Loeto lwa ba bina tshwene ba ga Motebejana
Source : Kutlwano
Author : Idah Basimane
Location : Gaborone
Event : Polelo ka ditso tsa Morafe
Motse wa Mmankgodi o itsege ka ditso tse di farologaneng. Sengwe sa tse di ka kgatlhang ka motse o ke masaka a batho ba bogologolo a a dirilweng ka matlapa a go belaesegang ba ne ba a dirisa jaaka malapa.
Malapa a bonwa kwa lentsweng la Dimawe le le kwa lentsweng la Mmankgodi. Go ka buiwa gape ka sekole se segologolo. Mo potsolosong le ba Kutlwano David Pheresi kgosana ya kgotla ya Mmusi gone mo motseng wa Mmankgodi a re o tsene sekole mo motseng o a dira subA go tsena ka sub4. A re sekole se se agilwe ka ngwaga wa 1956. A re mme tota sekole se se gologolo ke se sebotlana se mo gompienong se bidiwang Mmoni.
O boletse gape fa bajanala ba etela motse o go tla go bona lebitla le le kwa nokeng ya Kolobeng la mogaka wa boefangedi David Livingtone. O boletse fa go sa tlhaloganyesege thata gore tota go tla jang gore gape go bo go na le fa go bidiwa lebitla la ga David Livingstone kwa ga MmaMosadinyana.
Go ya ka ene morafe wa Mmankgodi o bidiwa oo Mochibidu –wa Nong, Mme Nong ene a tsalwa ke Manyane. “Ba e ne e le bagwe ba dikgosi tsa motse o. Re Batshweneng ba ga Mmapula-a–Masila-a-Malope.” E rile a tswelela a bolelela gore Bahurutshi ba ba kwa Tonota ba bina phofu, mme bone ba tsene mo Botswana ka molelwane wa dinokana.
E rile a gatelela mafoko a ga Pheresi, Tsiane Letlole , yo e leng mongwe wa lesika la bogosi a re fa baipoka bare “tshwene ke naiwa mmele, makopong ga ke naiwe.”
E re go tse go le foo kgosana Khuduga Kagiso wa Kgotlana ya Tloaneng a re Bahurutshi ba gorogile mo go tswa Aferika Borwa ba tshaba dintwa tsa Maburu ba eteletswe pele ke Kgosi Masega .
A re ba fitile ba gorogela kwa Dimawe ka fa tlase ga ga kgosi Sechele wa ntlha wa Bakwena fa go neng gape go nale morafe wa Balete. Go ne ga diragala go re Sechele a fudugele kwa Dithejwane, le gone kwa fitileng a nna lobakanyna fela a ba a fetela kwa Magagarapa e ntse e le mo kgaolong ya Mokwena. O boletse go re Bahurutshi bone ba ne ba ya go nna gaufi le lentswe le le neng le itsege ka go nna digodi tse dintsi, lone tota Lentswe le motse o bidiwang ka lone.
Balete bone ba ne ba tlogela Bahurustshi mme ba fudugela kwa Sepitse kwa Ramotswa. Erile fa Kgosi Masega a tlhokafala bogosi jwa tsewa ke Thobega e le ngwana wa ga Letlole wa ntlha. E rile fa bogosi bo ntse bo tlhatlologana ga tsena Kgosi Letlole yo o neng a reeletswe ka letlole wa ntlha mme ene a tlhokafala ka ngwaga wa 2015. Mo gompienong bogosi jwa Mmankgodi bo sa ntse bo tshwareletswe mme ga go ise go tlhophiwe kgosi.
O dumalalne le Kgosana Pheresi gore Bahurutshi ba ba kwa Aferika Borwa le ba ba mo Botswana ke batho ba le bagwefela le fa go na le ba ba binang phofu le ba ba binang tshwene. O iteetse kobo moroko a re ba ba binang phofu ke bone ba batona. Fa a tlhalosa gore go tsamaile jang gore ba bine tshwene a re Bahurutshi ba Mmankgodi fa ba sa ntse ba le kwa Aferika Borwa, Kgosi Mohurutshi o ne a na le bana e le Motebele le Motebejane.
Go ya ka ene Motebele o ne a bolotsa letsholo le e rileng mo go lone a tshwara tshwenyana. E rile go iwa letsholo le lengwe, a kopa monnawe Motebejana gore a mo salele le tshwenyana, ga bolela jalo kgosana Kagiso.O ne a tswelela a re e ne ya re fa ditshwene di feta tswenyana ya bona sebaka sa go sia mme ya tsamaya le ditswene tse dingwe. “E rile go lemoga fa tswenyana e le boditse phokoje Motebejana a inaya naga ka setlhopaha sa Bahurutshi ba bagwe a tlolela molelwane mo Botswana, ka jaana a ne a setse a utlwile fa mogolowe a tsile go mo lwantsha a batla tswenyana ya gagwe. Bahurutshi ba, ba felela ba re bone ba tshabile ka ntata ya tshwene. Ka jalo ba tlaa ikana ka yone.”
Motebejana o gorogile mo lefatshing la Botswana ka gwaga wa 1852, a gorogela kwa Dimawe, lefelo le le gaufi le motse wa Mmankgodi mo kgaolong ya Kweneng. O gateletse mafoko a ga Kgosi Phersei ka gore fa ba goroga ba gorogetse mo go Kgosi Sechele wa ntlha. Le fa go ntse jalo motse wa Mmankgodi o na le dikomiti tsa ditlhabololo di le pedi tse di supileng fa di dira sentle. Go ya ka mothusa modulasetilo wa komiti ya Mmangkodi Bokone Ian Mafoko, ba kgonne go aga T-B sport le ntlo e go ka latlhelwang matlakala mo go yone.










                    
                    
