Maololo, Via Mail
07 November, 2013
A ke bolelele mama gore papa o robetse lenna?
	MMAMALOME,Ke na le dingwaga di le masome a mabedi. Papa o kile a nkitaa a bo a nkgolafatsa a bo a isiwa toronkong. Mama ke fa a nna a nkomanya a re ke nna ke dirileng gore papa a ye toronkong. Erile morago ga ngwaga tse pedi papa a bo a gololwa a boela lwapeng. O nna fela a le bogale mo go nna ebile o simolotse go mpetelela. Ke tshaba go bolelela mama mo ke setseng ke akanya go itseela botshelo. Ke dire jang?
	
	KARABO
	Setlogolo, Ke maswabi ka se se go diragaletseng mme ebile ke swabisiwa ke gore mme mmaago o itebatsa Setswana se se reng “ mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng”. Jaaka motsadi wa ga go, maikarabelo a pabalaesego ya ga go a mo magetleng a gagwe mme go a swabisa go bona gore o beile lenyalo kwa pele ga dikeletso tsa bana ba gagwe. Se se go diragaletseng ga se se se ka itlhokomolosiwang. Go itseela botshelo ga se tharabololo ya mathata. Ke go gakolola go begela masika kana ba boipelego ba tle ba go thuse go bona tharabololo ya mathata a gago.,









                    
                    
