Babina Thakadu ba ntse ba tshwere ka thata

Source : Kutlwano

Author : Idah Basimane

Location : Tlokweng

Event : Moletlo wa ngwao

Babina thakadu (ant-bear), e leng Batlokwa ba ne ba kopane ngwaga tlola go itumelela dingwaga tse di lekgolo masome a mane le botlhano motse le morafe wa Tlokweng di ntse di le teng.

Kgosi Gaborone I, fa a ka bo a santse a le teng mo botshelong, o ka bo a le dingwaga di le makgolo a mabedi.

Go ne go kopane Batlokwa go tswa Lesotho, Aforika Borwa ba ga Kgosi Motlaleng le ba bangwe ba ba binang Nkwe. 

Ditso di supa fa Batlokwa ba nnile mo lefelong le gompieno le bidiwang Tlokweng ka dingwa tsa bo 1880, ba goroga foo ba eteletswee pele ke Kgosi Gaborone I. 

Ba ne ba tswa kwa mafelong a mangwe ba tshaba go gapelwa lefatshe ke merafe e mengwe e e farologaneng kwa Aforika Borwa.

Tshedimoso ya ditso e bolela ba ne ba tswa kwa mafelong jaaka Rathateng gaufi le noka ya Elands, go bapa le dithaba tsa Mareteletse kwa Aforika Borwa. 

Ba ne ba feta ba nna ka fa tlase ga ga Kgosi Sechele I wa Bakwena, mme kgabagare ba fiwa lefatshe le toropo ya Gaborone e leng mo go lone gompieno.

Ke morafe o o nang le ditso tse di melediwang mathe ke merafe e mengwe fela jaaka go bonala mo lebokong la bone.

Leboko le le bua jaana; ‘Ba ke ba kwa Moshaweng wa ga Matlale oo sekoti, wa ga Matlale-a-Matlapeng. Go bokile rre Kgamane-a-Mogapi. Ka kwa kgorong ya bo Rrapedi-a-Meswele. Ka kwa kgorong ya bo Piti le Ramokele. A na le rre Montsho-a-Segokgo.’ 

Ditemana tse tsa leboko di tsatsanka borara jwa ba Batlokwa. Ke bone ba ba agileng go le thata fela jaaka go ithutiwa mo ditsong tsa Botswana ka fa dikgosi tse tharo ba lwetseng kgololesego ya lefatshe la Botswana. 

Tapologo Molefe, yo o dingwaga di masome a matlhano le boraro, ele moagi wa Tlokweng, o gateletse fa moletlo o o tshwaya boitumelo jwa go lemoga dingwaga tse makgolo mabedi tsa ga Kgosi Gaborone I. O tsweletse a bolelela fa moletlo wa go nna jaana o o kopanyang Batlokwa go tswa mo mafelong a a farologaneng o tlisa tshwaragano, lorato, mowa wa bojammogo le gone tota go supa gore Batlokwa ba na le boeteledipele jo bo nonofileng.

Pearl Batlokwa, monana wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe, a re fa banana ba ka ithuta dingwao tsa merafe ya bone, ba ka thusa go tsholeletsa serodumo sa lefatshe la Botswana le jone tota bojanala. 

A re dingwao di dintsi thata tse Batlokwa ba ikgantshang ka tsone, go balelwa go bolokwa ga baswi mo malwapeng. 

O tladitse ka gore mo merafeng ka go farologana, bokopano jwa mofuta o bo ka tsosolosa mowa wa go etelelana, eseng fela mo go tsa ngwao mme le tshwaragano mo di kgwebong tse di farologaneng.

Mmalebina Setoromane, yo o dingwaga di le masome a mane le boraro, e le Motlokwa yoo tswang Buthabuthe ko Lesotho, o boletse fa a itumeletse go bona Batlokwa ba Botswana. 

“Ke motlotlo go tla go amogana ditso tsa rona ba bontsi re binang nkwe le Batlokwa ba Botswana,”go bolela jalo Setoromane.

Go tswa ko Free State ko Qwaqwa ko Aforika Borwa, Matjele Matselele wa dingwaga tse di masome a matlhano le borobabongwe a re ene o tsamaya le Batlokwa ka gore o batla go godisa serodumo sa Setlokwa ka jaana ene tota e le Motebele go tswa Mphumalanga. 

A re le fa go ntse jalo, go na le Batlokwa ba ba fitlhelwang kwa QwaQwa. O boletse fa a lebogela Matebele ba ba fitileng ba tshola morafe wa Batlokwa ka lorato le kagiso fa ba ne ba goroga ba tswa Kwa-Zulu Natal mo dingwageng tsa bogologolo. 

O tsweletse a re ka ntata ya lorato lo lo kana, mo nakong eno o ipitsa Motlokwa yo o binang nkwe.

Maikano Mopaki Batlokwa, yo dingwaga di masome a marataro le boraro e ne o ne a itumetse mo a feletseng a ipoka go supa lorato mo ngwaong ya Setlokwa: 

“Ke mosetsana wa sekhutla se se ntsho sa Matebele a Mma-Seadingwane, ko ditshwegeng tsa ga Mma-Bogatsu ko maruleng a mararo. Ke lefifatshwana la go rekwa ka kgomo. Kana ke ba ga Mmusi mmolaya moapei, Moapeinyana a sala a lela. Ba ga nkwenyana o a pereng, o apere tau.”   

Fa a ntsha la gagwe, Kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso Gaborone o ne a tlhalosa ha tiro ya dikgosi e le go bopa motho go tsaya karolo mo go tlhabololeng morafe, tiro e e simololang mo malwapeng.  

“We are a unique tribe fa go lebelelwa tebelopele ya bogosi mo morafeng wa Botswana,” go bolela jalo Kgosi Puso.

Tona wa Lephata la Ofisi ya ga Tautona, Iphemelo le Itshireletso Rre Moeti Mohwasa a re Batlokwa ba dirile gore go bo go na le toropo ya Gaborone. 

A re morafe wa Batlokwa o tshwanetswe go a kgolwa, ka gore le lefatshe le ba ka bong ba le dirisetsa go lema le ditlhabololo tse dingwe, ba lentshitse setlhabelo go nna boremelelo jwa ditlhabololo tsa Batswana botlhe. 

“Re lebogela gape gore Batlokwa ga ba letlelela gore dingwao tsa bone di metswe ke ditlhabololo. Ka jalo, lo tshwanetse go tswelela le itumelela tshwaragano ya lona lo le Batlokwa,” go bua jalo Tona Mohwasa.

A re puso ya gompieno e dumela gore dikgosi di nne le seabe mo tsamaisong le merero ya lefatshe. 

O gakolotse Batlokwa fa ditso tsa bone ditshwanetse go ba thusa go tlhabolola lefatshe la bone. BOKHUTLO

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%