Ke batla magadi a me

Source : Kutlwano

Author : Kutlwano

Location : Gaborone

Event : Mmamalome

Mmamalome  ke mme wa dingwaga tse di masome a mararo, ke ipaakanyetsa go tsena mo tseong, jaanong ke botsa gore go molato gore nka kopa batsadi bame gore ba nnele magadi ka jaana ke tla tlhoka go a dirisa mo ditirong tse dingwe gape tsa lenyalo. Thato Marupi

 

Setlogolo o dira phoso e tona thata e bile o tla ipakela dihawa mo lenyalong la gago. Magadi ga se tuelo, ke sesupo sa kgolagano ya malapa a a farolganeng a mabedi, tlogela batsadi go rera magadi a gago, ba tla go fa se ba se gofang o seka w aba etelela pele. Phoso nngwe e bontsi jwa batho ba e dirang ke go akanya gore magadi ke tuelo mme tota go sa nna jalo, ke ngwao ya Setswana e tshwanetse go salwa morago. ENDS

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%