Bo-mmasepoto ba a itirelela kwa Kuke
Source : Kutlwano
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KUKE
Event : INTERVIEW
Obuile motlapele a re selo se go tsamaya ke go bona. Ke di bone tsotlhe kwa motseng wa Kuke. Morago ga go tsamaya sebaka se se leele ke na le ba ke dirang le bone Baleseng, Godfrey le Mokgalo ra wela ka motse o wa Kuke mogote e le o o ntshang tlhapi mo metsing.
Motse o o sekgelnyana fela sa dikhilometara di le lekgolo fa o lebile bokone botlhaba jwa toropo ya Ghanzi. Mo motseng o go lebega go le batho ba ba palo potlana, o ikadile fela gaufi le kgaolo ya Ngami.
Fela fa o tsena ka motse o, go motlhaba o o boteng jo bo ka dirang gore banna ba theogele, garawe e lelele boatleng fa sejanaga se ka nwela. Nnete e e sa jelweng pheko ke gore go phaphaletse, bontsi jwa matlo ke a a bopetsweng ka mmu le disana, go a lebega sentle gore lehuma le apesitse motse o kobo ka letshoba.
Ka one a seke a lapa, ka a kalakatsa le motse, ka ya le one fela jalo ke eta ke huba maoto go kgwa setshwe. Mme ka itemogela gore e re ntswa di ise di bolole, bontsi jwa ba re neng re kopana le bone ga bo go lebega ba eme sentle ka matute a morara basimane.
Bangwe ebile go lebega jaanong ba setse ba ‘kganela dipotsane.` Kgang ya nna gore tota mo maphakeleng a, fa basimane ba setse ba di bofile bangwe e bile ba setse ba tsamaisiwa tshipidi, go berekwa leng le gone gore a dinako tsa thekiso ya majalwa a Setswana a di salwa morago jaaka fa tona wa pele wa Papadi le Madirelo mme Dorcas Makgato a laotse.
Ra tlhotlhoma le dithota le dithotana tsa motlhaba mme ka lesego ra thulana le moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo ya motse, mosadimogolo Kelebogile Molatelele, a lebisitse la ga mmoshe kwa kgotleng.
Mma Molatelele a re amogela ka oo mabedi mme a tlhalosa jalo gore Kuke ke motse wa makgatlhanela thapong; mo teng go morafe wa Bangologa, wa Baherero, Bambukushu le Basarwa ba diteme tse di farologaneng.
A itshetletse sentle mo go sa moretologo, mosadimogolo a re tlhaba podi matseba gore bontsi jwa banni ba kuke ke balemi-barui fa bangwe ba tshwaratshwara kwa dipolaseng tsa basweu.
Mosadimogolo o wa Mongologa, a re banni ba motse ba simologile ba ruela dikgomo tsa bone mo Kuke mme e rile ka 2008 Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a ntsha mokwalo o o neng o laola gore dikgomo tsotlhe tse di mo Kuke di isiwe kwa kwarantineng ya No. 2 kwa motseng wa Qabo. “Tautona o dirile jaana ka nako e kgaolo e e neng e tlhasetswe ke bolwetsi jwa tlhako le molomo.”
A supa jalo gore lehuma le tlhasetse mo Kuke mme ebile itshetso ke e e ko tlase “Re ne re itheile ra re moepo wa tshipi wa Khoemacau Copper Mining o tlaa re thusa ka lebante la teng le tsamaya ka fa tlase ga Kuke mme owai ga go a kgonafala, ditiro di thata le go bonala.”
A ya jalo le dikgang tsa motse mme thitokgang ya simologa fa a sesafatsa matlho a a tlhomile ko ntle ga letlhabaphefo. A re motse o o tletse dipoto tse go bolelwang di baka mathata a a menaganeng mo godimo ga lehuma le le ba apereng, “Re na le bothata jwa majalwa a a itirelwang mo lwapeng, bo-mmasepoto le fa ba filwe tetla ya go dira majalwa a ke kgosi, ga ba sale molao morago, ba rekisa nako nngwe le nngwe fela e ba e batlang. Go itirelelwa fela,” a bua jalo ka lentswe le le kwenneng, a phutha matsogo gaufi le sehuba sa gagwe.
