‘Kgolegelo e botlhokwa’

Source : Kutlwano

Author : Baleseng Batlotleng le Faith Mothelesi

Location : Gaborone

Event : Polelo

Polelo: Baleseng Batlotleng le Faith Mothelesi
Ditshwantsho: Phenyo Moalosi
Mokgabisi: Queen Kolobe of Madam Queen Modelling Agency
Diaparo: JB Sports (Game City)
Lefelo: Thapong Visual Arts Centre

La tla letsatsi, ya nna gangwe fela, a thanya a sotlhometse mo gare ga naka tsa nare. Fa a re thaa! a fitlhela a setse a disa poo. Mmakaseterata a mo tlhaba ka ngwaga tse thataro ka molato wa petelelo. Ya re fa a ntse a le mo kgologelong segakolodi sa gagwe sa mmontsha bokao jwa botshelo jo a ntseng a bo betla.

A lemoga fa e se ntsha e le kgologolo, maikotlhao ya nna ngwana wa morago, monna o bolawa ke se a se jeleng! Tsatsi le a neng a bulelwa ka lone, tlhaloganyo ya bo e setse e gamogile metsi, sa gagwe sebe a dumela fa a se duetse, jalo a thwantsha monwana a sa tswa go o mona, a ikana ka badimo, a kgwa a bo a thelela gore e ne e le lantlha e bile e le la bofelo ga a kitla a le baya mo kgolegelong gape.

A bopilwe sesha dilabe di setse le kgolegelo. Fa o sa dumele gore kgologelo e aga motho, botsa Ditiro. Ke mang yo o neng a ka akanya gore fa a tswa teng botshabelo jwa gagwe e tla nna Rara?! Ke dumela thata gore le fa o ka mo phonya ka letswele o ka seke a ipusolosetse. Jaaka a re tlhalosetsa a re kgolegelo e mo file sebaka sa go itshenka le go itshekatsheka. O dumela gore matlhogoputswa ba opile kgomo lonaka fa ba re mo-goa-dira o a di ikgoela. Mo go ene puo e yabo e na le bokao mme o solofetsa gore morago ga go nna mosima wa phika ka marago, o le kgwile a bo a le thelela.

“Kgolegelo ga se kwa go latlhelwang matlakala teng, ke thulaganyo ya botshelo ka gore re kopana kwa ka mefuta yotlhe, ke rata go go raya ke re a re ithuteng mo diphosong tsa ba bangwe eseng re emela go dira phoso pele,” o tlhalosa jalo ka sefatlhego sa motho a na le boikotlhao, pelo e gamuketse botlhoko fa a gopola molato wa gagwe. O re bolelela gore o batla sebaka sa go ya go bona ba lelwapa la mosetsanyana yo a neng a itseetse dikobo mo go ene go ya go kopa maitshwarelo.

Moya wame o kagisong ke dule pitlaganong ga ke sa tshela pogisegong jaaka pitsa isong…..ke apere lorato ke tshela tshiamong ya Morena Jeso,” o tlhalosa jalo ka pina ya setso e a dumelang gore e nnile gaufi thata le pelo ya gagwe le fa a e rulaganya a santse a le kwa ntlung ya lefifi. Motho o ka ipotsa gore go diragala eng kwa kgolegelong se se fetolang magolegwa ka bontsi.

Mookamedi wa Prisons Fellowship Botswana, Ronald Dintsi, o phophothela maitlamo a ba lephata la dikgolegelo a go sokolola magolegwa. A re lephata la dikgolegelo le na le tsamaiso e e tsepameng ya go inaakanya le batsayakarolo mo mererong ya go sokolola ba dira molato.

Dintsi o tlhalosa gore maiteko a bone a a atlega ntswa go na le dikgwetlho. O kopa makalana a a ikemetseng go thusa puso go tlisa kagiso mo meweng ya batho ba ba utlwisitsweng botlhoko ke botlhoka tsebe le go amogela ba ba ikotlhayang.
Ditiro ene a re kwa kgologelong o ithutile gore motho o tshela ka digakolodi tse pedi, sa mowa o bosula le sa mowa o siameng, mme go tsone ka bobedi o itlhophela gore o batla sefe se tsaya bogogi mo botshelong jwa gago.
Selo se sengwe se a kayang fa e ne ya nna seikokotlelo sa gagwe le gompieno ke go ithuta bogolo jwa Modimo.

“Ke ne ka ba ka itemogela gore kgolegelo ga se ya mabota fela, le batho mo botshelong ba tshela matshelo fela a a thata a go imelwa ke dilo tse ba di itirang,” a tlhalosa.

“Go tsogela mo bojalweng tsatsi le letsatsi gone ka bo gone ke kgolegelo ka gore motho wa teng ga go motlhofo fela gore a tswe mo mokgweng o. Ke rata go rotloetsa makala a puso ya Botswana go nna seopo sengwe go aga setshaba sa Botswana, dikgolegelo di dira ka natla go aga badiramelato mme go ka nna molemo thata fa re ka bona go tsosolosiwa le tsa metshameko ka go lebega re ikaegile thata mo go tsa tiro ya diatla. Re le batho re na le ditalente tse di farologaneng,” a tlhalosa.

Ditiro o tswelela ka gore keletso ya gagwe ke go nna le sebaka sa go tsamaya a gakolola bo setlabosheng mo dikolong a le sekai a ba rerela thero ya gagwe ya gore “a re ithuteng mo diphosong tsa batho ba bangwe eseng go emela go dira phoso”.

Mongwe wa badira molato wa pele, Mothei Sejakgomo, a re mananeo a go sokolola badiramolato a botlhokwa. Sejakgomo le bangwe ka ene ba ba kileng ba ya kgolegelong ba mo mokgatlhong wa Botswana Institute of Rehabilitation and Reintegration of Ex-offenders o o thusang go letlanya badiramolato le batswa-setlhabelo le go ba amogela mo setshabeng gape. Sejakgomo a re dingwe tse magolegwa a pele a kopanang le tsone ke go tlhoka kamogelesego mo setshabeng mo ba felelang ba dira molato gape.

Thuso Khubamang wa lekalana la Scud Missile Promotions a re tshidilo maikutlo mo magolegweng e botlhokwa thata. A re e le mongwe wa ba-na-le-seabe mo tirong e ya go amogelwa sesha badiramelato o bona phenyo mo mosepeleng o. Khubamang o supa fa go na le dikai tse di nametsang gore ba ba kileng ba tshwarwa ba na le seabe se se utlwalang mo setshabeng. A re bangwe ba setse ba filwe dithuso tsa go tsweledisa dithuto tsa bone fa bangwe ba thusiwa ke makalana a tshwana le CEDA go simolola dikgwebo.

Teaser:

Jaaka bontsi jwa bagaka ka go farologana, sekgantshwane sa rona sa mmino wa Setswana, Ditiro Leero, o ne a a nwa matute a botshelo a kgomo e khunwana. Tsatsi le a utlwalelwe kwa motseng ole, kamoso a utlwiwe kwa go ole. Setlhako go lela sa gagwe fela. Jaaka nna le wena segakolodi sa gagwe se sa tseye tsia puo ya motlapele ya gore phomphokgwe yo o maithukutho mabe o iphatlha ka diphuka e le tsa gagwe.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%