KB Ramasu, Serowe
23 December, 2013
Re batliseng Abraham Lechaena
Batswana betsho! Ke ikuela mo go lona ke batla thuso.E ne ya re ka ngwaga wa 1991 malomaarona,Abraham Lechaena a inaa naga.Dintsho tsa masika le manyalo a ditlogolo tsa gagwe a diragala a seyo. Fa re ntse re botsa batho,bangwe ba bolela fa a nna ntlheng tsa Boteti,bangwe ba re Molepolole mme bangwe bare Serule. Bagaetsho yo itseng kwa malome a leng teng re leletse mo (+267) 73 066 928, 76 377 335 le (+27) 71 707 0981.
KB Ramasu
Serowe
Setlogolo,
ke tlhaloganya matshwenyego a gago le ba lwapa la gago. A re solofele gore babadi ba tla go thusa go batla malomaalona. BOKHUTLO









                    
                    
