Letsoku
Source : Kutlwano
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Gaborone
Event : Fashion feature
Selo se go ikokoanya o phatsima o nna lephontsha la maratagolejwa se tswa goo lowe. Bogologolo makgarejwana ba ne ba itira dinaletsana ka bopi jwa letlapa le le haphegileng.
Letlapa le, le ne le tsewa le bo le silwa ka tshilwana ka botswerere go dira bopi jo bo bidiwang letsoku.
Basadibagolo ba ne ba tsaya letlapa le ba le rita sentle gore le nwele sentle mo letlalong le ntlafatse motho wa mme go bonale pharologanyo a galoge.
Mo bogompienong ngwao ga e a latlhega. Bernice Moyo ke mongwe wa ba ba rekisang letsoku a tlhalosa gore le dirwa ka go sila letlapa la mofuta o o rileng, mme matlapa a tlholega ka mebala e e farologaneng jaaka bohibidu, borokwa le bosetlha jo bo tlopegetseng ka go farologana .
E re ka matlalo a mmala wa sebilo a farologana, mebala e e farologaneng ya matlapa a e dira gore ope a seka a tlhoka go tshasa mmala wa gagwe.
Ka ke selo sa tlholego mme ebile le dirwa go sa tsenngwe metswako epe e e ka babalelang letlalo mosadimogolo Moyo a re Letsoku ga le na ditlamorago dipe tse di masisi mo letlalong fela le tshwanetse la tlhapiwa pele ga motho a robala gore le seka la thiba maroba a letlalo.
	Ntleng le go intlafatsa le dirisiwa gape mo go tsa setso. Mengwe merafe e dumela fa le ka imolola sefifi. Fa bangwe ba le dirisa mo go tsa kalafi jaaka botsetsi, “ngwana wa mosetsana fela fa a simolola go tsena mo botsetsing jwa go rafola bogologolo o ne a bewa mo ntlung go fitlhela nako e beilweng mme e re a ntshiwa mo botsetsing jo a bo a tshasiwa letsoku e le gone go mo amogela gore jaanong ke mmenyana.
	Bogologolo gape ba ne ba le dirisa go ntlafatsa monyadi ka letsatsi la gagwe la tseo go dira gore a tsabakele












                    
                    
