Boikarabelo ke jwa rona rotlhe
Source : Kutlwano
Author : Kutlwano
Location : Gaborone
Event : Mmamalome
Mmamalome
Ke kwala jaana ke tshwenngwa ke go bona bangwe Batswana ba ikogela morago kgotsa ba ntse moriti o tsididi go ka bega dingwe dikgang tsa tswhenyetso sechaba e e dirangwa go dirisiwa dithoto tsa setshaba. Gangwe le gape bangwe ba ikgatlholosa go tsaya boikarabelo jo bo rileng fa ba bona dikgang tsa mofuta oo di diragala.
Nkele Kgagodi
Setlogolo Kgagodi
Kgang ya go nna le boikarabelo e tshwanetse go nna boikarabelo jwa mongwe le mongwe, ka gore kwa ntle ga go nna jalo ba rotlhe re tla nna re amega ka tsela e e sa kgatlhiseng e bile go tlaa paledisa le yone puso go ka tlamela Batswana ka mo go nametsang. A re tseyeng boikarabelo, dithoto tsa puso ke tsa rona rotlhle tiriso ya tsone ga e a tshwanela go sokamela ntlheng kgotsa di dirisiwa ka ditsela tse di seng maleba. Kopo ke gore a rotlhe re bege dikgang ts tshenyetso setshaba










                    
                    
