A Mogoditshane o ka fetoga go nna toropo
Source : Kutlwano
Author : Idah Basimane
Location : Mogoditshane
Event : Potsolotso
Mogoditshane ke motse-setoropo o o itsegeng thata mo Botswana o o fitlhelwang mo kgaolong ya Kweneng, gaufi thata le toropokgolo Gaborone.
Le fa tota one o simolotse e le motse selegae, o gola ka bofefo ka ke moka e le ntlha nngwe ya Gaborone.
Leina Mogoditshane ba le bantsi ba le amanya thata le noka ya Segoditshane e e ralalang motse o.
Mogadishu kana Sgadishu jaaka bangwe ba o bitsa fa ba o reta, o na le merafe e e farologaneng e e fetotseng motse o lefelo la bonno jwa bone, bontsi e le ba ba berekelang kwa Gaborone.
Mafelo a itloso bodutu jaaka kwa The Millennium Jazz Restaurant, Trackers Nite Club, Russia, Phindani le Mokwetjepe bar ke mangwe a mmamoratwa mo motseng ono.
Dithoto le ditirelo mo marekisetsong ka bontsi a Mogoditshane di tswewa ka ditlhwatlhwa tse di ko tlase, dikago le tsone go sa kgathalesege gore ke tsa bonno kana ke marekisetso, di ditlhwatlhwa di ko tlase.
Mogoditshane o na le ditlhabololo tse di farologaneng jaaka dikolo, dikago tsa botsogo, matlo a phiriso, dikgwebo tsa marekiso tsa dikoloi tse di rekwang kwa mafatsheng jaaka Japan, South Korea, China, Durban le a mangwe, tsotlhe e le tse di didirisitsweng (second hand models), dikereke, marekisetso a dithaere
tse di dirisitsweng le dikago tsa matlhatlaganyane.
Mo go tse di sa itumediseng ka motse o, go ka seke go lebalesege borukutlhi jwa mefuta e e farologaneg le diritibatsi.
Go na le dingongorego tsa gore motse o gola go feta mafaratlhatlha a ditlamelo tse di teng jaaka motlakase le metsi le yone kgopho ya metsi.
Gape ka motse ono o pitlaganye, go na le letshwenyego la gore mafelo mangwe a na le leswe le le ntsi gammogo le matlakala.
Palo ya batho e oketsegile go tswa mo go 57 637 ka 2011 go ya kwa go 88 098, go ya ka pego ya palo ya batho ya 2022.
Fela jaaka ko mafelong a mangwe, puso e rotloetsa go tsenya letsogo mo mananeong a ditlhabololo, jaaka a banana, mananeo a temo-thuo le a go phepafatsa tikologo go tokafatsa itsholelo ya motse le kgaolo ka kakaretso.
Fa o ka jela motse o nala, o ka lemoga gore boeteledipele jwa motse bo tsweletse ka go baakanya ditsela, bogolo jang tse di senyegileng ka ntlha ya dipula, go tsenya mesele ya metsi a pula (drainage systems), go tlhabolola dikago dingwe mo go dirwang ke dikompone tse di ikemetseng le go katolosa ditsela tse di tsenang mo gare ga motse.
Bagwebi potlana ba ba mo thoko ga ditsela (street vending) ba rotloediwa go nna mo bophepeng mme ebile go na le go lwantsha borukutlhi ga banni ba motse ka go ipopa ditlhopha tsa dicluster.
Monni wa Mogoditshane Brian Morumisa, yo o dingwaga tse di masome a mararo le boraro a re o wela mo ga ba ba reng motse wa Mogoditshane o tshwanetse wa hetoga go nna toropo.
A re o seka wa dirwa township, mme e nne toropo ka ntateng ya kgolo ya palo ya batho, mafelo a magolo a marekisetso, madirelo a dithoto a matona le dikago tsa bonno tsa matlhatlaganyane
Morumisa a re ba ba nang le leruo, a ba batlelwe lefatshe fa ba ka ruelang teng, mme go gagamadiwe melao leruo letswe mo toropong.
Kenny Ramphaleng wa dingwaga tse di masome a mane le botlhano ene a re go santse go santse go na le lefatshe le lentsi le le ka dirisediwang le go aga mafelo a bojanala.
Mpho Gokonwang wa digwaga tse di masome a mane o supile fa marekisetso a dikoloi a mantsi mo Mogoditshane a tsisa mebereko.
O bolela fa ditsela di fetogile melatswana, mme dikgwa tse go latlhelwang matlakala mo go tsone gape di fetogile bonno jwa magodu.
A re gore dirisiwa ga molao go ka baakanya gore dikgwebo tsa dikoloi di bewe fa kae, dikgwebo tsa dithaere tse di diritsweng di bewe fa kae, jalo jalo.
“Batswakwa ba lwela diphatlha tsa di business le rona. Bontsi jwa dimausu ke tsa batswakwa. Batswana bangwe ba rekisitse ditsha tsa bonno ba di neela batswakwa gore ba dire mafelo a marekisetso a dikoloi. A melao e dirisiwe go bopa seemo sa Mogoditshane,” go bua jalo Gokonwang.
Moagi wa Mogotshane Block 10, Dipuo Moseki ene o lela ka leswe la motse a gatelela go saila ga leruo mo motseng,
“E setse e kare re nna mo merakeng. Bogodu ke jwa dithoto, loruo, megala ya metlakase, mme fela melao e ka thusa go bopa seemo se, go ka dira gore re nne le toropo ya Mogoditshane e e nang le seriti.” BOKHUTLO










