Go bipa mpa ka mabele go lomeletsa batswa setlhabelo
Source : Kutlwano
Author : Kutlwano
Location : Gaborone
Event : Mmamalome
Mmamalome
Ke kwala jaana ke tshwenyegile go bona bangwe ba le maoto a tshupa go bega dikgang tsa kgokgontsho tse di tsweletseng ka go diragala mo matlhong a bone. Se se botlhoko ke gore ba lomeletsa batswa setlhabelo ka mabaka mme kgokgontsho ka go farologana e tsweletse ka go jwelela e bile seemo se kekela..
Nkarabang Tsietso
Setlogolo
Le wena ke tlaa go supa ka monwana mo dikgang tse tsa kgokgontsho, e bile go supa fa o sena le jone boikarabelo. Go supa fela fa ditiro tsa kgokgontsho di diragala mo matlhong a gago, jaanong wena o tsere efe kgato fa o supa ba bangwe ka menwana jaana. dira se se tshwanetseng pele o supa bangwe ka monwana. ENDS










                    
                    
