Dikgang tsa bogosi kwa Dikhukhung ga di jese diwelang

Source : Kutlwano

Author : Idah Basimane

Location : Good Hope

Event : Polelo ka Motse

Motsana wa Dikhukhung o ikadile mo lefatsheng le lentle gautshwane le mhapha wa thabana ya Logagane kwa ntlheng ya borwa, gaufi le mokgacha wa noka ya Molopo.

Fa o latlhela matlho kwa botlhabatsatsi go tlhojana ya Mma-boreje e, e e emeng e okame motsana o.

Baagi ba motse o ke Barolong ba babina tshipi ya noto, ba ba gorogileng mo kgaolong e ka go tshaba dintwa tsa maburu le batho bantsho kwa Afrika Borwa mo dingwageng tsa bo 1900. Go ne ga goroga pele Urutleng, ga bo go tla Mhatlhe mme ba latelwa ke Sebetlela. Mongwe wa ba bogosi Samuel

Sebetlela a re ka nako ya fa Barolong ba goroga mo lefatshing leo, motsana wa Dikhukhung o ne o ise o nne le leina mme ba ne ba nna ba ipaakanyeditse ntwa ya maburu a a neng a ba tlhasela ka go ba kukunela.

Kgosi Lotlaamoreng Montshiwa wa ntlha o ne a ratile go baya Mhure kgosi , mme morafe wa supa fa o sa mo rate o re o tlhogo e thata, mme ba dumalana le peo ya ga Urutleng Mathakgo ka dingwaga tsa bo 1950.

Fa a akgela, modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Gabothuse Mhatlhe a re motsana wa Dikhukhung o itsege ka matlodi kana matangwna a tlholego a a kgonang go tshwara metsi ka nako e telele, jaaka letangwana le le kwa Dikobotlo, le loora Mhatlhe, Tokonyane le loora Gomolemo.

Mo go tse dingwe, o ne a lemotsha fa go na le kgang ya bogosi e e diyang ditlhabololo mo motsaneng wa Dikhukhung.

A re se a se tlhaloganyang ke gore Boora Mathakgong ba beilwe mo setilong sa bogosi ke Kgosi Seepapitso IV wa Bangwaketse mo dingwageng tsa bo 1950, ka lefoko la gore ke baletlanyi e bile ga ba a tshwanela go sekisa.

A  re bogosi jwa Dikhukhung bo laolwa kwa Leporung, ka jalo, ba Leporung ke bone fela ba ka sekisang batho ba Dikhukhung.

A re ene se a se itseng ke gore boora Mhure ke bone dikgosi tsa motse wa Dikhukhung ka jaana Motho wa ntlha go tla mo lefatshing la Barolong e ne e le Keipeile Mhure e seng Urutleng Mathakgong.

O boletse gore Mhure ke Rrangwaneagwe Mathakgong. A re Mathakgong e ne e le modisa wa dikgomo tsa ga Montshiwa, mme ka nako nngwe a neelwa tshwanelo ke Kgosi Montshiwa go tshegetsa batho ba Dikhukhung.

Le fa go ntse jalo kgosi kwa Loporung Lebogang Mosii o dumalana le Mhatlhe gore bogosi jwa Dikhukhung bo laolwa kwa Loporung ka jaana go sena mapodisi le fa e le diofisi kwa motsaneng o. A re le ntswa e le Barolong bogosi jwa metsana, jaaka Mmakgori, Loporung, le Dikhukhung bo laolwa ke kgosikgolo kwa ga Ngwaketse ntswa lefatshe e le la Barolong.

Kgosi kwa Mabule, Kgosi Morota Tiro a re ba santse ba emetse karabo go tswa mo pusong gore Barolong ba ba ka fa tlase ga bogosi jwa ga Ngwaketse ba ikemele ka nosi.

“Go thata gore boora Motshiwa ba ka emela ditharabololo tsa Barolong ba babina Tshipi ka jaana bone ba na le kgosikgolo le lefatshe la bone.

Ga ba re thuse go lwa ntwa, ga re ka ke ra batla go nna ka fa tlase ga bone. Le rona re batla go busediwa lefatshe la rona go tswa kwa ga Ngwaketse le gore bogosi jwa rona bo laolwe mo Morolong gore dikgang tsotlhe tse di amang Barologng ba babina Tshipi di papamadiwe.”

Le fa go ntse jalo, Kgosi o gateletse gore Barolong botlhe ba bina Tholo le Tshipi.

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%