Tshepo
23 December, 2013
Ke tlhoka yo o ka ntlhokomelelang ngwana ke feleletsa dithuto
Mma Malome
Ke mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone. Mma Malome ke kwala jaana ke le mo kutlobotlhokong ka ke ne ka tlhoka lesego ka tshola ngwana yo o bokoa ngwaga tse pedi tse di fetileng. Ke thusiwa ke mme yo le ene a batlileng motho yo o tla a nnang a sala le ngwana fa ke le kwa sekolong ka ene a santse a bereka. Mathata ke gore fa mme yo o salang le ngwana a seo ka mafelo a beke ke tlhoka yo o nthusang ngwana. Fa ke dira tiro ya sekolo ke bo ke kopa mme o nthaya are ene bana ba gagwe ba godile gape ga se ene a rileng ke nne le ngwana. Ke kwala jaana ke kile ka ya go kopa thuso kwa lefelong lengwe kwa bana-le- bogole ba tlhokomelwang teng. Ba re ba ka se mo tsee ka a sale monnye. Ke kopa thuso mo go lona ya gore ke ka bona kae lefelo le eleng gore ba ka mo ntlhokomelela go fitlhela ke fetsa dithuto tsame ngwaga o o tlang.
Tshepo
Setlogolo,
Go nna le ngwana ke boikarabelo jo bo tona segolo bogolo fa ngwana a na le bogole. Maikarabelo a go go disa ngwana a mo go mmangwana le rrangwana ka jalo mme mmaago ga a tlamege go go thusa go tlhokomela ngwana. Lebogela thuso e a go e fang ka go go hirela motlhokomedi wa ngwana. Le fa go ntse jalo buisana le mme mmaago le ba masika go bona gore a ga gona thuso e nngwe e ba ka go e fang mabapi le go tlhokomela ngwana ka mafelo a beke. Mo godimo ga moo o ka ikopanya le bo mmaboipelego go go thusa go batla mafelo a mangwe a a tlhokomelang bana ba ba nang le bogole. BOKHUTLO









                    
                    
