Eva in Lobatse

23 December, 2013

Ke na le mathata a go tsietsa le go bua maaka

Mmamalome

Ke batla go bua nnete mmamalome ka tsholofelo ya gore o tla a nkgakola o sa nkgale o lebeletse ditiro tsame. Ke lekgarebe la ngwaga di le masome a mararo mme ke na le bothata jwa go tsietsa ntswa ke kgona go bona gore mokapelo wame o a bo a ipheditse.  Ke na le dingwaga di le thataro ke le mo kgolaganong le rre mongwe mme mo kgweding e e fetileng ke mo tsieditse go ka nna gararo le borre ba ba farologanyeng. Se se nkutlwisitseng botlhoko le go feta ke gore maloba mongwe wa basimane ba ditsala tsame o ne a nketetse mme ra felela re dirile sengwe. Ke dirile se mokapelo wame a ile kwa ga bone mme malatsi a ga ke sa tlhole ke mo rata jaaka pele ebile ke bona e kare ga a sa tlhole a le montle jaaka pele. Ke na le bothata tota, go motlhofo gore ke bone basimane mme sebe sa phiri ke gore ke palelwa ke gore nnyaya. Ke kopa thuso. Gape ga ke itewe ke letswalo fa ke dira jaana, godimo ga moo ke bo ke nna maaka, eseng maakanyana, maaka tota.    

Eva, Lobatse 

Setlogolo,

Kgato ya ntlha ebile e le ya botlhokwa ya go rarabolola mathatata ke go lemoga fa o nale bothata. Ke go akgolela seo gammogo le go nna le keletso ya go a rarabololola. Go tsietsa mokapelo go ka go tlela ka ditlamorago tse di seng monate ka o ka iphitlhela o le nosi, o kgaogane le motho yo o neng le ka tsoga le aga motse mmogo. Bodiphatsa jo bongwe ke go tsenwa ke malwetsi a dikobo go balelwa le HIV le kgonafalo ya go a anamisa. Jaanong ke go gakolola go tsaa maikarabelo a go emisa mokgwa wa go tsietsa. O ka ikopanya le mma boipelego go go thusa go lebisisa mabaka a a dirang gore o tsietse le go go thusa gore o dire jang go emisa mokgwa o. ENDS

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%