Mosadimogolo o bua a sa kgwe mathe ka bojalwa jo bo nowang phetelela mo motseng a bo a latlhela dikai tsa ditiragalo tse di diragalang morago ga go iphetisa dino tse.
“Batho ba le bararo ba tlhokafetse ka 2011 ntateng ya majalwa a a itirelwang mo malwapeng, moragonyana rre mongwe a tsatsanka mogatse ka thipa mo maragong ba sena go nwa khadi ya mogwana…
Nako nngwe ya re monna a sena go nwa bojalwa a tlhasela mosadi wa gagwe fa gare ga batho, a mo apola diaparo mme mosadi yole a taboga le motse a le sheleng!...monna mongwe ene o kile a golegelela mosadi wa gagwe mo setlhareng ba sena go nwa, ke raya rona dilo tse re di bonang mo…,” a ya jalo le tsone, a thathologa a eta a boba marama, a tshega fa a bua dikai tse dingwe kana tota Motswana o rile loso logolo ke ditshego.
“Ba re feditse bana ba, bogodu jwa dikoko le jone bo ko godimo, motho fa a tswa sepotong a utlwa legano le kua, o phamola koko e e gaufi, mme le fa o ka re o leletsa mapodisi ga ba tsibogele dikgang tse ka nako, tse dingwe di felela hela mo phefong,” a bua jalo ka lentswe le le sesane.
Fa mosadimogolo Molatelele a ntse a thathologa le tsone, ka gopola mofoko a ga tona Makgato fa go sena go rola molao o o laolang thekiso ya majalwa a Setswana mo molwapeng ka ngwaga wa 2012 kgwedi e le ya Phukwi.
Tona o ne a supa jalo gore molao o o tlaa thusa go hema dikgang tsa selegae tse di bakwang ke nnotagi le go thusa Batswana go tokafatsa matshelo a bone.
Kgang ya nna gore matsapa di a tsaya kae mo motseng o, goreng molao o sa diragadiwe? Ka babega lebadi go tshwara mookamela mapodisi wa Ghanzi Christopher Molobe.
“Mma go na le boammaruri mo dikgannyeng tse di buiwang tse, di nnete, di a diragala, bothata jwa rona ke gore ga re na lepodisi mo motseng oo ke sone se re sa tsibogeleng dikgang tsa bone ka nako,”
“Lepodisi le le ka ba thusang gautshwane le bone ke le le ko molelwaneng wa Ngami le Ghanzi fa go laolwang tlhako le molomo teng mme kana go tswa mo Kuke go ya ko lepodising le go sekgele sa dikhilomethara di le lesome.”
Molobe a re e re ntswa go sena lepodisi le le hiretsweng motse wa Kuke ba leka go tokafatsa seemo ka go romela mapodisi fa go na le dikgang mme fela e seng nako tsotlhe. “Fa gongwe go atle go pale go thusa gotlhelele e le tlhaelo ya bodiredi.”
E re ntswa seemo se ntse jaana Molobe a re ba leka go rutuntsha banni ba Kuke ka twantsho borukutlhi, le gone go nwa dino phetelela le fa e kare go tsena ka tsebe e nngwe go tswa ka e nngwe.
Le fa go ntse jalo, molao o dirilwe go hema diemo tse mme mo go o motse go lebega e le gone ‘ka itaya mpipi mpipi a gana go tswa lebadi.` ENDS
Teaser:
Selo se matlho dialana ga a je sa ga ope. Nako tse dingwe ya ne e kete a tlaa tswa mo sekgapheng fa o latlhela bofofu ntlheng e nngwe. Heela Motswana wetsho tsa kwa Kuke, ijoo! matlho a batlile a tswa mo sekgapheng motshegare wa setlhoboloko!


_867_image_main.jpg)
_867_image_2.jpg)







                    
                    
