Masaitseweng a Lentswe la Kgwakgwe

Source : Kutlwano

Author : Idah Basimane

Location : MMABANYANA

Event : INTERVIEW

Kwa borwa jwa lefatshe leno, go ikadile motse wa kwa ga Mmabanyana, kwa matlhakung a mantsho. Motse o o maina mantsi, o ditso di mafaratlhatlha, fa e le dipolelo tsa goo-lowe tsone, di matsorotsoro. 

Sengwe sa tse dikgabisitseng motse o wa Bangwaketse, ke lentswe la Kgwakgwe, e e ikadileng kwa borwa bophirima. Bangwaketse ba itse lentswe le ka dipolelo dile dintsi.

Kutlwano e ne ya etela motse o wa ba ga Phatshana ya moswagadi . Go ne go lemotshega gore ba bogosi ba ne ba kile ba anapa mo morafeng, mme tsa tswa di ntse mafaratlhatlha dipolelo.

Ka fa dipolelo di anameng ka teng ga go ope yo o kileng a bona noga e  go bolelwang e nna mo lentsweng. Ba itse ba dilo ba re noga e e tsamaya e se mo setshwanong sa noga.

Bokgosi ba kgonne go utlwa fa e kgona go iphetola  mosadi wa lekgoa, mosetsana wa mabono, lebone le o kareng la terena, bese e  e lebone le lengwefela fa pele,  monnamogolo, ija! batho baga Sekalabata ruri! O ka bolelelwa ka se, o sa tswa go utlwa ka sele. 

Modietsho Mathiba, kgosana ya tletlanyo mo kgotleng  ya Modietsho mo Kanye, o boleletse Kutlwano gore rre mongwe wa kgotla ya Goo-Modutlwa go ne mo Kanye, o mmoleletse fa nako nngwe  a ne a feta gaufi le logaga lwa Hohome lo go dumelwang fa noga e e nna mo go lone. A bua a tsentse marapo dinameng a supa ka diatla. 

A tlotla ka kgarebe ya marata go lejwa,  e kete e batla go atla  rre mongwe gaufi le lentswe la Kgwakgwe.  “Rre yo o ne  a ile go batla dikgomo tsa bogadi. O ne a tseetse gore gongwe kgarebe e e tla mo fapaanya.  A re letsatsi le ne le kgwisa kolobe lefulo. Ka lesego nngwe ya dikgomo tse a neng a di batla ya bo e le gaufi ka fa tlase ga setlhare.  E rile kgomo e lebaganya motlho le mosetsana, a tlogela rre yo. Monna a lebotsa phokoje,”

O ne o ka kgona go lemoga gore o gakologetswe sengwe se se monate Kgosi Mathiba. A busa setilo go se nene, a  kata ka morago. “Mme mongwe yo ke mo itseng  a bo a feta gaufi le logaga lwa Hohome.

A utlwa lentswe lere, “Ao! Ga te re abo re tla amusa bana leng fa batho ba nnetse go sasankega jaana?”   Kgosi a re mme yo o ne a tsamaya fela a sisibetse,  a tshaba le go gadima o ka re o tshaba go fetoga pilara ya letswai. Letshogo le mo itsa go fapapanya maoto. “Ee dikgang di dintsi ka thaba ya Kgwakgwe,” ga bolela jalo kgosi Mathiba.

E rile e kete o ema go kolobetsa magalapa ka senotsididi, morwa Kelosiwang a moamoga kgang ka lentswe ya Kgwakgwe.  Kgosanana ya tetlanyo mo kgotleng ya Mongala mo Kanye, Kitso Kelosiwang, a fa lesedinyana go se nene  fela gore lentswe le ke lone le le tona mo motseng o wa  Kanye.

A re  ene ga a itse ditso tsa Kgwakgwe, mme a re batho bagwe ba ba nnang kwa Mmakgodumo  ba kile ba mmolelela gore ba kgona go bona lebone le le tona bosigo le tlhomame mo godimo ga lentswe la Kgwakgwe mme le lebega le tsamaya.

Boammaruri ke gore o ne a tsere morwa Mathiba temana khutshwe. “O ka tswelela rra,” ga bua Kgosana Keloiswang.   Ka dingwaga tsa bo 1960, a tswelela kgosi Mathiba, Kgosi Bathoen wa bobedi, o ne a bolelela makgoa ba ba neng ba epa mmaene wa Maganese mo  godimo ga lentswe la Kgwakgwe gore, ba seka ba tsamaele gaufi le logaga lwa Hohome ka jaana go na le noga e e diphatsa.

A re Kgosi Bathoeng wa bobedi o mmoleletse gore tota noga e, e nna lentsweng la Kgwakgwe, sebe sa phiri e le gore e ntshitse Hohome motse wa yone. A re dipolelo tse e ka tswa e le boammaruri ka jaana magosi a maloba ba netefatsa se Bangwaketse ba se bolelang gompieno. 

Rre Goboletswe Ketsitlile yo e leng  moemela kgosi yo mogolwane o boletse fa dipolelo dile dintsi, mme boammaruri e le gore Bangwaketse ga ba pagame lentswe la Kgwakwe ka ntata ya dipolelo tse dintsi ka lentswe le. E rile go netefatsa, e bile a iteela kobo moroko a tswa ka tse a  di utluleng.  

“Nkadilatlha mongwe wa motse wa kanye o kile a tlhoka kutlwisisanyo le mongwe moagisanyi wa gagwe.  A re e rile fela ditloga monna yo wa moagisanyi  a raya nkadilatlha a re,  “ke tla bua fela ka gore ke itse go re o ikaeletse go ya go gama noga ya Kgwakgwe,”  a bua sena go buledisa setshego se se bofitlha morwa Ketsitlie. “Go belaesega go re boreaitse bangwe ba dirisanya le noga e.”  

A re o ka netefatsa gore mo ngwageng tse pedi tsedi fetileng go ne ga tla basimane ba le babedi kwa ofising ya gagwe ba bolela fa ba nna mo lentsweng la Kgwakgwe le monnamogolo mongwe yo o bidiwang Kgwakgwe-Mmakgodumo, mme ba mmolelela fa ba batla go bona kgosi kgolo. 

A re ba mmoleletse gore monnamogolo nako tsotlhe o tsamaya nabo fa a etela Mmakgodumo kwa letamong. “Ba ntlogela ba tsamaya ka ba ne ba ipatlela go bona kgosikgolo. Nako kgolo ke eno, ga baise ba menoge.”BOKHUTLO

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%