Kabelo, MMADINARE
21 January, 2014
KE IPHITISA DINO
Mmamalome
Ke rre wa dingwaga di le masome a mabedi le bongwe mme ke na le mathata a go nwa bojalwa. Ke simolotse go nwa matute a morara ka 2006 go fitlhela gompieno. Ke lekile go bo tlhanogela mme go padile. Ke ile kwa dikerekeng ke re gongwe go tla nna botoka ga pala. Ke ikuela jaana ka gore ga ke sa tlhola ke nna le madi ka gore fa ke a tshwara fela ke ya bojalweng ka one otlhe. Go tlhoka madi mo jaanong go dira gore ke nwe bojalwa bongwe le bongwe e leng khadi, chibuku le mokoko o ntshebile ka a rekwa ka tlhwatlhwa tse di kwa tlase. Go nna ke tagilwe ke gone mo go dirileng gore le mme yo ke neng ke nna le ene a ineele a bo a boele ga bone ka gore ke nna ke nole hela! Mmamalome nthuse!
Kabelo
Mmadinare
Setlogolo, go dirisa bojalwa ke nngwe ya dilo tse di tshwenyang lefatshe ka bophara. Ditlamorago tsa jone di akaretsa go senyega ga malapa le ditiro gammogo le malwetsi jaaka HIV/AIDS. Mme hela jaaka bothata bongwe le bongwe tshimologo ya tharabololo ke gore motho a lemoge ha ana le mathata mme ebile a na le keletso ya go batla thuso. Go tlogela bojalwa ga go motlhofo mme go ka kgonafala fa motho a na le maikaelelo. Ka jalo ke go akgolela go batla thuso. Ke go gakolola go ikopanya le mma boitekanelo gore a tle a go tshwaraganye le ba bogakolodi jo bo lebaneng ba ba tshwanang le Alcohol Anonymous (AA). ENDS









                    
                    
