A go kgalema ngwana ke kgokgontsho
Source : Kutlwano
Author : Kutlwano
Location : Gaborone
Event : Mmamalome
Mmamalome
Ke kwala jaana ka pelo e e botlhoko. Ke na le ngwana wa mosetsana wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe. Se se utlwisang botlhoko ke gore ngwana yo ga a bate ke mo kgalemela, fa ke bua le ene a re ke a mo kgokogntsha e bile o tla ikuela.
Tshoganetso Nonofo
Setlogolo
Setlogolo kgang ya gago ke a e utlwa le fa o sa batle go e ala ka boleele gore re kgone go tlhaloganya kgalemo e o e dirang e ngwana a bonang e le kgokgontsho. Ga go molato go kgalema ngwana mme ela thoko mafoko a o a dirisang fa o bua le ngwana. Go le gantsi bangwe batsasdi ba dirisa mafoko a a kgobang mme seo se sa siamela bana, bangwe ba bake dikgobalo mo baneng ba re ba a ba otlhaya.
Ka jalo ela tlhoko ditsela tsa gago fa go pala o kope thuso mo makalaneng a a maleba.










                    
                    
