Umaga...O tlaa tshega!

Source : Kutlwano

Author : Baleseng Batlotleng

Location : GABORONE

Event : INTERVIEW

Pelo ya ga Umaga e ne e gamutlhetse madi e galaka boshibidu fa a tswa ka kgoro ya Botswana Television (Btv) a sena go retelelwa ke go kgotsofatsa barulaganyi gore ba ka mothapela thulaganyo ya Mokaragana. E ne e le ngwaga wa 2004 a sena go latlha pene ya lokwalo lwa botlhano kwa  sekolong se segolwane sa Matshekge Hill kwa Bobonong.

Umaga ka fa a ikitseng a leng montle ka teng a seka a ineela. Keletso ya gagwe go tsweng bonnyeng ya bo e le gore e re motlha mongwe ba ga bone le kwa gae kwa a tshotsweng teng ba kgone go mmona a tlhagelela mo thelebeshining.

Tota go goroga ga gagwe mo Gaborone ka one ngwaga oo e ne e le go tla go leka ditlhare bothitho mo botshelong jo bo thata jwa toropo ka e ne e le mosimane a goletse kwa kgaolong. A ingapangapela mme go ne ga ngapega. A a leka otlhe maano a botshelo.

A iphitlhela a kgapha sethitho mo letsatsing le le tseisang sedidi a rekisa di Cooltime le dimonamone kwa maemelong a dibese (bus rank). Ya re motlha mongwe a iphitlhela a alolane le dilalome mo mebileng ya toropo  mme nako tse dingwe e le segatlhamela masisi a tshwanela ke go katolola ditopo tsa masea a a phuagantsweng ke bo maabo a sena go belegwa.

A dira jaana ka botswa-pelo le boineelo a itse fa sebodu e le sa legano, sa nko se latsa le tlala.

“Ka nna fa fatshe ka ngwaa tlhogo ka tshwanelwa ke go tswa leano ka gore go boela ko Bobonong gone e ne e le leano la bofelo,” ga tlhalosa jalo Jethro Ndebele yo o tlwaelesegileng ka leina la Umaga mo go tsa bodiragatsi le metlae.

O gopola ka fa botshelo bo neng bo mo menetse phatlha ka teng mme a seka a neela tshwene matsogo. “Ke gorogile ko Mogoditshane ke fitlhela Mokhukhu o mongwe jaana go twe ke duele P60 ka kgwedi mme ka duelela kgwedi tse di lesome ko pele ka go ntsha P600,” a nna bofefo go tlhalosa mme o ka seke o itse gore a o bua a tlhwaafetse kana a le mo dinyaong ka gore le sefatlhego sa gagwe fa a bua o ka se kgone go farologanya fa a tlhwaafetse le fa a itshamekela fela.

Mme motsotso wa tla wa gore a supe fa a tlhwaafetse ka go tlhalosa gore e a re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting. Boora Ndebele jaaka malwapa a le mmalwa a Setswana ba bo ba ikgodiseditswe ke mme maabone mo lelwapeng la itsholelo e e kwa tlase thata.

Ba gola jaana ka fa tlase ga tlhokomelo ya motsadi wa mme e le motho a na le bogole a tsamaya ka dithobane botshelo ja gagwe jotlhe. Ya re mme mmaagwe a hulara, Umaga a simolola go lemoga gore motsadi wa gagwe ntswa a tlhokile thuto o ne a mo tshetsa ka talente ya gagwe ya go loga le go rekisa ditlatlana.

“Go goleng ga me ke ne ke tlhola ke kgojwa ke balekane ba me ko sekolong ba re ke palelwa ke go tsaa ditlankana tsa dithuto jaaka bo dipalo le sekgoa ke nnetse go tsaya tsa bohema hela kana drama,” selo se se ne sa kgothatsa Umaga gore tsela e ne e betlelwe ya gore o ka fula morogo mo talenteng e go lebegang Modimo a mo e abetse e, go tshegisa batho.

“Ke goletse mo lekeishaneng ebile ke santse ke nna mo ntlung e le nosi fela e ke direlang sengwe le sengwe mo teng golo gole gongwe.  ke nna mo gotweng ALL-IN-ONE…..ntlo e ereng fa ke batla go tlhapa ke wa fela mo bolaong ke bo ke wela mo bateng, ke gore ke kgona go fudua macaroni ke ntse ke le mo bateng, mathata fa ke re ke tsaa molora ke fitlhela ke tsere tapole.”

Seo ya bo e le go supa fela gore ope fela yo o tshelang a le kwa tlase mo botshelong a seka a itebela kwa tlase ka gore le bone ba ba kwa godimo ba seka ba ithaya ba re ba tlaa itumelela ruri.

Le gone jaana Umaga o innela mo tlung ya gagwe ka phuthologo a itse fa a tlaa robala boroko kgoo fela fa Modimo o sena go mo araba a nna le motse o eleng wa gagwe mo bogautshwaneng.

Gone jaana o santse a kgobile kgobe ka mutlwa le basimane ba gagwe kwa lekeishaneng ba a boletseng fa ba tshela sentle tota ka o kgona go fitlhela motho wa teng a ya dishopong a bo a feta a itlhophela gore a o reka motsoko kana seshabo, eleng cabbage ee kgaogantsweng maketlo a le mane.

Umaga jaanong o semeletse mo go tsa metlae ebile o dirile kgatiso ya mmino le setshwantsho sa motshikinyego se bidiwa Bohema Dance. Go supa gore o utlwana le ene ebile o mo rata thata a re o mo tseye senepe o bo o se baya fa kgorong ya ntlo ya gago o kwadile “Tshaba Ntsa”.

Mme fela nngwe ya dikgwetlho tse bo rametlae ba kopanang le tsone ke gore o kgona go fitlhela batho ba sa ba tlhaloganye kana ba kgopisega ba akanya gore go tlhwaafetswe go tewa bone. Segolo jaana ka metlae ya bo Umaga e itebaganya le batho bangwe kana merafe mengwe. 

Umaga o tshepisa barati ba gagwe le Batswana ka kakaretso gore o ba apeetse metlae e ba tsileng go tshega gore ba rothise keledi. A re o ne a na le maikaelelo a go fudugela kwa Tlokweng mathata a re fa o ntse o robetse o utlwa,  “kookoo!!!....a re fa o re ke mang?

O tla utlwa motho a re ke landlord ke ne ke re gona le loso!.....fa o re “ke etla ke tlaatla go thusa! a re o tla utlwa landlord e re, “nnyaa tswaa mo ntlung re boloka mo teng o tla tla next week after phitlho!.”BOKHUTLO

Teaser:

“Dumilani Bakalanga, galani pasi  mu pululudze mu lobe phande”...ke buile Sekalaka jaanong motlakase o ka nna wa kgaoga

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%