Loeto lwa ba bina tshwene ba ga Motebejana

Source : Kutlwano

Author : Idah Basimane

Location : Gaborone

Event : Polelo ka ditso tsa Morafe

Motse wa Mmankgodi o itsege ka ditso tse di farologaneng. Sengwe sa tse di ka kgatlhang ka motse o ke masaka a batho ba bogologolo a a dirilweng ka matlapa a go belaesegang ba ne ba a dirisa jaaka malapa.

Malapa a bonwa kwa lentsweng la Dimawe le le kwa lentsweng la Mmankgodi. Go ka buiwa gape  ka sekole se segologolo. Mo potsolosong le ba Kutlwano David Pheresi kgosana ya kgotla ya Mmusi gone mo motseng wa Mmankgodi  a re o tsene sekole mo motseng o a dira subA go tsena ka sub4.  A re sekole se se agilwe ka ngwaga wa 1956. A re mme tota sekole se se gologolo ke se sebotlana se mo gompienong se bidiwang Mmoni.

O boletse gape fa bajanala ba etela motse o go tla go bona lebitla le le kwa nokeng ya Kolobeng la mogaka wa boefangedi David Livingtone. O boletse fa go sa tlhaloganyesege thata gore tota go tla jang gore gape go bo go na le fa go bidiwa lebitla la ga David Livingstone kwa ga MmaMosadinyana.

Go ya ka ene morafe wa Mmankgodi o bidiwa oo Mochibidu –wa Nong, Mme Nong ene a tsalwa ke Manyane. “Ba e ne e le bagwe ba dikgosi tsa motse o. Re Batshweneng ba ga Mmapula-a–Masila-a-Malope.” E rile a tswelela a bolelela gore Bahurutshi ba ba kwa Tonota ba bina phofu, mme bone ba tsene mo Botswana ka molelwane wa dinokana.  

E rile a gatelela mafoko a ga Pheresi, Tsiane Letlole , yo e leng mongwe wa lesika la bogosi a re fa baipoka bare “tshwene ke naiwa mmele, makopong ga ke naiwe.”

E re go tse go le foo kgosana Khuduga Kagiso wa Kgotlana ya Tloaneng a re Bahurutshi ba gorogile mo go tswa Aferika Borwa ba tshaba dintwa tsa Maburu ba eteletswe pele ke Kgosi Masega . 

A re ba fitile ba gorogela kwa Dimawe ka fa tlase ga ga kgosi Sechele wa ntlha wa Bakwena fa go neng gape go nale morafe wa Balete. Go ne ga diragala go re Sechele a fudugele kwa Dithejwane, le gone kwa fitileng a nna lobakanyna fela a ba a fetela kwa Magagarapa e ntse e le mo kgaolong ya Mokwena. O boletse go re Bahurutshi bone ba ne ba ya go nna gaufi le lentswe le le neng le itsege ka go nna digodi tse dintsi, lone tota Lentswe le motse o bidiwang ka lone.

Balete bone ba ne ba tlogela Bahurustshi mme ba fudugela kwa Sepitse kwa Ramotswa. Erile fa Kgosi Masega a tlhokafala bogosi jwa tsewa ke  Thobega  e le   ngwana wa ga Letlole wa ntlha. E rile fa bogosi bo ntse bo tlhatlologana ga tsena Kgosi Letlole yo o neng a reeletswe ka letlole wa ntlha mme ene a tlhokafala ka ngwaga wa 2015. Mo gompienong bogosi jwa Mmankgodi bo sa ntse bo tshwareletswe mme ga go ise go tlhophiwe kgosi.

O dumalalne le Kgosana Pheresi gore Bahurutshi ba ba kwa Aferika Borwa le ba ba mo Botswana ke batho ba le bagwefela  le fa go na le ba ba binang phofu le ba ba binang tshwene. O iteetse kobo moroko a re ba ba binang phofu ke bone ba batona. Fa a tlhalosa gore go tsamaile jang gore ba bine tshwene  a re Bahurutshi ba Mmankgodi fa ba sa ntse ba le kwa Aferika Borwa, Kgosi Mohurutshi  o ne a na le bana e le Motebele le Motebejane.

Go ya ka ene Motebele o ne a bolotsa letsholo le e rileng mo go lone a tshwara tshwenyana. E rile go iwa letsholo le lengwe, a kopa monnawe Motebejana gore a mo salele le tshwenyana, ga bolela jalo kgosana Kagiso.O ne a tswelela a re e ne ya re fa ditshwene di feta tswenyana ya bona sebaka sa go sia mme ya tsamaya le ditswene tse dingwe. “E rile go lemoga fa tswenyana e le boditse phokoje Motebejana a inaya naga ka setlhopaha sa Bahurutshi ba bagwe a tlolela molelwane mo Botswana, ka jaana a ne a setse a utlwile fa mogolowe a tsile go mo lwantsha a batla tswenyana ya gagwe. Bahurutshi ba, ba felela ba re bone ba tshabile ka ntata ya tshwene. Ka jalo ba tlaa ikana ka yone.” 

Motebejana o gorogile mo lefatshing la Botswana ka gwaga wa 1852, a gorogela kwa Dimawe, lefelo le le gaufi le motse wa Mmankgodi mo kgaolong ya Kweneng. O gateletse mafoko a ga Kgosi Phersei ka gore fa ba goroga ba gorogetse mo go Kgosi Sechele wa ntlha. Le fa go ntse jalo motse wa Mmankgodi o na le dikomiti tsa ditlhabololo di le pedi tse di supileng fa di dira sentle. Go ya ka mothusa modulasetilo wa komiti ya Mmangkodi Bokone Ian Mafoko, ba kgonne go aga T-B sport le ntlo e go ka latlhelwang matlakala mo go yone.

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%