Lobelo lwa ga Mogotha lo tlile ka toro

Source : Kutlwano

Author : Tachila Kayawe

Location : Mmadikola

Event : Polelo ka bagolo

 

 

Mmina Pelo, Motalaote ka letso morwa Pudiye le Phuthego Salang a tsholetswe ebile a goletse kwa Nxanao go bapa le motse wa Mmadikola ka 1936. Mo nakong eno o nna kwa Mmadikola  mo kgotleng ya Phogo a tlhokomelwa ke monnawe.

Mogotha a re e ne yare go tsoga go le phitlho ya ga rre rraagwe ebong Phuthego Salang a nna le toro e e neng e mo laela gore a tsene mo sekgweng aye go tla ka tholo. O supile fa mo mosong ane a tsena mo sekgweng a leleka phologolo eo mme a e tshwara go e isa lwapeng go buiwa, a sala morago ditaelo tsa lentswe la toro.

Go tsweng foo lobelo ya nna botshelo jwa ga Mogotha.A sa siiwe ke phologolo epe le fa e le tshepe, kgokong le tau tota gotlhe le dikoloi.

Go bolelwa fa e ne e re go ilwe letsomong a alole phologolo go fitlhela e lapa mme a e tshwarea e buwe.

Kgosi Tlhabologo Boima wa Mmadikola a re o gopola fa ba santse ba dira kwa meepong kwa Afrika Borwa Mogotha a sa thijwe ke ope mo lobelong.

“Ke gopola ka 1950 re le ko Johane, makgoa a rona a ne a rata go dira kgaisano go ikgapela serwe sa kgomo kwa dikampeng. Re ne re bewa sekgala sa dikhilomithara di ka nna supa go bo go pegiwa nama e lepelediwa mo lepakong. Mofenyi e ne e nna yo o gorogileng pele. Mogotha le ba kamore ya gagwe ba ne ba nna fela ba jetse nama ruri,” go tlhalosa Kgosi Boima.

Astag (ka fa a bokwang ka teng go tewa motho yo o lebelo) kgotsa Monamba (puo ya Seherero go bokwa kapari ya gawe ka ane a apara tshega e e dirilweng ka letlalo la phuduhudu) a boela gae ka 1951. Fa a goroga a bereka mo lebenkeleng loo rra Wright le le neng le bidiwa Makwati kwa Mmadikola e le moisa dikwalo.

Mme yare Kgosi Etsile Majashangu wa Rakops a lemoga talente ya ga  Mogotha a mo kwadisa  kwa kgosing kwa Serowe gore a nne moisa dikwalo yo o tlhomamisitsweng.Tiro eo ya bo e le boithaopo fela.

“Ke ne ke emelela mo Rakops ka nako ya borataro mo maphakeleng mme ka nako ya dijo tsa motshegare ke goroga ko Serowe ke isa poso, fa e re nako ya bobedi ke a emelela mme nako ya borataro maitseboa ke ko Rakops ke busa phetolo. Ke ne ke taboga jaana ke sa ikhutse gope, ke sa ja sepe le fa e le go nwa metsi tota,” Mogotha a tlhalosa.

Mogotha go bolelwa fa ane a kgona go fologa koloi a re e a mo dia ene o batla go goroga, a tsamaya a ijela moretlwa mo sekgweng, batho ba mo nyatsa mme a ba gorogele pele ebile ba mo fitlhele a iteile kobo segole.

Mogotha o ne a tuma naga tsotlhe, a ratiwa ebile a itumelelwa ke batho ka a ne a siana mo go sa tlwaelesegang.

Fa a emelela a thuba lobelo Mogotha go bolelwa fa a ne a duma fa a siana mme a itirela le lengwe leina la Eaduma, a ikitee ka seditse le thupa mo maotong, a phuthe diatla jaaka ntsu e phamola kokwana.

Mophato wa gagwe wa Malekantwa go tlhalosiwa fa o ne o ikantse ene fa go phuthiwa dikgomo tsa matimela. 

Mogotha a re o tabogile ka lonao lobaka lo lo leele mme morago a rekelwa mpeetshane ke rre Batshegeng yo a neng a tlholega kwa Sekgopane.

E ne e re o mmona a le kgakala o bo o re ke motho a palame sethuuthuu, ntebo ke ene ebile a sala a tshwana le nonyane ka go ipopa, a ntse mokhutshwane mme a timela mo matlhong a mmogedi jaaka legadima.

E re lefa polelo e ya ga Mogotha e kgatlhisa, seemo sa botshelo jwa gagwe se ngomola pelo ebile se baya botsogo jwa gagwe mo diphatseng.

Ga a na bonno jo bo kgatlhisang, jo bo phepha le tlhokomelo e a tlhaela le dijo ga a di bone ntswa a thusiwa ka madi a bagodi le dijo ke puso.

Goya ka kgosana wa kgotla ya Phogo, Gabakahe Golekwang, a re o tlhola mogaka yo malatsi otlhe ka a tshelela mo seemong se se bokete. O supa fa ebile go tlhoka ntlo go dira gore Mogotha fa a filwe dijo le diaparo ke dikompone dingwe di felele di nyelela.

O tlatsa ka gore o kile a fitlhela go bolawa noga ya lebolobolo e tswa mo dikobong tsa ga Mogotha, selo se a tlhalositseng fa se mo utlwisitse botlhoko fela thata mme a  gwetlhega go nna a mo tlhola malatsi otlhe.

Johane Olaotswe yo ene e leng ntsalae Mogotha o ne a ngongoregela go tlhoka tlhokomelo ga mogaka yo mme a diretse lefatshe ka botswapelo.

“Ke utlwa go twe banana bangwe ba ikgobokantse ko Rakops ba dirile mokgatho wa lobelo lwa ga Mogotha mme nna mong wa leina ba sa nkopa le go ntherisa tota. Ba dira madi ka leina lame. Selo se se tlhokofatsa pelo yame ka gore ke a sotega jaaka o mpona ke sena lefa e le ditlhako jaana,” a bua jalo Mogotha.

Mogotha a re o eletsa go bona botshelo jwa gagwe bo fetoga fa a lebelela ka fa a bereketseng lefatshe ka teng. BOKHUTLO

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%