A thotse e santse e jewa
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : Molapowabojang
Event : Potsolotso
Bakwadi ba Kutlwano, Ndingililo Gaoswediwe le mokapa ditshwantsho Phenyo Ramatu ba ile ba tsaya loeto le motlhala wa lone eneng e le go latedisa kwa thotse e namalaletseng teng.
Ya namalala mebila ya go wela ko motseng wa Molapowabojang. Kgosi Kedirile Letshabo a bo a le malala a laotswe, a phuthile makolwanyane le makgarejwana a maloba go tla go tsharolola kgang e ya thotse.
Bogologolo tala, e ne e re fa moeka a le kwa a teng a batle molemo wa thotse, e re fela fa a lebile lelwapa a o goge mme a simologelwe ke go ethimola.
Ba ba kwa lwapeng, ebong mosadi le bana e re ntswa ba sa goga molemo o, le bone ba simolole go ethimolaka.
Eeeeethi! Eeeeethi! Se, e tlaa bo e le sesupo sa fa tsotlhe di apere tshiamo, go tlhalosa lebutswa la motse wa Molapowabojang Rex Masegwana.
Mme se, e a bo e se thao ya thotse, go ya ka Kgosana Odirile Pema. Pele ga ngwao e nyelele, go ne go na le lenaka la kgotla.
“Kgotlana nngwe le nngwe e ne e na le lenaka la yone le nna kwa mogolong, mme go na le nako e basimane ba bidiwang go ya dikgotlaneng go ya go goga lenaka le,” a tlhalosa Kgosana Pema.
Tsamaiso e nngwe e ne e le gore ka ngwao ya Sengwaketse, rrenyana o ne a sa tshwanela go agela wa mmenyana lelwapa pele a mo gorosa.
O tlhalosa fa ngwao ya thotse e a kayang e le tiriso ya melemo ya setso, e tshwanetse go nna mothao wa lwapa lwa boo babedi.
“E a bolaya, ga e ome,” go tlhagisa Kgosana Pema, yo o tsweletseng a bua fa e ila rre, ngwana le mme.
A re fa rre kana mme yo o fetileng ka thulaganyo e, a ka tsietsa, o kgona go kubugelwa ke tlhogo e e ka mo phirimisetsang letsatsi.
Masegwana a koma ka tlhogo, se e le sesupo sa gore thotse e borai, ka e kgona go tlhasela bana, lelwapa le tswalwe ka letlhaku, a tlatsa ka gore go ethimolola mo, fa go dirwa molemo wa thotse e a bo e le go phatlalatsa loso.
Mme sentlentle thotse ke eng ebile e jewa ke bomang? La bo le eme sentle lebutswapele, Gaahele Dikoloti, a simolola fela ka go gatelela fa thotse e le bolwetse e bolaya.
A re thotse (monna le mosadi ba ba nyalaneng ba tlhakanela dikobo) e jewa ke banyalani ka letsatsi la ntlha la ngwaga mme thulaganyo e e dirwa ke bao ba nyalo ya bone e thaetsweng mo tsamaisong e.
E re ntswa ngwaga di ile, le puo e setse e nna bonya, Dikoloti ga a gakwe ke sepe ka a tlhalosa gore bolwetse jo bo kile jwa ama lelwapa la gagwe.
A re ngwaga ke ole, a le motsetsi, rraabo a nna kwa Digawana ene a le mo gae, keresemose e fete go le monate. Ngwaga o mosha o goroge o bo o tlolwe ke dipeba.
Tsatsi lengwe, Dikoloti a re moeka a goroge, morago a phutshaphutshe dikeledi fa ene a ne a tlhokomologa a tseela fa a fatlhiwa ke mosi. Nnyaya! Kante golo fa kgang ke thotse e mo khinne maoto.
A ntsha mosi ka sekhurumelo, a ikaya fa a ne a bona nkadilatlha mongwe mme a mo file molemo wa thotse o ka nako eo a neng a o tlhafuna a o goga.
Boo bobedi ba seka ba dumalana gore wa mmenyana le bana ba goge molemo go fitlhela ba lelwapa ba ba neng ba le foo ba tsibosa Mme Dikoloti ka bodiphatsa jwa thotse.
Ka jalo, ba goga molemo oo, ya nna ekete ba mo phadisanyong ya go ethimola.
“Go tloga ka letsatsi leo ka bona gore thotse e bosula e a bolaya,” ga bua Dikoloti.
Go re thotse e anamela jang kwa baneng ke masaitsiweng mme Masegwana a re fela fa mongwe wa banyalani a ka iphitlha, go kgona go ama bana mme dikai tsa bolwetse jo di tshwana le tsa mhikela.
Boitumelo Ntoko a re Malwelanaga ba arogane le bone gore fa mme a tsewa, o gorosetswa kwa ga matsale, kwa e tlaa reng morago monna a mo agele, mme banyalani ba ya go tsenngwa kwa lwapeng la bone ke ngaka ba dira thotse.
O tlhalosa gore fa go dirilwe jaana, mosadi ga a tshwanela gore e re le fa e le ka letsatsi lepe a tsenye monna ope mo lwapeng.
Mme Ntoko a re se se ne se dira manyalo a pele a itshetele ka bagolo ba ne ba na le tebelopele, a re ntle le ditlhare tsa setso, thulaganyo e e ne e rotloetsa maitsholo a mantle mo lenyalong.
Monana, Tuelo Kgomoyarona a re ka motho a sa itsiwe e se naga, thulaganyo e, e ne e le gore fa wa rre a goroga a tswa makgoeng, a gorogele kwa ga mmaagwe pele.
Ke gone go tlaa bong go batliwa ngaka go ya go mo gorosa kwa lwapeng la gagwe go tima epe melelo e e ka tswang e le teng.
Baitse ba dilo tsa pele ba, ba supile fa bagolo ba ne ba kgona go lemoga fa mpuru a faretswe, mme go batliwe ngaka ya setso go tla go thusa.
Ba re fa thotse e ka se lemogiwe di tloga, e kgona go iphetola thibamo.
E re ntswa thotse e sa tlhole e le teng, a dumalane ka bongwe jwa pelo matlhogopuswa gore fa ngwao e ka boelwa, tsotlhe di ka apara tshiamo le go tila dintsho tse di kekelang jaaka molelo wa mariga. BOKHUTLO










