le fa e le mosadi ebile ga se kgang e a kgatlhegelang go e tlotla ka boleele fa e se go tlhalosa fela gore “ Ga ke nne le bana ba nna le mmaabone,” fela se se abo se kgatlhile keletso ya go mo itse thata ke gore gatwe ke motho wa mofuta ofe yo o robalang di oura tse pedi fela mo bosigong jotlhe?
“Welese e yame e tshubiwa 24 hours!..ke robala two hours. Ke robala ka half past eight ke tsoge ka half past eleven ke bo ke tsogetse ruri go fitlhelela letsatsi le le latelang nako yone eo gape,” a tlhalosa jalo Dithatho yo bontsi ja nako ereng a ipega mo seromamoweng a ipoke fa e le rre Dithatho mo Ghanzi, ka a itse e le ene fela.
Dithatho ke lebutswa pele la batho ba ba tlwaelesegileng go leletsa mo seromamoweng. Mangwe a maina a gongwe a tlang a tabogela mo tlhaloganyong ya motho ke ditsala tse rre Dithatho a setseng a ntshanang se inong le tsone jaaka rre Direlang kwa Molepolole, Kuke Kolo, Matlholaadibona le rre Busang, ba mantswe a bone jaanong a setseng a itsagala thata mo seromamoweng.
Dithatho, yo o belegweng kwa Tshane ka ngwaga wa 1947 o tlholega mo lelwapeng la bana ba le barataro. O dumela fa dikgakololo tse a di fang mo seromamoweng ka setlhogo sepe kana sepe fela e nnile thato ya batsadi ba gagwe ba erileng ba mmelega ba mo neela leina ba re Edict, ke gore ka sejatlhapi go tewa “The law proclaimed by authority”, kana Keolopile e nnileng topo ya batsadi ba gagwe gore ba abele lefatshe la Botswana sehuba sa phofu ebong Dithatho.
Lorato la go bua le Batswana mo seromamoweng ga bo go simologile ka ngwaga wa 2001 fa Dithatho a buisana le ba seromamowa sa Botswana gore ba neele Batswana sebaka sa go buisana mo weleseng.
“Radio Botswana ka e le yone ya ntlha go tlholega mo diromamoweng tsotlhe go a rona gore e re mo bo gompienong gabo go ne gotwe e ka tswalwa bosigo fa tse dingwe di tsweletse ka kgaso. Re le Batswana nako eo re abo re sa robala re bua ka dipelo mme selo se sa go tisa phuthaditshaba ya bo e le selo se segolo thata mo Batswaneng,” a tlhalosa Dithatho.
A mme ka fa rre yo a buang thata mo weleseng tsatsi le letsatsi a toro ya gagwe ya go bereka fa e kile ya phirimisiwa ke sengwe kana mongwe. “Nnyaa ga ke ise ke lore le fa e le go bereka mo seromamoweng. Tota mme ebile se o tshwanetseng ke go se itse ke gore ga ke itse le ko seromamowa se lebileng teng le fa e le go kopana ka namana le bagasi ba ke buang le bone ba mo radiong,” a rialo Dithatho a kaya fela fa moanamisi yo a kileng a mmona ka matlho e le Lillian Masilo yo erileng nako nngwe a le mo Ghanzi a mo leletsa ba kopana a tla go mmona.
Dithatho o santse a gakologelwa thata setlhogo sa ntlha-ntlha a akgela mo go sone se eneng e le ka dipolaano tsa baratani. Nako eo go theogetse Mogatusi Kwapa. Mme monna yo wa Modimo a re ene ga se mokeresete ke modumedi. Pharologanyo e le gore mokeresete o dira ditiro tsa ga Jeso Keresete fa modumedi e le yo o dumelang fa Modimo a le teng a tshedile. Jaanong o futsahala thata fa ekare megala ya seromamowa e buletswe gore go akgelwe nako ya mo pota ka fa mosing a ise a bua segolo jang fa go buiwa ka dikgang tsa Baebele.
Gone mme ka megala e e leletsang ko seromamoweng e le mentsi tsatsi le letsatsi bo Dithatho bone ba kgona jang go tsena fela ka tshosologo? “Nnyaa monna le wena o akanya jaaka batho ba ba akanyang gore re tsewa ka letsogo la moja, re letsa fela jaaka mongwe le mongwe gongwe pharologano ke gore nna le bo Rre Direlang re pelotelele,”
Mo mogaleng wa gagwe wa letheka o le one o sa tsweng fa thoko ga gagwe fa a sena madi sentle a go letsa madi a a mo salelang o ne ga a nke a pota P100 ka kwano. Fa o mo kopa go okomela ba a tlhotseng a tlotla le bone mo mogaleng wa letheka di nomore di pedi fela……..3163381 (RB 1) le 3161006(RB 2). BOKHUTLO
Teaser:
“Nnyaa monna le wena o akanya jaaka batho ba ba akanyang gore re tsewa ka letsogo la moja!”










                    
                    
