Nyeletso lehuma e nosa Batswana metsi

Source : Kutlwano

Author : Idah Basimane

Location : Pitsane

Event : Polelo ka kgwebo-potlana

Sekwena Dikhutso ke mongwe wa Batswana ba ba neng ba seka ba utlwa ka tsa ga morakile fa a bolelelwa ka lenaneo la go itshetsa la twantsho lehuma la puso. O ne a tsaya kgato go bona gore botshelo jwa gagwe e nna sekao se se lolameng se se amilweng ka tsela e e kgethegileng ke lenaneo le.

Dihutso o nna le dipoelo tsa madi a a kanang  ka dikete tse tharo morago ga kgwedi.  

A re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile o leboga puso. O ikuela mo pusong go mo thusa ka madi go tsholetsa kgwebo ya gagwe.

“Kgwebo ya me e ntlodisitse melatswana mme ke sa ntse ke kopa ba ba tsereng mananeo a mofuta o, go dira ka natla ka jaana go na le ba ba sa bonang sebaka sa go neelwa madi fa ba a batla, ka jalo bagaetsho mokoduwe go thusiwa o o itekang. Ka kgwebo ya me ke kgonne go reka dipodi di le pedi tse di namagadi tse mo nakong eno di ikokeditseng.”

Rre Dihutso yo o tlholegang kwa kgaolong ya Leporung kwa Borolong a re go nna le bogole mo leotong ga go a ka ga digela kwa tlase mpho ya gagwe ya go dirisa letlalo go dira didirisiwa tsa mefuta e e farologaneng  go itshetsa. 

A re le fa go phadisana le bagwebi ka ene e se selo se se motlhofo, didirisiwa tsa gagwe jaaka ditlhako, dibeke, mabante, dibeke tsa megala ya letheka ke tsa maemo aa kwa godimo ka jaana o setse a ikgapetse dietsele kwa ditshupong tsa Gaborone ka ngwaga wa 2013 kwa a ileng a ikgapela madi a a kanang ka dikete tse di lesome. 

Ka ngwaga wa 2016 gone o ne a gapa motshine wa motlakase o o rokang ditlhako.

 O ne a tswelela a bolela gore botsipa jwa go suga matlalo o bo amule kwa Maun kwa Thuso Rehabilitation Centre kwa a ne a ile go ithutela tiro teng mme a fetsa ka ngwaga wa 2002 kwa a itswetseng ka setlankana sa phenyo. 

O boleletse Kutlwano gore bommaboipelego ba ofisi ya Goodhope ba ne ba mo etela go mo fa madi a a kanang ka dikete tse di lesome le botlhano go ya ka ene. 

“Madi a a ne a nthusa go reka matlalo le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang mo tirong.

A re fela o ne a isiwa ko tlase ke go fokotsa ditlhwatlhwa ga ba a phadisanang le bone mo kgwebong bone ditlhwatlhwa tsa bone di ne di le kwa godimo.  Ka jalo fa a rekelwa o ne a sa bone dipoelo dipe tse di nametsang.  

Mo tirong ya gagwe o bereka le Dikabelo Leshomo yo le ene e leng monalebogole. A re ba kopanetse kwa sekoleng kwa Maun kwa ba neng ba ithuta go suga matlalo ga mmogo le thuo ya dikoko le temo ya merogo.

Le fa go ntse jalo Mmaboipelego wa Phitshane, Patience Kesamang mo puisanong ya gagwe le Kutlwano  o ile a ema puso nokeng a re e dira mananeo a mantle a a solegelang tshaba ya Botswana molemo. 

A re  fa go ne go ka nna le batho ba ba tshwanang  le Dikhutso ba ba supang lenyora le kgatlhego mo mananeong a, tsetla ya go nna jalo e ne e ka nna kgatelopele ee mo tshabeng ya Botswana. 

Kesamang a re mo nakong eno, o rotloetsa ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go kwadisa dikgwebo tsa bone. 

“Kakanyo ya me ke le nosi ke ne ka akanya gore o ka tsenya batho ba ba nang le bogole le ba ba senang bogole gore ba nne setlhopha go ipaya mo seemong se se siameng  sa gore puso e ka ba fa madi. 

Mme mogopolo o ba ne ba o dumela.”

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%