Thabo, TONOTA

21 January, 2014

KE ROBETSE LE NGWANA WA MOKAPELO WAME

Mmamalome

Ke step father sa ga Lame, mosetsana wa dingwaga di le masome a mabedi le bone. Ke ne ka sala le ene fa mmaagwe a ile tiriping ka a ne a utlwana le nna a felela ke robala le ene mo kamoreng. Re ne ra felela re ile go sele. Ke rata mmaagwe Lame mo e leng gore go ka se nne bonolo gore ke mo tlogele ka gore re tswa kgakala re wa re tsoga mmogo ebile ke ne ke setse ke akanya go mo nyala. Mmaagwe Lame o tsile jaanong Lame o ntshetse morago are nka se tshameke ka maikutlo a gagwe ebile fa nka se mo neele nako fa mmaagwe a ile tirong o tla mmolelela sengwe le sengwe ka nna le ene! Ke a tle ke etelwe ke mogopolo wa gore a ke mo nose bothole kana ke ye go mo kaletsa kwa sekgweng. Ke kopa thuso gore ke bue jang le Lame ka gore ke tloga ke diragatsa dikakanyo tse di maswe tse!

Thabo

Tonota

 

Setlogolo, ga go na jaaka o ka tila ditlamorago tsa se o se dirileng. Phoso eo ga e a tshwanela go diragala gape ka jalo nna fa fatshe le Mmagwe Lame o mmolelele molato le tsotlhe tse di diragetseng. Ga o a tshwanela go letla Lame a go pateletsa go dira molato o gape, mme go emisa tshotlhe ke gore o bolelele Mmagwe Lame. Go nosa Lame botlhole kana go mo kaletsa e tla bo e le molato yo motona yo o ka felelang o o bolaetswe ka na o tsene mo kgolegelong. ENDS

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%