Lera kwa Hatsalatladi le ratha motse jaaka serunya

Source : Kutlwano

Author : Idah Basimane

Location : Hatsalatladi

Event : Potsolotso

Lera la Hatsalatladi le le bonetseng kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo 1950, le tlhorontshitse morafe wa motse ono wa Bakwena.

E re ka Motswana a re o mpotse tsa kwa ke tswang tsa kwa ke yang ga ke di itse, ba lephata la kabo ditsha ba ne ba abela banni bangwe lefatshe, mme erile go ise go ye gope, ba iphudusa ba tshaba ditlamorago tsa go welwa ke dikago.

Mogolwane mongwe wa motse, Rre Olefhile Koloti ene a re lera le ke tlholego ka le rantha motse gongwe le gongwe jaaka serunya.

A re e rile ka 1965 fa a etetse kwa Kurumane kwa Afrika Borwa, a feta a bona lera le tlolela mo Botswana.

“Tota ga re itse sentle gore lera le le simologa kae, mme fela le a tshosa, e bile bangwe ba setse ba fudugile mo re sa itseng gore ba tlaa dira jang ka ditsha tsa bone,” go akgela Rre Koloti.

Khutsafalo Buka, moagi wa motse o, o netefatsa fa lera la Hatsalatladi le simologile ka dingwaga tsa bo 1950 di ya bokhutlong.

A re lefelo le pele, le ne le bidiwa Kgolomaduwe, go tewa letamo le le mo motseng, mme e le meraka ya Bakwena. E ne ya re morago mogobe o, wa simolola go bidiwa Hatsalatladi, e le ka ntlha ya gone go ranyega kgotsa go hatsega mo.

“Go ne ga tshologa pula ya sephai, tladi ya yone e ne ya itaya mo mogobeng o o bidiwang Seesemane. Go lebega gore lera le, le ne le ntse le le teng mme le iphitlhile,” go bolela jalo Buka.

O tlhalositse gape gore lera le, le bonala mo mafelong a a tshwanang le dikgaolwana tsa Hatsalatladi e leng Garamatlhodi, Ramankhung, Mosekele, Mahibitswane, le a a kgakala jaaka Ditshegwane le Letlhakeng.

Gape o gateletse gore fa go simologa, lefatshe le ne le kgona go phatlhoga boteng jwa gore fa kgomo e wetse mo teng e bo e sa kgone go intsha. Fa a ntsha la gagwe, Otsile Sereto, ene e le mogolwane wa motse, a re letlere la ntlha le le fetotseng Kgolomaduwe leina le lemogilwe ka dingwaga tsa bo 1960.

A re mo nakong eno, lera le oketsegile mo e leng gore matlo, dikago tsa puso, le tsone ditsela tota, di ngomola pelo.

O tlhalositse fa  baagi ba motse ba tshwanetse go kopana ba dumalana gore motse o ka sutelela fa kae fa go bonwang go le botoka.

Kgosi Saki Gabanamotse wa motse wa Hatsalatladi a re lera le, le ne la itshupa thata ka pula ya Dineo, mme fa le fitlhelwang teng go itshupa fa go na le metsi. 

Kgosi Gabanamotse a re bothata jo baagi ba bo bonang ke gore nako e ntsi, ba patelesega shafatsa dikago tsa bone, le gone gore malwapa mangwe ke matlotla fela ka ntata ya phudugo ya baagi bagwe mo motseng.

“Go ne ga nna le mongwe yo o ne a felela a fudusitswe ka jaana fa a robetse mo ntlung, o ne a utlwa o kare molapo o feta ka fa tlase,” ga tlhalosa jalo Kgosi Gabanamotse. 

Kelly Baitshenyetsi, yo e leng monana mo motseng, a re ba lekile go thiba ntlo ya bone e e thubegileng gongwe le gongwe, mme go lebega go sena mosola.

“Re tshelela fela mo letshogong. Le fa re le mo motseng jaana re solofetse sengwe le sengwe nako nngwe le nngwe,” ga akgela Baitshenyetsi.

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Hatsalatladi ene a re dipula tse di neleng mo tshimologong ya 2025, di gakaditse go senya ga lera le, bogolo jang kwa sekoleng.

A re ba ne ba bona go le botoka ba khurumetsa ditlere tsa lera le ka matlhaku ka di le borai mo baneng.

Le fa go ntse jalo, puso, ka thuso ya ba Botswana Geoscience Institute, e solofetsa gore e tlaa ema nokeng banni ba Hatsalatladi, go tswa ka maano a go rarabolola masaitseweng a go thubega ga lefatshe ka e rile ka 2022, ba dira ditlhotlhomiso mabapi le seemo sa Hatsalatladi.

Dipatlisiso di supile fa go na le dikarolo dingwe tsa motse tse di sa siamang fela jaaka leina la motse le bolela.

“Fa re rola pego re na le ba Geoscience, re supile gore go ka agwa meago e e ka itepatepanyang le seemo se. Sa bobedi ke gore baagi botlhe ba ka fudusiwa. Puso e ikemiseditse go buisanya le bone go bona gore seemo se ka tweng,” go bolela tona ya ofisi ya merero ya ga Tautona, Rre Moeti Mohwasa mo potsolotsong bosheng.

O latlhetse gape gore dikago dingwe tse di leng teng di tlaa tshwanelwa ke go baakanngwa gore di kgone go itepatepanya le seemo.

Gape a re e re ka jaana puso e bereka ka go tsaya ditshwetso batho ba le mmogo, ba gakololana, ga go ise go tsewe tshwetso gore go ka dirwang.

A re gape ga go ise go tlhamalale gore go ya go diragala jang, ka gore ke selo se se tlaa  nnelwang fatshe le ba Geoscience ba gakolola ka kitso ya boranyane.

“Re batla go dira ditshekatsheko tse di ka thusang le ba kabo lefatshe tota, gore fa ba baya batho, e nne mo mafelong a e leng gore ga ba kake ba iphitlhela ba le mo mathateng,” ga tlhalosa jalo Rre Mohwasa.

Mookamedi wa lekalana la tsa boranyane kwa Botswana Geoscience Institute, Rre Puso Akanyang, a re go thubega ga lefatshe go begilwe kwa go bone ka 2014 mme ya re ka 2016, molemi mongwe a bega kwa go bone gore go ranyega ga lefatshe go babaletse leruo la gagwe, ka jalo ba romela batlhotlhomisi go latedisa dipego, le go sekaseka gore go ka dirwa eng. E rile ka 2022, Rre Akanyang a re Geoscience e ne ya romela ditsetla tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa ga mmogo le kopo madi kwa pusong, go leka go rarabolola seemo.

O ne a tlhalosa gore ditlhotlhomiso di wetse ka Phatwe 2024, mme tsa supa fa dipula tse di nang ka bontsi, go elela ga metsi ka fa tlase ga lefatshe le go thubega ga lefatshe ka fa tlase di na le seabe se setona mo seemong sa Hatsalatladi.

A re go thubega go borai mo ditshiding tsotlhe mme e seng gore batho ba ka mediwa ke lefatshe jaaka go akanngwa.

O gakolotse baagi ba motse gore go ya pele, fa go agwa go nne le bogakolodi jwa ba ba lebanyeng go leka go thibela go tloga ba senyegelwa. BOKHUTLO

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%